LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 5/8 ts. 16-19
  • Thaba ya Sinai—Sebenya mo Nageng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thaba ya Sinai—Sebenya mo Nageng
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batlisisa ka Thaba Eno
  • Go Tlhatloga Ras Safsafa e e Tshwaraganeng le Yone
  • Mo Teng ga Ntlo ya Baitlami
  • Go Kgaogana re Hutsafetse
  • Go Falotsa Codex Sinaiticus
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Sinai—Thaba ya ga Moshe le ya Boutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Bona Letlotlo la Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Go Bona Tlhaloso e e Utlwalang Sentle” ya Baebele go Tswa mo Laeboraring ya Bogologolo ya Russia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 5/8 ts. 16-19

Thaba ya Sinai—Sebenya mo Nageng

GA NKITLA ke lebala kafa ke neng ka tsitsibana mmele ka teng ka lekgetlho la ntlha fa ke ne ke bona Thaba eno ya bogologolo thata ya Sinai. Fa re ntse re tsamaya mo tseleng e e mogote, e e dithole ya Peninsula ya Sinai kwa Egepeto, tekesi ya rona ya tshogana fela e fitlhile mo Poeng e kgolo, e e bulegileng ya er-Raha. Karolo e e jesang kgakge ya Thaba ya Sinai ya bonala sentle go tswa kwa boalong jwa poa eno. E ne e tshwana le sebenya se se tlhomilweng mo sekakeng. Fa ke tla go akanya fela gore e ka tswa e le yone thaba eo Moshe a neng a amogela Molao o o tswang kwa Modimong mo go yone!

Le fa gone go sa ntse go na le dipuopuo kaga gore lefelo la mmatota le e leng Thaba ya Sinai ya mo Baebeleng ke lefe, baeng ba ntse ba tla fano ka makgolokgolo a dingwaga ka gonne ba dumela gore eno ke yone thaba e e tumileng. Go tloga bogologolo mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., baitlami ba ne ba goroga fano, ka maikaelelo a go itlhaola ka mabaka a bodumedi. Mo lekgolong la borataro la dingwaga, Mmusimogolo wa kwa Byzantium e bong Justinian I o ne a laela gore go agiwe kago ya phemelo e e tla nnang ntlo ya baitlami go sireletsa baitlami bano, mmogo le go tlhomamisa gore Roma e a laola mo lefelong leno. Ntlo eo ya baitlami, e e agilweng kwa tlase ga Thaba eo ya bogologolo ya Sinai, jaanong e itsege e le St. Catherine’s. Ke ka ntlha yang o sa tsamaye le nna ra etela kwa Thabeng ya Sinai?

Go Batlisisa ka Thaba Eno

Fa re sena go ralala mokgatšha ono o o omeletseng, mokgweetsi wa rona wa thekisi wa Mo-Bedouin o ne a mpagolola le molekane wa me kwa tlasenyana fela ga ntlo ya baitlami. Lefelo leno le dirilwe ka mafika a magolo a a borethe mme fa o tsena o itumelela go bona dipota tsa ntlo ya baitlami tse di apesitsweng ke ditlhare le ke tshingwana e e nang le ditlhatshana tse di tala. Mme re ne ra feta fela fa go yone, ka go bo maikaelelo a rona tota e ne e le go pagama setlhoa se se mo borwa le go thibelela moo bosigo. Setlhoa seno sa Gebel Musa, mo go rayang “Thaba ya ga Moshe,” go bolelwa fa se amana le Thaba ya Sinai.

Re ne ra tsamaya diura di le pedi ka dinao go fitlha mo lefelong le le bidiwang Mokgatšha wa ga Elija, mokgatšha o monnye o o kgaoganyang karolo e e kwa setlhoeng ya dikilometara di le tharo ya Thaba ya Sinai. Go ya ka dipolelo dingwe tsa bogologolo, Elija o ne a utlwa lentswe la Modimo mo legageng le le gaufi le moo. (1 Dikgosi 19:8-13) Re ne ra ema go ikhutsa mo tlase ga setlhare sa cypress se se nang le dingwaga di le 500. Gape go na le sediba sa bogologolo fano. A bo re ne ra itumelela jang metsi a sone a a phepa, a a tsiditsana, a re neng ra a gelelwa ke Mo-Bedouin mongwe yo o botsalano!

Fa re ntse re tsamaya ka tsela e e tlwaelegileng ya bajanala, re ne ra kgaratlha gape ka metsotso e le 20 go tlhatloga ditepisi di le 750 tsa maje go fitlha kwa setlhoeng. Koo re ne ra fitlhela go na le kerekenyana e nnye. Baitlami ba re e agilwe gone mo lefelong le Moshe a neng a amogela Molao a le mo go lone. Go bapa le kereke eno go na le loriba mo lefikeng mme ba re Moshe o ne a iphitlha mo go lone fa Modimo a ne a feta. (Ekesodo 33:21-23) Mme boammaaruri ke gore ga go na ope yo o itseng sentlentle moo mafelo ano a neng a le teng. Le fa go ntse jalo, go kgatlha tota go leba lefelo leno go tswa kwa godimo! Re ne ra tsepa matlho a rona mo mokolokong wa dithaba tse di matlapa a mahibidu ka kwa ga lobala lo lo maje lo lo kwa tlasenyana. Go ela kwa borwabophirima go bonala Gebel Katherina, kana Thaba ya Catherine—e e dimetara di le 2 637, karolo e e kwa godimo thata mo lefelong leno.

Go Tlhatloga Ras Safsafa e e Tshwaraganeng le Yone

Letsatsi le lengwe re nna le sebaka sa go pagama Ras Safsafa, karolo e e kwa setlhoeng sa thaba mo go yone thaba e le e e dikilometara di le tharo ya Gebel Musa. Ras Safsafa ke setlhoa se se kafa bokone, mme se kwa tlasenyana ga Gebel Musa. Ras Safsafa e simolola fela go tswa mo Poeng ya er-Raha, koo Baiseraele ba ka tswang ba ne ba thibeletse gone fa Moshe a ne a tlhatlogetse kwa godimo go ya go amogela Molao mo go Jehofa.

Fa re ntse re tlhatloga ka dinao go ya kwa Ras Safsafa re kgabaganya lebala le le nang le dithotana le mekgatšha, re feta matlo a kobamelo, ditshingwana le metswedi e e sa dirisiweng—dilo tse di gakololang motho ka nako ya fa go ne go sa ntse go na le baitlami ba ba fetang lekgolo le baitlhaodi ba bodumedi ba ba neng ba nna mo dikgageng tseno le mo mafikeng ano. Jaanong go setse moitlami a le mongwe fela.

Re ne ra kopana le moitlami yo o nnang a le mongwe yono mo tshimong e e dikologilweng ke terata e telele e e logilweng. O ne a re letlelela go tsena mme a re tlhalosetsa gore o na le dingwaga di le tlhano a ntse a dira mo tshimong eno, mme o ya kwa ntlong ya baitlami gangwe fela ka beke. Moitlami yono o ne a re bontsha tsela e e yang kwa Ras Safsafa mme ra fetela pele go tlhatlogela kwa go yone go fitlha fa la bofelo, re ema kwa godimodimo ga ditlhoa tse di neng di re dikologile. Re kgona go bona Poa e e sephara ya er-Raha e e kwa tlase ga rona. Segolobogolo fa ke eme mono, ke bona lefelo leno e le lone leo Moshe a neng a tlhatloga thaba mo go lone go tswa kwa bothibelelong jwa Baiseraele go ya go ema fa pele ga Modimo. Ke ne ke ikakanyetsa fela mo mogopolong wa me Baiseraele ba le dimilione di le tharo ba kgobokane “fa pele ga thaba” mo lebaleng leno le le atlhameng thata. Ke bona Moshe a fologa ka molatswana o o fa gaufi, a tshotse matlapanakwalelo a mabedi a a kwadilweng Melao e e Lesome mo go one.—Ekesodo 19:2; 20:18; 32:15.

E re ka jaanong re itumeletse gore mosepele ono o o lapisang e ne e se matsapa a bophiri, re ne ra boela morago kwa tenteng ya rona fa letsatsi le ntse le dikela. Ka lesedi la molelonyana o re neng re o besitse, re ne ra bala dikarolo tsa Ekesodo tse di tlhalosang maitemogelo a ga Moshe fa a ne a le fano, mme morago ga moo, ra robala. Mo mosong o o latelang ra kokota kwa kgorong ya lefelo la baitlami la St. Catherine’s.

Mo Teng ga Ntlo ya Baitlami

St. Catherine’s e tsewa e le nngwe ya difikantswe tsa botlhokwa thata mo go Labokeresete. E re ka e dirilwe ke baitlami ba Greek Orthodox, ga ya tuma fela ka lefelo le e leng mo go lone mme gape le ka ditshwantsho tsa yone le ka laeborari ya yone. Ka lobaka lo loleele, St. Catherine’s e ne e le kwa kgakala thata jaana mo e leng gore baeng ba ne ba e etela sewelo gone mme ba amogelwa ka diatla tsoopedi. Baitlami ba ne ba tlamparela baeng ba bone, ba ba atla ka lorato le e leng go ba tlhatswa dinao. Baeng ba ne ba ka tlogelwa go itsamatsamaela fela mo dikagong tse dikgolo tseno tse di tlhakatlhakaneng tse di dikologilweng ke dipota tse di boleele jwa dimetara di le 14 tsa lefelo la baitlami. Baitlami ba ne ba tle ba kgothaletse batho go nnanyana ka go ba raya ba re ‘lo ka nna beke, kgwedi, nako e lo e batlang.’ Le fa go ntse jalo, mo malatsing ano go boima thata mo baitlaming bano ba ba ka nnang 12 ba ba setseng mo lefelong leno gore ba ka amogela baeng ka tsela eno. Gone jaanong go tla baeng ba ba ka nnang 50 000 ngwaga le ngwaga go tla go bona ntlo eno ya baitlami.

Ka ntlha ya boidiidi jono, go eta go lekanyeditswe go nna diura di le tharo ka letsatsi, malatsi a le matlhano mo bekeng. Bajanala ba ka bona karolwana fela ya lefelo leno la baitlami—lolwapa lo lo nang le Sediba sa ga Moshe (moo tlhamane e bolelang gore ke gone mo Moshe a kopaneng le yo o neng a tlile go nna mosadi wa gagwe teng), Kereke ya go Fetoga Ponalo (e e tumileng ka gore ke yone kereke ya bogologolo mo lefatsheng e e sa bolong go nna teng) le lebentlele la dibuka. Bajanala gape ba bontshiwa Kereke ya Setlhare se Seshang—lefelo le baitlami ba bolelelang bajanala gore ke moo Moshe a neng a bona Modimo teng. E re ka baitlami ba tsaya gore lefelo leno le boitshepo go feta otlhe mo lefatsheng, baeng ba kopiwa go rola ditlhako tsa bone fa ba fitlha fano, jaaka fa Modimo a ne a laela Moshe go dira jalo.—Ekesodo 3:5.

Re ne ra swaba thata fa ba ne ba sa re letle go bona laeborari e e tumileng ya mo lefelong leno la baitlami, e leng sone selo se tota re neng re batla go se bona. E ne ya re fa re kopa mokaedi gore a letle rona fela go tsena o ne a re: “Ga go ne go kgonega! Lefelo la baitlami le tloga le tswalwa morago ga metsotso e le mmalwa.” Le fa go ntse jalo, nakonyana morago ga moo, fa re setse re tlogile mo setlhopheng sa bajanala, mokaedi o ne a re sebela jaana: “Tlang jaana!” Re ne ra feta mo tlase ga dikgole, ra tlhatloga ditepisi mme ra feta moitlami wa Mofora yo o neng a bonala a gakgametse go re bona re le moo, re ne ra iphitlhela re eme mo go nngwe ya dilaeborari tsa bogologolo go gaisa mo lefatsheng le e e tumileng thata! E na le dibuka tse di fetang di le 4 500 ka Segerika, Searabia, Sesiria le Seegepeto. Ka nako nngwe e kile ya bo e na le mekwalo ya botlhokwatlhokwa ya Codex Sinaiticus.—Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 18.

Go Kgaogana re Hutsafetse

Loeto lwa rona lo felela kwa ntle ga dipota tsa ntlo ya baitlami fa re ya go etela lefelo le go bewang marapo a baswi mo go lone. Ke teng mo go kgobokanngwang marapo a baitlami le baitlhaodi ba bodumedi go nna mokoa o mogolo, a farologanngwa ka mekoa ya marapo a maoto, marapo a matsogo, dikgata le a mangwe jalo. Dikgata e ne e le mokoa o o batlileng o fitlha kwa siling. Ke ka ntlha yang fa ba bona go tlhokega go nna le lefelo le le tsitsibanyang mmele leno? Baitlami ba na le mabitla a mannye thata. Ka jalo fa mongwe a swa, ba tlosa marapo mo lebitleng la bogologolo gore go nne le sebaka sa go fitlha ba bangwe. Moitlami mongwe le mongwe o a itse gore letsatsi lengwe marapo a gagwe le one a tla kopana le a balekane ba gagwe mo lefelong le go tsenngwang marapo mo go lone leno.

Ka jalo, loeto lwa rona lo felela ka tsela eno e e hutsafatsang. Mme gone eleruri ga re ikwatlhaye. Re ne ra ipelela go bona mafelo a a kgakala a a jesang kgakge le lefelo le le tumileng la baitlami. Mme fa re tsamaya, re kgatlhilwe ke go akanya gore gongwe re tsamaile mo ditseleng tseo Moshe le morafe wa Iseraele ba neng ba tsamaya mo go tsone dingwaga di le 3 500 tse di fetileng fa ba ne ba le mono mo Thabeng ya Sinai—sebenya mo nageng.—E neetswe.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Thibololo e e Seng Kana ka Sepe

Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, mokanoki mongwe wa Baebele wa Mojeremane e bong Konstantin von Tischendorf o ne a ribolola mekwalo ya seatla ya Baebele ya Segerika ya lekgolo la bonè la dingwaga, e jaanong e bidiwang Codex Sinaiticus kwa ntlong ya baitlami ya St. Catherine’s. E akaretsa bontsi jwa Dikwalo Tsa Sehebera, tsa thanolo ya Segerika ya Septuagint, mmogo le Dikwalo tsotlhe Tsa Segerika. Mekwalo eno ya letsogo ke nngwe ya dikhopi tse di feletseng tsa bogologolo thata tsa Dikwalo Tsa Segerika.

Tischendorf o ne a batla go gatisa diteng tsa “letlotlo leno le le sa tshwaneng le lepe,” jaaka a e bitsa. Go ya ka Tischendorf, o ne a akantsha mo baitlaming gore mekwalo eno e neelwe mmusimogolo wa Russia—yoo, jaaka mosireletsi wa Kereke ya Greek Orthodox, a neng a ka dirisa maatla a gagwe go thusa ntlo ya baitlami.

Mo loboteng lwa ntlo ya baitlami go na le thanolo ya lekwalo le Tischendorf a neng a le tlogela, a solofetsa gore o tla ‘busetsa mekwalo eo ya letsogo kwa Holy Confraternity of Mount Sinai, e sa senyega e bile e bolokilwe sentle, ka bonako fela fa ba kopa gore e boe.’ Le fa go ntse jalo, Tischendorf o ne a na le maikutlo a gore baitlami bano ba ne ba sa bone gore mekwalo eno ya letsogo e botlhokwa go le kana kang kana ba sa bone go tlhokega gore ba e gatise. Ga e ise e busediwe gape kwa St. Catherine’s. Le fa gone kgabagare baitlami ba ne ba amogela di-ruble di le 7 000 go tswa kwa pusong ya Russia ka ntlha ya mekwalo eo ya letsogo, le gompieno ba sa ntse ba sa tshepe sepe fa bakanoki ba leka go ribolola matlotlo a bone. Kgabagare Codex Sinaiticus e ne ya felela e le kwa Musiamong wa Boritane, koo e ka bonwang teng gompieno.

Go a kgatlhisa go itse gore go ne ga ribololwa mabokoso a le 47 a ditshwantsho le dikwalelo tsa letlalo ka 1975 mo tlase ga lobota lo lo kwa bokone kwa St. Catherine’s. Thibololo eno e akaretsa le ditsebe tse di fetang 12 tse di tlhaelang tsa Codex Sinaiticus. Go tla go fitlha jaanong, ditsebe tseno di ntse di sa bonwe ke ope fa e se fela ke bakanoki ba le mmalwa.

[Mmapa mo go tsebe 17]

Thaba ya Sinai

[Metswedi ya Ditshwantsho]

NASA photo

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Poa ya er-Raha, le Ras Safsafa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Gebel Musa le lefelo la baitlami la St. Catherine’s

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

Photograph taken by courtesy of the British Museum

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela