Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Sinai—Thaba ya ga Moshe le ya Boutlwelobotlhoko
FA O akanya ka Thaba ya Sinai, gongwe e ka tswa e le gore o gopotse Moshe. Ka ntlha yang? Ka gonne Moshe o ne a amogela Molao wa Modimo a le mo thabeng kwa Sekasetlhakeng sa Sinai. E ne e le mo thabeng efe? E ka tswa e ne e le mo go yone e e bontshitsweng fa godimo.a
Kwa karolong ya borwa jwa sekasetlhake seno, mo e ka nnang mo bogareng jwa dikgogomelo tsa Lewatle Le Lehibidu, go na le mokoloko wa dithaba o o nang le ditlhora tse pedi. Lefelo leno ka kakaretso le tshwanela dipolelo tsa Bibela tse di mabapi le Moshe. Tlhora e nngwe e bidiwa Jebel Musa, le le rayang “Thaba ya ga Moshe.”
Dipolelo tsa Bibela tse di farologaneng di dira gore leina leo le tshwanele kgo. A o gakologelwa gore Moshe o ne a disitse letsomane la ga Jetherwe fa moengele a iponatsa a le mo kgabong ya molelo o o tukang mo gare ga setlhare? E ne e le kae koo? Bibela e bolela gore e ne e le kwa ‘thabeng ya Modimo wa boammaaruri, kwa Horeba,’ e gape e bidiwang Thaba ya Sinai. (Ekesodo 3:1-10; 1 Dikgosi 19:8) Moshe fa a sena go etelela batho ba Modimo pele go tswa kwa Egepeto, o ne a ba tlisa gone fano. Ekesodo 19:2, 3 e bolela gore “Iseraela a tlhaolèla gōna ha pele ga thaba. Me Moshe a tlhatlogèla kwa Modimoñ, me Yehofa a mo tlhaeletsa a le mo thabeñ.”
E ne e le la ntlha Moshe a palama Thaba ya Sinai, mme o ne a sa tsamaye tsela e khutshwane fela go palamela mekgokolosa eo. Re bala jaana: “Yehofa a hologèla mo thabeñ ea Sinai, ha tlhoreñ ea thaba: me Yehofa a biletsa Moshe kwa tlhoreñ ea thaba.”—Ekesodo 19:20.
Diketekete tsa bajanala ba motlha wa segompieno ba ile ba kgaratlhela go palamela kwa godimo bosigo ba latela metlhala e e tshwailweng gore ba fitlhe kwa tlhoreng, ba fitlha ba emaema gore letsatsi le tlhabe, mme go tswa foo ba fologela kwa tlase go le motshegare wa sethoboloko. Go ne go sa nna jalo ka Moshe. Modimo o ne a mmolelela jaana: “Tlhatlogèla kwano go nna mo thabeñ, me u nnè gōna: me ke tla gu naea matlapa, le molaō.” Mo tiragalong eo “Moshe a nna mo thabeñ ka malatsi a le mashomè manè le masigo a le mashomè manè.”—Ekesodo 24:12-18.
Ka jalo go a utlwala go bo leina la ga Moshe le amanngwa le thaba eno, mme ke ka ntlha yang fa le amanngwa le “boutlwelobotlhoko”? Ebu, fa Moshe a ne a amogela Molao a le kwa godimo koo, batho ba ne ba tsaya tsela e e seng botlhale kwa tlase kwa dipoeng (gongwe mo Dipoeng tsa er-Raha tse di mo setshwantshong). Ba ne ba gatelela morwarraa Moshe gore a dire modimo. Arone o ne a bolela jaana: “Rolañ manyena a gauda . . . me lo a lere kwano go nna.” Ka jalo ba ne ba dira namane ya gauta go e obamela. Seno se ne sa kgopisa Modimo wa boammaaruri mme sa gogela mo go reng batho ba le diketekete ba swe. (Ekesodo 32:1-35) Mme lefa go ntse jalo Arone o ne a utlwelwa botlhoko mme a bolokiwa. Ka ntlha yang?
Kakgelo ya Modimo e e mo go Ekesodo 32:10 e akantsha gore o ne o sa lebe Arone e le motlhotlheletsi wa konokono wa gore Baiseraele ba dire phoso. Ebile “bomorwa Lefi botlhe” ba ne ba itlhophela go tla kafa letlhakoreng la Modimo fa kgang eno e ne e rarabololwa, mme kwantle ga pelaelo Arone o ne a le mo gare ga bone. (Ekesodo 32:26) Ka jalo go sa kgathalesege phoso e Arone a neng a e dira, Modimo o ne a mo utlwela botlhoko a le kwa dikgatong tsa Thaba ya Sinai.
Moragonyana, Moshe o ne a bolela gore o eletsa go itse Jehofa botoka le go bona kgalalelo ya Gagwe. (Ekesodo 33:13, 18) Le fa go ne go ka se direge gore Moshe a bone sefatlhego sa Modimo, Jehofa o ne a mmontsha karolo ya kgalalelo ya Gagwe, a gatelela gore O “tla bontsha èna boutlwèlō botlhoko eo [O] tla mmontshañ boutlwèlō botlhoko.” (Ekesodo 33:17–34:7) Go ne go tshwanela tota gore Modimo o gatelele boutlwelobotlhoko jwa gagwe, ka gonne Bibela e dirisa “boutlwèlō botlhoko” kgapetsakgapetsa fa e bua ka nako ya fa Modimo o ne o dirisana mmogo le Baiseraele, bao o neng wa dira kgolagano le bone kwa Sinai.—Pesalema 103:7-13, 18.
Batho ba ba etelang Thaba ya Sinai gompieno ba fitlhela ntlo ya baitlami kwa dikgatong tsa yone, e ka gope e sa direng gore motho a gopole kobamelo ya boammaaruri eo Moshe a neng a ithuta yone a le kwa godimo ga thaba eo. Go na le moo, mo ntlong eo ya baitlami bodumedi bo remeletse thata mo ditshwantshong. Se se bontshitsweng fano ke “Lere E E Isang Paradaiseng.” E theilwe mo bukeng nngwe ya moitlami John Climacus wa kwa Byzantium. Fa a sena go fetsa dingwaga di le 40 a le mo phaposaneng ya baitlami, o ne a nna moeteledipele wa ntlo ya baitlami mme o ne a kwala ka ga lere ya tshwantshetso e e isang legodimong. Mme ela tlhoko gore maloko a mangwe a baruti a tshwantshitswe a gogelwa ke badimona mo molelong wa dihele go ya go tlhokofadiwa ka bosakhutleng. Di bonala sentle mme lefa go ntse jalo ga di tswe mo Dikwalong!—Moreri 9:5, 10; Yeremia 7:31.
Phapaanong le thuto eo ya maaka, boammaaruri ke gore Mothatayotlhe ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 34:6) Moshe o ne a atamelana thata le Modimo ono o o boutlwelobotlhoko kwa Thabeng ya Sinai.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona setshwantsho se segolwane, bona 1993 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.