Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang Fa ke Sa Kgone go Nna le Dilo Tse ke di Batlang?
“Go na le dilo dingwe tse tota di leng dintle, mme nka rata go nna le tsone; mme batsadi ba me ga ba na madi a go di reka.”—Mike.
A GO na le dilo tse tota o di batlang mme o sa kgone go nna le tsone? Gongwe o eletsa go nna le radio e ntšha, go nna le ditlhako tsele tse bana ba bangwe ba di rwalang, kana go nna le bokate e ntšha e e nang le leina la motlhami. Bangwe ba balekane ba gago ba na le dilo tseo—e bile ba ikgantsha ka tsone. Ka jalo fa o utlwa gore batsadi ba gago ga ba na madi a go di reka, o ka nna wa utlwa o swaba.
Mme le fa go utlwala gore o ka batla dilo tse di rileng tse di bonalang, basha ba le bantsi ba eletsa ka tsela e e feteletseng go nna le tsone. Go bonala seno se bakwa thata ke metswedi ya tshedimosetso. Diphasalatso tsa thelebishene tse di gogelang, tsa dimakasine le tsa radio di ntsha molaetsa o o reng fa o sa apara diaparo tse di rileng kana o sa dirise dilo tsa maina a a rileng, go raya gore o a ipalela. Ebu, basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba senya madi a a fetang dimilione tse di dikete tse 100 tsa didolara (dimilione tse di dikete di le 563 tsa diranta) ka ngwaga kwa United States fela!
Gape go na le kgatelelo ya balekane. Setlhogo sengwe se se mo makasineng wa Marketing Tools se bolela jaana: “Mo lefatsheng le le setlhogo la bongwana la thaka e tshesane, go tsewa o le yo o saletseng kwa morago ke balekane ba gago ba o batlang go tshwana le bone ga se kgang fela ya gore ga o kgone go dira dilo go ya ka tsela ya bone, kana gore ba a go itlhokomolosa: go bontsha gore o Setlhobogwa.” Ke eng se se supang gore “o tsamaisana le dinako”? Mo go ba le bantsi ke go nna le dilo tse di bonalang tse dintle le tse di leng mo fesheneng. Mme go tweng fa o se na madi a go di reka? “Ruri, ruri, go boima,” go dumela jalo mosha mongwe wa Mokeresete. “Fa o ya kwa sekolong o sa apara seaparo se se nang le leina la motlhami, mongwe le mongwe o go ja setshego.” Mosha yo mongwe o dumela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke sa amogelesege.”
Dikgatelelo tse di tshwanang di ka ama le basha ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologang, koo batho ba le bantsi ba dirang diura di le dintsi gore ba kgone fela go nna le dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. Fa go ntse jalo mo legaeng la gaeno, ka tlholego fela o ka eletsa e kete o ka bo o tshela botshelo jo bo botoka. Fa o kile wa bona dithulaganyo tsa thelebishene le dibaesekopo tsa dinaga tse di humileng, le wena o ka nna wa simolola go batla diaparo, magae le dikoloi tse di jang madi a mantsi tse di phasaladiwang mo dithulaganyong le mo dibaesekopong tseo. E re ka go bonala o ka nna wa se ka wa kgona go nna le dilo tse di ntseng jalo, o ka nna wa betwa ke pelo kana wa tshwenyega thata mo maikutlong.
Go sa kgathalesege gore a o nna mo nageng e e humanegileng kana e e humileng, go galefisiwa le go tshwenngwa ke go bo o sa kgone go nna le dilo tse di rileng go ka go utlwisa botlhoko. Gape go ka dira gore o nnele go omana le batsadi ba gago. Potso ke go re, O ka go itshokela jang?
Go Leba Dilo Tse di Bonalang ka Tsela e e Lekalekaneng
Sa ntlha, ela tlhoko gore ga se go rata ga ga Jehofa Modimo gore batho ba gagwe ba tshelele mo lehumeng kana ba se na dilo tse tota ba di tlhokang. Mo godimo ga moo, Modimo ga a ka a baya Adame le Efa mo thotobolong ya matlakala, mme o ne a ba baya mo tshingwaneng e ntle e e tletseng ditlhare tse di neng di eletsega mo matlhong. (Genesise 2:9) Moragonyana, batlhanka ba bangwe ba Modimo, ba ba jaaka Aborahame, Jobe le Solomone ba ne ba na le dithoto tse dintsi. (Genesise 13:2; Jobe 1:3) Ebu, Solomone o ne a na le gouta e ntsi mme selefera se ne se sa kaiwe e le “sepe” ka nako ya fa a ne a busa!—1 Dikgosi 10:21, 23.
Le fa go le jalo, ka kakaretso bontsi jwa batho ba Modimo ba ne ba se na dilo tse di kalo kalo. Jesu Keresete ka boene o ne a humanegile; o ne a se na le ‘lefelo le a neng a ka latsa tlhogo gone.’ (Mathaio 8:20) Le fa go ntse jalo, ga o ise o ko o bale ka Jesu a ngongoregela gore o ne a se na madi a go reka dilo tse a di batlang. Go na le moo, o ne a ruta jaana: “Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ . . . Gonne Rraalona wa selegodimo o itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.
Seno ga se reye gore fa motho a eletsa diaparo tse di nang le leina la motlhami kana didirisiwa dingwe tsa motlakase Modimo o tla patelesega go mo neela tsone. Modimo o re neela dilo tse re di tlhokang—e seng tse re di batlang. Ke gone ka moo Baebele e rotloetsang gore re kgotsofalele “ditlamedi mmogo le diaparo.” (1 Timotheo 6:8) Mme ke boammaaruri gore ga se selo se se motlhofo go kgotsofalela dilo. “Ka metlha o nna o ntse o tshwanelwa ke go tlhopha mo gare ga dilo tse o di batlang le tse o di tlhokang,” go dumela jalo mosha mongwe yo o bidiwang Mike. Mo godimo ga ditshekamelo tsa rona tsa bopelotshetlha, re tshwanetse go lwantsha tlhotlheletso ya mmaba yo mogolo wa Modimo, e bong Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Mme mangwe a maretshwa a gagwe a a sa bolong go a dirisa ke go dira gore batho ba ikutlwe e kete ba latlhegelwa ke sengwe. Ka gone Efa o ne a tsiediwa ka gore a akanye gore o timiwa sengwe—le fa tota a ne a nna mo paradaiseng e e itekanetseng!—Genesise 3:2-6.
O ka tila jang go wela mo lemeneng la go se kgotsofale? Go ka nna ga utlwala e le selo se se boelediwang kgapetsakgapetsa, mme go na le mabaka a mantsi a go akanya ka masego a motho a nang le one. O se ka wa tsiediwa ke dikgopolo tse di senyang malebana le se o se nang sone. Akanya sentle, mme o ikgakolole se o nang le sone. (Bapisa Bafilipi 4:8.) Mike o bolela jaana: “Go na le dilo di le dintsi tse tota ke di batlang, mme ga ke beye mogopolo mo go tsone.”
Gape go a thusa gore o se ka wa dumelela diphasalatso tse di tsietsang go go gapa maikutlo.a (Diane 14:15) Pele o dira tshwetso ya gore o tla “swa” fa o se na diteki tseo tse disha kana seletswa sa compact disc, leka go sekaseka dilo ka kelotlhoko. Ipotse jaana: ‘A tota ke a se tlhoka? A se na le mosola mongwe? A se ke setseng ke na le sone ga se a lekana?’ O se ka wa tshepa thata diphasalatso tse di rotloetsang gore motho ke motho ka se a nang le sone. Mafoko a ga moaposetoloi Johane a a mo go 1 Johane 2:16 a boammaaruri: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone—ga se thaege mo go Rara, mme se thaega mo lefatsheng.”
Fa Tota o Tlhoka Sengwe
Go tweng fa tota go na le sengwe se o se tlhokang? Pele o bolelela batsadi ba gago ka sone, akanya ka kgang eo pele. Ipaakanyetse go ba tlhalosetsa lebaka la go bo o tlhoka selo seo, o tlile go se dirisa jang, le gore ke ka ntlha yang fa o akanya gore se tla go solegela molemo. Gongwe batsadi ba gago ba tla bona tsela nngwe ya go se tsenya mo tekanyetsong ya madi a lelapa. Mme go tweng fa ba sa kgone, gongwe mo nakong eno e o ba kopang ka yone? O ka nna wa se ka wa nna le sepe se se kalo se o ka se dirang fa e se gore o nne pelotelele. (Moreri 7:8) Tseno ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,” mme batsadi ba le bantsi ba ka se kgone go rekela bana ba bone dilo tsotlhe tse ba di kopang. (2 Timotheo 3:1) Fa o tila go kopa dilo tse di sa tlhokegeng mo batsading ba gago, tota o ka ba tlhofofaletsa tiro eno e e boima.
Le fa go ntse jalo, go ka nna ga tlhoka gore wena o tseye matsapa. Ka sekai, a go na le madinyana a o a amogelang? Ka gone leka go lekanyetsa madi a gago ka kelotlhoko e le gore o kgone go boloka a sekaenyana a one kgwedi le kgwedi. O ka nna wa kgona go bula akhaonto kwa bankeng e e gaufi. (Bapisa Luke 19:23.) Ke sone se mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Abigail a neng a se dira. O bolela jaana: “Ke kgaoganya madi a me ka dikarolo tse pedi—a mangwe a ya kwa bankeng mme a mangwe ke a a dirisa.” Fa o setse o godile, o ka nna wa leka go dira tiro e e seng ya ka metlha kana e e seng ya letsatsi lotlhe.b Legale, fa batsadi ba gago ba bona gore tota o batla go reka sengwe le gore o boloka madi o tlhoafetse, ba ka nna ba tlhotlheletsega go go tlatsa mo ditshenyegelong tsa gago, fa go kgonega.
Go dira diphetogo dingwe malebana le tsela e o rekang ka yone go ka nna ga go thusa. Ka sekai, fa selo se ja madi a mantsi thata, lo ka nna lwa buisana le morekisi gore o se reke ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Fa go sa kgonege, leta mme o bone gore a selo seo se ka se nne sesolo nako nngwe. Leba mo mabenkeleng a mangwe go bona gore a o ka se se bone ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mo go eo. Leka go batla ka kelotlhoko dilwana tsa boleng; ka dinako tse dingwe dilo tse di se nang maina a batlhami ke tsone tse di tlhwatlhwatlase.c
Ithute go Kgotsofalela Dilo
Diane 27:20 e tlhagisa jaana: “Bobipo le Bosenyegelo ga di ke di kgora gope, le matlho a motho ga a ke a kgora gope.” Ee, fela jaaka lebitla le sa nke le kgora, batho ba bangwe ba nnela go batla dilo di le dintsi—go sa kgathalesege gore ba setse ba na le dilo di le kana kang. Tila go nna le mogopolo oo o o pelotshetlha. Kwa bofelong, bopelotshetlha ga bo busetse ka sepe fa e se go lere matshwenyego le bohutsana. Mosha mongwe yo o bidiwang Jonathan o bolela jaana: “Fa e le gore o itumedisiwa ka go bo o na le dilo tse di rileng, ga go motlha o o tla itumelang ka one. Go tla nna go ntse go na le sengwe se sesha se o se batlang. O tshwanetse go leka go itumelela se o nang le sone.”
Fa o kgotsofetse, ke gone o ka kgonang go itshokela kgatelelo ya balekane. Vincent yo mmotlana o bolela jaana: “Ga go reye gore fa ke bona mongwe a na le diteki tse di nang le leina la motlhami ke tshwanetse go di ithekela le nna.” Ke boammaaruri gore nako le nako o tla nna o ntse o tshwenyega fa o sa kgone go nna le sengwe se o se batlang. Mme o se ka wa lebala gore Jehofa o itse dilo tse o di tlhokang. (Mathaio 6:32) Mme mo bogautshwaneng, o tla ‘kgorisa keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’—Pesalema 145:16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona metseletsele ya ditlhogo tse di buang ka Phasalatso e e mo makasineng wa Tsogang! ya September 8, 1998.
b Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Bona Jang Madi?,” mo makasineng wa rona wa September 8, 1998.
c Go bona dikakantsho tse di mosola tse di oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Tokafatsa Jang Diaparo Tsa Me?,” se se leng mo makasineng wa rona wa February 8, 1995.
[Mafoko a a mo go tsebe 19]
“Fa o ya kwa sekolong o sa apara seaparo se se nang le leina la motlhami, mongwe le mongwe o go ja setshego”
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
O ka kgona go itumela le fa o sena sengwe le sengwe se o se batlang