LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 2/8 ts. 28-30
  • Ke Eng fa ke Ikutlwa Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa ke Ikutlwa Jaana?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Tlholego Kgotsa ke Maikutlo a a Rotloediwang?
  • Mabaka a Tikologo
  • Rre le Morwa
  • Kgang ya Boitsholo
  • Bosodoma—A Tota bo Maswe Thata Jalo?
    Tsogang!—1995
  • Nka Dirang Gore Ke se Ikutlwe Jaana?
    Tsogang!—1995
  • A Bosodoma bo ka Tsamaya bo Amogelesega?
    Tsogang!—2012
  • Nka Tila Jang go Kgatlhegela Batho ba Bong o bo Tshwanang Le Jwa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 2/8 ts. 28-30

Basha ba Botsa Jaana. . . 

Ke Eng fa ke Ikutlwa Jaana?

“Ke utlwa e kete go a lowa mo teng ga me. Ga ke itse gore ke tshabele kae.”—Bob.

MEGOPOLO ya basha ba bantsi e boga ka tsela e e ntseng jalo. Go farologana le balekane ba bone ba ba kgatlhegelang ba bong bo sele thata, bone ba iphitlhela ba kgatlhegela ba bong jo bo tshwanang le jwa bone thata. Ba bantsi ba utlwa botlhoko thata fa ba tla go lemoga seno.

Mmè mongwe o ne a bolela jaana ka morwadie: “O ne a simolola go lwala, o ne a sa kgone go ja kgotsa go robala mme o ne a tshwenyega le go fetofetoga maikutlo thata. E bile o ne a leka go ipolaya.” Ke eng se se bakileng matshwenyego a? “O ne a batla go dira Bosodoma le mosetsana yo mongwe.” Ba bangwe ba ka nna ba thatafalelwa ke go fenya go rata go dira ka tsela e e ntseng jalo. “Fa ke ne ke ise ke tsene mo dingwageng tsa bolesome,” go ipolela jalo lekawana le re tla le bitsang Mark, “ke ne ka simolola go tlhakanela dikobo le basimane bangwe ba ditsala tsa me. Ke ne ka dira jalo le fa ke tsena mo dingwageng tsa bosha go fitlha ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mme ka dinako tse dingwe maikutlo ao a a phoso a ne a ntshwenya.”

Ke eng se se dirang gore mosha a kgatlhegele motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe? Mme mosha o tshwanetse go dira eng fa e le gore o tshwenngwa ke maikutlo a a ntseng jalo?

A ke Tlholego Kgotsa ke Maikutlo a a Rotloediwang?

Mo malatsing a gompieno batho ba bantsi ba re basodoma ba tshotswe ba ntse jalo le gore mokgwa o ba o ratang thata wa tlhakanelodikobo ga o kake wa fetolwa. Ka sekai, makasine wa Time o ne wa itsise selo seno se se gakgamatsang: “Patlisiso nngwe e ntšha e akantsha gore maboko a banna ba basodoma le banna ba ba tlhakanelang dikobo le basadi mmogo le banna ga a tshwane.” Lefa go ntse jalo, patlisiso eno e dirilwe mo banneng ba ba bolailweng ke AIDS. Ruri seno ga se supe gore ntlha eno e boammaaruri!

Thuto e nngwe e akaretsa dihoromone. Borasaense ba etse tlhoko gore dipeba tse go batlisisiwang ka tsone mo laboratoring tse di sa fiweng dihoromone tsa senna di ne tsa supa mekgwa ya go gwela ya “sesadi.” Ba ne ba swetsa ka gore mebele ya basodoma e ka tswa e dirwa ke bogole bongwe jo ba tsetsweng ka jone—ba nna le dihoromone tse dintsi tsa bonna kgotsa di sekae fela pele ga ba tsholwa. Lefa go ntse jalo, borasaense ba bantsi ba dumela gore mokgwa o o sa tlwaelegang mo dipebeng ke tsela fela e di nnang ka yone go ya ka maemo—ga se gore tota ke ‘bosodoma.’ Mo godimo ga moo, batho ga se dipeba. The Harvard Medical School Mental Health Letter e ganetsa jaana: “Ga go kake ga kgonega gore dihoromone tsa pele motho a tsholwa di ame . . . keletso ya tlhakanelodikobo ka tsela e e tshwanang le e dipeba di itshwarang ka yone fa di gwela.”

Gape go ile ga ithutiwa thata ka dijini. Mo gare ga basodoma ba banna le ba basadi ba ba nang le mawelana a a tshwanang le bone, sephatlo sa mawelana a bone ka go tshwana ke basodoma. Ka gore mawelana a a tshwanang a na le dijini tse di tshwanang, go ne go lebega go utlwala go swetsa ka gore go sa nne ga bone ka tsela ya tlholego go dirilwe ke jini e e sa itsiweng. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore sephatlo sa mawelana a basadi e ne e se basodoma. Fa e le gore mokgwa o ka mmatota o ne o le mo dijining, a mawelana otlhe a ne a tla se ke a nne le one? Go boammaaruri gore dijini le dihoromone di ka tswa di na le seabe sengwe. Lefa e le gore go ntse jalo, Scientific American e begile se se lemogilweng ke bangwe gore bosupi bo “akantsha ka mo go nonofileng thata gore tikologo e tlhotlheletsa mokgwa o motho a o ratang thata wa tlhakanelodikobo ka selekanyo se segolo.”

Mabaka a Tikologo

Akanya ka tikologo ya Greece wa bogologolo. Ka go bo ba ne ba rotloediwa ke ditlhamane tsa tlhakanelodikobo tsa medimo ya bone ya masaitsiweng, mekwalo ya borafilosofi ba ba tshwanang le Plato, le mokgwa wa lefelo la boitshidilelommele kwa basha ba neng ba ikatisa teng ba sa apara, bosodoma bo ne jwa dirwa ka matlhagatlhaga mo gare ga Bagerika ba maemo a a kwa godimo. Go ya ka buka ya Love in Ancient Greece, “kwa Crete go ne go tsewa go tlhabisa ditlhong gore mosimane yo o tsholetsweng mo bathong ba maemo a a kwa godimo, a se ka a nna le moratiwa [wa mosimane].” Ga go na jini kgotsa horomone epe e e sa itsiweng e e dirileng gore dilo di senyege thata jaana. Go ne ga anama thata ka gore ngwao ya Segerika e ne e go letlelela, ee, e go rotloetsa! Seno se tlhalosa sentle ka fa tikologo e ka nnang le seabe se se nonofileng ka teng.

Kwantle ga pelaelo, go anamisiwa thata ga megopolo ya bosodoma mo bathong ba e seng basodoma go dirile gore kgopolo eo e aname thata gompieno. Go buiwa thata ka bosodoma mme e se ka tlhamalalo mo thelebisheneng, mo dibaesekopong, mo mminong le mo dimakasineng. Thelebishene ya kheibole e file basha ba bangwe sebaka sa go bogela difilimi tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Mekgwa ya go apara le go ikgabisa e e dirisiwang ke banna le basadi ka go tshwana e tlwaelegile. Baitse ba bangwe gape ba akanya gore megopolo e e kgatlhanong le banna e e rotloediwang ke batho ba ba emelang ditshwanelo tsa basadi e gakaditse mokgwa wa bosodoma jwa basadi. Basha gape ba ka nna ba tlhotlhelediwa ka tsela e e bosula ke bankane ba ba tsenang sekolo le bone ba ba buelelang mokgwa wa botshelo wa bosodoma.—1 Bakorinthe 15:33.

Rre le Morwa

Ka dinako tse dingwe, dilo tse di phoso tse di dirwang mo legaeng le tsone di lebega di na le seabe se segolo thata, segolobogolo mo basimaneng.a Rre o na le seabe sa botlhokwa mo go goleng ga maikutlo a ngwana. (Baefeso 6:4) Buka ya Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa e bolela jaana: “Tlhotlheletso ya dinonofo tsa senna ya ga rre e ka dira tlatseletso e e tlhokegang mo kgolong ya botho jo bo feletseng sentle, jo bo lekalekaneng.”b Gape mosimane o tlhoka go anaanelwa, go ratiwa le go amogelwa ke rraagwe. (Bapisa Luke 3:22.) Go ka diragalang fa rre a palelwa ke go tlhokomela ngwana wa gagwe ka tsela eno e a e tlhokang thata? A ka tshwenyega thata mo maikutlong. Mokwadi wa botsogo jwa tlhaloganyo Joseph Nicolosi o bolela gore bosodoma jwa banna “gantsi bo tlisiwa ke fa go na le mathata mo lelapeng, segolobogolo fa gare ga rre le morwawe.”

E ka tswa e le gore mmè o senyetsa boemo kwa pele ka go sa dire ka botlhale a tseela monna wa gagwe kwa tlase kgotsa ka go batla go laola morwawe thata. Patlisiso nngwe ya basimane ba ba itshwarang sesadi e ne ya akgela jaana: “Batsadi bangwe ba ne ba eleditse go nna le mosetsana e seng mosimane mme ba ne ba rotloetsa morwa wa bone ka bonokwane gore a apare jaaka mosetsana kgotsa ba mo apesa jalo.”

Mo ga go reye gore batsadi ba tshwanetse go tshwaiwa phoso ka ntlha ya maikutlo a e seng a tlholego a keletso ya tlhakanelodikobo. Banna ba bantsi ba ba godisitsweng ke bommè ba ba laolang thata le borre ba ba neng ba ba tlhokomologa, ba ba neng ba se ka ba nna teng kgotsa ba ne ba ba sotla, ba kgonne go nna le botho jwa senna sentle fela. Mo godimo ga moo, ga se gore botlhe ba ba nang le ditshekamelo tsa bosodoma ba tswa mo malapeng a dilo di sa tsamaeng sentle mo go one. Legale, go bonala basimane ba bangwe ba gobala ka tsela e e rileng. Dr. Nicolosi o bolela jaana: “Ka ntlha ya go tlhokomologiwa ke rragwe a sa ntse a le mmotlana . . . , mosodoma o nna bokoa le go tlhaela dinonofo tsa bonna, tse e leng, maatla, go supa bonna jwa gagwe le nonofo. O kgatlhegela nonofo ya bonna a tlhotlhelediwa ke go kgaratlhela go nna le nonofo ya bonna.”

Lekawana lengwe la Mokeresete le le bidiwang Peter le bolela jaana: “Rre o ne a tshwakgotswe ke bojalwa mme gantsi o ne a betsa mmè le rona bana. Fa ke ne ke na le dingwaga tse 12, o ne a tlogela legae. Ke ne ka ikutlwa ke tlhoka rre tota. Ke ne ke eletsa malatsi otlhe go nna le mongwe yo o neng a ka nna jaaka rre. Kgabagare, fa ke ne ke nna tsala ya monna mongwe yo o molemo wa Mokeresete yo ke neng ke akanya gore o ne a tla thiba phatlha eo, ke ne ka simolola go eletsa go tlhakanela dikobo le ene.”

Se se kgatlhang ke gore batho ba bantsi ba e leng basodoma ke bao ba ileng ba sotliwa ka go tlhakanela le bone dikobo fa ba ne ba sa le bana.c Go sotliwa mo go ntseng jalo go ka gobaletsa mmele le maikutlo ruri. Mo go ba bangwe, jaaka mokwadi mongwe a ne a tlhalosa, go ka dira gore ba “lebe bong jwa bone ka tsela e e phoso.” Seno ka phepafalo, se ne sa diragala kwa Sodoma wa bogologolo, kwa basimane ba neng ba supa keletso e kgolo thata ya boitsholo jo bo sa siamang. (Genesise 19:4, 5) Ka phepafalo, e ne e le matswela a go sotliwa ke bagolo.

Kgang ya Boitsholo

Borasaense ba ka nna ba se ka ba tlhola ba tlhalosa gore tsela e motho a tsetsweng ka yone le e maikutlo a neng a rotloediwa ka yone e na le seabe sefe mo go kgatlhegelaneng ga batho ba bong jo bo tshwanang. Mme go na le sengwe se se phepafetseng: Batho botlhe ba tshotswe ba na le mokgwa wa go ineela mo dikakanyong le mo go rateng dilo tse di phoso.—Baroma 3:23.

Mosha yo o batlang go itumedisa Modimo o tshwanetse go dira dilo go ya ka melao ya Gagwe ya boitsholo mme a tile boitsholo jo bo maswe, lefa go dira jalo go ka nna botlhoko thata. Go boammaaruri gore batho ba bangwe ba ka tswa ba le bonako go tsenwa ke mekgwa ya bosodoma fela jaaka Baebele e re bangwe ba “bonako go galefa.” (Tito 1:7) Mme Baebele e ntse e kgala go nna bogale o sa tshwanela. (Baefeso 4:31) Ka mo go tshwanang, Mokeresete a ka se ka a re lebaka la gagwe la go dira boitsholo jo bo sa siamang ke gore ‘o tshotswe a ntse jalo.’ Batho ba ba sotlang bana ka go tlhakanela dikobo le bone ba kopa go itshwarelwa gore ba utlwelwe botlhoko ba re ba “tshotswe” ba eletsa go tlhakanela dikobo le bana. A mme gone mongwe a ka ganetsa gore keletso ya bone ya tlhakanelodikobo ga se ya tlholego? Go tshwana fela le go eletsa go tlhakanela dikobo le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago.

Basha ba ba iphitlhelang ba kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone ba tshwanetse go tila go ineela mo maikutlong a bone. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Baebele e kgala bosodoma ka tlhamalalo jaana? A ruri mokgwa ono wa botshelo o maswe e bile ga se wa tlholego? Fa go ntse jalo, mosha a ka dira eng go o tila? Dipotso tse di tla tlotliwa mo tokololong e e tlang ya Tsogang!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go dirilwe patlisiso e potlana thata ka bosodoma jwa basadi. Lefa go ntse jalo, kwa ntle ga pelaelo, tsela e lelapa le tlhotlheletsang motho ka yone e na le seabe le mo go bone.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

c Go lebega go sotla bana e ne e le lengwe la mabaka a go oketsega ga bosodoma kwa Greece wa bogologolo. Bagolo ba ba neng ba hepisa basimane ba ne ba bidiwa “diphiri”—“se se emelang bopelotshetlha le go tlhaselwa ka bogale.” Bana ba babotlana ba ba neng ba ba tlhasela ba ne ba bidiwa “dikwana.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela