LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 23 ts. 60-ts. 61 ser. 4
  • Ba Dira Maikano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Dira Maikano
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Ntsha Melao ya Gagwe
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Sinai—Thaba ya ga Moshe le ya Boutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 23 ts. 60-ts. 61 ser. 4
Baiseraele ba eme fa Thabeng ya Sinai

THUTO 23

Ba Dira Maikano

Dikgwedi di le pedi morago ga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto, ba ne ba fitlha kwa Thabeng ya Sinai mme ba tlhoma ditente foo. Jehofa o ne a bitsa Moshe gore a tle mo thabeng mme a mo raya a re: ‘Ke golotse Baiseraele. Fa ba ka ntheetsa ba bo ba ikobela melao ya me, ba tla nna batho ba me ba ke ba itlhophetseng.’ Moshe o ne a fologa thaba mme a bolelela Baiseraele se Jehofa a se buileng. Ba ne ba reng? Ba ne ba re: ‘Re tla dira sotlhe se Jehofa a reng re se dire.’

Moshe o ne a tlhatlogela gape kwa thabeng. Fa a le koo, Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ke tla bua le wena mo malatsing a le mararo. Raya batho o re ba se ka ba leka go palama Thaba ya Sinai.’ Moshe o ne a fologa thaba a bo a ya go bolelela Baiseraele gore ba ipaakanyetse go reetsa Jehofa.

Baiseraele ba bona magadima le leru le lentsho le le apesitseng Thaba ya Sinai

Morago ga malatsi a le mararo, Baiseraele ba ne ba bona magadima le leru le lentsho mo thabeng. Gape ba ne ba utlwa modumo o o kwa godimo wa maru le modumo wa lonaka. Mme Jehofa o ne a fologela mo thabeng a le mo molelong. Baiseraele ba ne ba tshogile thata e bile ba roroma. Thaba e ne ya roroma thata le go khurumediwa ke mosi. Modumo wa lonaka o ne o ntse o oketsega. Go tswa foo, Modimo o ne a re: ‘Ke nna Jehofa. O se ka wa obamela medimo epe e mengwe.’

Moshe o ne a boela kwa godimo ga thaba mme Jehofa a mo naya melao ya kafa Baiseraele ba tshwanetseng go mo obamela le go itshwara ka gone. Moshe o ne a kwala melao eo a bo a e balela Baiseraele. Ba ne ba ikana ba re: ‘Re tla dira sotlhe se Jehofa a reng re se dire.’ Ba ne ba dira maikano a gore ba tla obamela Modimo. A mme gone ba ne ba tla dira seo?

“O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”​—Mathaio 22:37

Dipotso: Go ne ga diragalang kwa Thabeng ya Sinai? Baiseraele ba ne ba ikana gore ba tla dira eng?

Ekesodo 19:1–20:21; 24:1-8; Duteronome 7:6-9; Nehemia 9:13, 14

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela