Ke ka Tokafatsa Jang Kapari ya Me?
ROBERT o tlaletswe! O tshwanetse go ya lenyalong la ga kgaitsadie mme ga a na sepe se a ka se aparang. Ga se gore Robert ‘ga a apara’ jaaka Baebele e bolela. (Jakobe 2:15) Mme diaparo tsa ga Robert tse a tlholang a di apara malatsi otlhe ga di kake tsa tshwanela moletlo ono.
Lefa go ntse jalo, Angela yo mmotlana o tshwanetse go nna teng kwa meletlong e meraro, mme go tlhokega go bo a apere ka tsela e e farologaneng kwa go mongwe le mongwe wa yone. Lefa go ntse jalo, go farologana le Robert, ga a na mathata a a kalo a go bona sengwe se se tshwanetseng se a ka se aparang. Mo ga go reye gore Angela o humile. O kokoantse fela diaparo tse e leng gore o ka kgona go di apara gore a lebege sentle mo maemong a a farologaneng.
Setlhogo sengwe mo makasineng wa Woman’s Day se ne sa bolela jaana: “Diaparo di botlhokwa. Di ka go thusa gore o ikutlwe o kgotsofetse.” Se o se aparang se ka ama thata tsela e ba bangwe ba go lebang le go go tsaya ka yone. Ke ka mabaka a a utlwalang, he, go bo Baebele e re bolelela gore re ikgabise ka ‘diaparo tse di seng maphatsiphatsi, tse di bori, tse di tekano.’ (1 Timotheo 2:9) Fa o le Mokeresete, go botlhokwa thata gore o nne le diaparo tse di tshwanetseng.
Lefa go ntse jalo, a e ka tswa e le gore lefa o na le diaparo tse dintsi, ka dinako tse dingwe, o a tle o fitlhele o sena se o ka se aparang? Bothata ke eng, mme o ka siamisa maemo jang?
Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo ya Feshene
Gantsi bothata ga se go tlhoka madi mme ke matswela a go nna motlhanka wa mekgwa le difeshene tse di fetogetseng ruri tsa lefatshe leno. Buka ya Youthtrends e bolela gore “bagwebi ba lemogile gore basha ba senya madi a mantsi mo diaparong tsa maina a batlhami ba ba itsegeng.” Madirelo a diaparo ka go kgoromediwa ke bopelotshetlha mo go batleng madi, a dirisa dipapatso tsa thelebishene tse di kgatlhang go gogela basha gore ba senye madi—ba a senye, ba bo ba nne ba a senye! Leano leno le a bereka, fa le rotloediwa ke kgatelelo ya bankane. Morutabana mongwe o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Mongwe le mongwe o senya madi a mantsintsi mo diaparong mme basha ba ba sa kgoneng go di reka . . . ba dira morago ga sekolo fela gore ba kgone go reka dibokate tsa maina a batlhami ba ba tumileng.”
Go nna lekgoba la feshene go ka go batla madi a mantsi mme go ka nna ga dira gore o se ka wa kgona go reka diaparo tse di nang le mosola tse o di tlhokang eletota. Ka jalo Baroma 12:2 e fa kgakololo e e molemo fa e re: “Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona.” Go boammaaruri gore go nna yo o farologaneng ga go motlhofo ka metlha. Charlene yo o dingwaga tse 16 o bolela jaana: “Bana ba bangwe kwa sekolong ba a go gakgamalela fa o sa apare jaaka bone.” Lefa go ntse jalo, fa o letla ba bangwe gore ba go bolelele se o tshwanetseng go se dira, o fetoga motlhanka wa bone. (Bapisa Baroma 6:16.) Lekgarebe le le bidiwang Johanna le ipolela jaana: “Ke a kgopisega ka gore ke ikutlwa e kete nako le nako ke aparela go itumedisa mongwe o sele.”
A seno se botlhale ka dinako tsotlhe? Ka sekai, akanya ka mekgwa e digopa tsa mo seterateng di aparang ka yone, ya hip-hop le ya go apara diaparo tse di “makgasa.” Ba bantsi ba apara jaana ka gore mekgwa eno ya go apara e ratiwa ke batho ba le bantsi. Ka tlhamalalo di supa bogale le botsuolodi. A mme go di apara fela ka bogone, ga go kitla go dira gore ba bangwe ba nne le kgopolo e e phoso ka wena? (Johane 15:19; bapisa 2 Bakorinthe 6:4.) Gone mme, go lebega jaaka leloko la segopa sengwe go ka dira gore o bolawe. Ke gone ka moo, dikolo dingwe tsa kwa United States di thibetseng go aparwa ga diaparo tsa mefuta ya digopa. Seno se re ruta eng? Ga go utlwale tota go letla ditsala tsa gago go go tlhophela diaparo, ke gore ka tlhamalalo fela, go laola botshelo jwa gago. Go na le go tlhobaediwa ke kafa o ka ba kgatlhang ka teng, “lekela go lemoga se se kgatlhang Morena”! (Mokwalo o o sekameng ke wa rona)—Baefeso 5:10.
Go Akanyetsa Se o Se Tlhokang
Fa o sena go ikgolola mo kgatelelong ya feshene, o ka simolola go kgobokanya diaparo tse o di tlhokang tota. Ka sekai, nako ya gago e ntsi o e fetsa o le kwa sekolong. Fa e le gore sekolo se o tsenang kwa go sone se na le seaparo sa sone kana se batla gore o apare ka mokgwa mongwe o o rileng, ga o kitla o nna le dilo tse dintsi tse o ka di tlhophang. Mme mo dikolong tse dintsi o kgona go itlhophela, mme go apara ka tsela ya go iketla go tlwaelegile.
Mo seemong se se tshwanang le seo, go ka nna ga bo go se botlhale go itsenya matlho ka go apara baki le thai kgotsa mosese wa go kgaba. O tla batla go apara ka tsela ya go iketla mme o sa lebege o feteletse thata kgotsa o apere botlhaswa. Mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo o bidiwang Millie o ne a dira jalo. Fa a ne a santse a le kwa sekolong, o ne a tila go nna wa ntlhantlha kana wa bofelofelo mo fesheneng. Fa e le gore o mo seemong se se tshwanang, le wena o ka nna wa tlhoka go nna le marokgwe, dihempe le mabolaose a e seng a mokgabo mo gare ga diaparo tse o nang le tsone. Fa e le gore madi a thata go bonwa, di sekae fela tsa dilo tse di ka nna tsa bo di lekane.—Bapisa Luke 10:42.
Fa o lekanyetsa diaparo tsa gago tsa sekolo o ka nna wa salelwa ke madi a a lekaneng gore o kgone go bona dilo tse dingwe tse o di tlhokang. Ka sekai, a o dira felo gongwe kgotsa o na le ditiro dingwe tsa mo gae tse o tshwanetseng go di dira? Fa go ntse jalo, o tlhoka diaparo tse di sa onaleng ka bonako, tse di tla tshwarelelang. Gape o ka tlhoka go nna le diaparo tse di siametseng motshameko. Le mororo, marokgwe a makhutshwane a maina a batlhami ba ba itsegeng le mabolaose a makhutshwane le diteki di ka tswa di le mo fesheneng, o tla lemoga gore diaparo tse di sa tureng le tsone di dira fela se se tshwanang.
Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tla batla go akanyetsa diaparo tse di tshwanetseng tse o di tlhokang tse o ka di aparang kwa dipokanong tsa Bokeresete, ka gonne go apara ka tsela ya go iketla ga go a tshwanela kobamelo. Mo dinageng tse go aparwang diaparo tsa mofuta wa Bophirima, gantsi makau a apara borokgwe, hempe, thai le baki. Makgarebe gantsi a apara mosese kgotsa sekhete le bolaose. Diaparo tse di tshwanang le tseo gape di aparwa mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Go tla ikaega ka tekanyetso ya gago ya madi gore o ka reka diaparo tse di ntseng jalo di le kae. Ga go tlhokege gore o nne le diaparo tse dintsi kgotsa e nne tsa feshene e e tseneng. Di tshwanetse go lebega sentle gape di nne phepa.
Jesu Keresete o kile a ya lenyalong mme le wena o ka nna wa bilediwa go nna teng kwa meletlong mengwe e e rileng. (Johane 2:1, 2) Fa e le gore ka tlwaelo go a kgabiwa fa go iwa kwa meletlong e e ntseng jalo, he, go tla raya gore o nne le diaparo dingwe tse di siametseng seo. “Ke setse ke kile ka nna mo maemong a ke neng ke sa aparela moletlo sentle, mme go ne go se monate,” Johanna o ne a ipolela jalo. Go nna le seaparo sa go kgaba se le sengwe fela bogolo go ka go thusa gore o se ka wa patelesega go se reka ka motsotso wa bofelo.
Go Sekaseka Tse o Setseng o na Natso
O ka nna wa dira se mokwadi Jean Patton a se bitsang go sekaseka mo o bayang diaparo tsa gago teng. (Color to Color) Sekaseka diaparo tsa gago go akaretsa le tse o di beileng kgakala mme o di tlhaole. O ka nna wa fitlhela diaparo tse o neng o di lebetse. Ka nako e e tshwanang o ka nna wa latlha diaparo tse di sa tlholeng di go lekana kgotsa tse o sa tlholeng o di rata.
Go tswa foo, dira lenaane la diaparo, gongwe o di rulaganya go ya ka tse dikgolwane (dijase, disutu, mesese, maboleisara, dibaki), tse di aparwang le tse dikgolwane (mabolaose, dijesi, dihempe), le tse di aparwang natso (dikhafo, mabanta, ditlelafo, dihutshe, ditlhako, dibeke, dithai). Lenaane le le tshwanang le leo le go thusa go bona diaparo tse o ka di tlhokang go feleletsa kapari ya gago sentle.
Go Reka Sentle
Mo dinageng dingwe, motho ga a kgone go nna le diaparo tse disha motlhofo. Basha ba koo ba leka thata go tlhokomela diaparo dipe tse ba ka tswang ba na le tsone le go di boloka di lebega sentle gape di le phepa. Go tweng, he, fa o kgona go reka diaparo tse disha? Janet Wallach o bolela jaana mo bukeng ya gagwe Working Wardrobe, “mosadi a ka boloka madi le nako fa a rekile diaparo tsa gagwe ka go di akanyetsa pele le ka maikaelelo.” Seo se a tshwana le mo makaung. Gongwe tekanyetso ya gago ya madi ke e e gagametseng, ka jalo o tlhoka go bala madi a sengwe le sengwe se o se rekang. (Bapisa Luke 14:28.) Mo go ka raya gore o fokotse lenaane la gago la dilo tse o di rekang, mme o reke fela dilo tse di botlhokwa thata. Maitemogelo a supa gore mokgwa o montle ke go dirisa madi a mantsi mo diaparong tse o tla di aparang thata.
The Better Business Bureau A to Z Buying Guide e gakolola jaana: “Dira gore diaparo tse o nang le tsone di nne le mebala eno ya motheo, jaaka botala jo bo tseneletseng, bokwebu, bohibidu jo bo mokgona le bontsho. Tlhopha diaparo tsa konokono tsa mebala eo mme o bolokele dihempe, mabolaose le tse di aparwang natso mebala e e galolang.” Diaparo tse di mebala e e sa galoleng thata di tla nna mo fesheneng lobaka. Ka go dirisa mebala mengwe e e rileng fela o ka kgona go lekeletsa le go itirela diaparo tse disha.
Diane 14:15 e bolela jaana: “Senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle,” mme go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya dilo tse o di rekang go ka go thusa go tila go reka dilo tse o sa di rulaganyetsang. “Nako le nako fa ke ya go reka ke tsaya lenaane la dilo tse ke yang go di reka,” go bolela jalo lekgarebe lengwe. Gape gakologelwa gore fa nako e ntse e tsamaya, go thusa tota go tlhopha diaparo tsa boleng, e seng fela tse dintsi. Seaparo sa boleng se ka tsaya dingwaga. “Ke santse ke na le dijesi tse ke neng ke di apara fa ke ne ke sa le mo dingwageng tsa bolesome,” go bolela jalo mosadi mongwe wa moroba yo o nyetsweng. Lefa go ntse jalo, leina la kwa selo se dirilweng teng ga le tlhomamise gore ke sa boleng, mo go ka bonwang sentle fela ka go tlhatlhoba seaparo ka kelotlhoko.a
Fa go tliwa mo ditaeleng o nne yo o lekalekaneng. Mosese wa mokgabo kgotsa sutu ya banna e tla nna e le mo fesheneng ka dinako tsotlhe. Setaele se se feteletseng sa go apara se tswa mo fesheneng thata ka bonako. Amelia Fatt mo bukeng ya gagwe ya Conservative Chic, o kwala jaana: “Diaparo tsa setaele se se sa fetelelang di motlhofo go di apara le dilo tse di tsamaelanang le tsone, go di apara le mo ngwageng o o latelang, e bile o a bo o sa senya madi.”
O se ka wa lebala gore batsadi ba gago ba na le boitemogelo jwa dingwaga tse dintsi mo go rekeng diaparo. Dingwe tsa dilo tse o di ratang di ka tswa di farologane thata le tse ba di ratang, mme mo dilong tsa motheo o ka nna wa bo o dumalana le bone mme o sa lemoge. “Mmè o ne a re thusa go itse go tlhopha diaparo sentle nna le morwadiarre,” Angela o gakologelwa jalo. Fa nako e ntse e ya le ka bopelotelele, le wena o ka kgona go nna le diaparo tse di siameng. Gongwe ga o kake wa tlhola o re, ‘ga ke na se ke se aparang!’
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . Sephiri sa go Tlhopha Diaparo Tse di Siameng ke Sefe?” mo tokololong ya rona ya Seesemane ya October 8, 1989.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Sa ntlha sekaseka tse o setseng o na natso