LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 24 ts. 62-ts. 63 ser. 2
  • Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Namane ya Gauta
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 24 ts. 62-ts. 63 ser. 2
Baiseraele ba opela le go bina go dikologa namane ya gauta

THUTO 24

Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone

Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Tlhatlogela kwano mo thabeng. Ke tla kwala melao ya me mo matlapeng ke bo ke go a naya.’ Moshe o ne a palama thaba mme a nna koo malatsi a le 40. Fa a le koo, Jehofa o ne a kwala Melao e e Lesome mo matlapeng a mabedi mme a a naya Moshe.

Moshe a latlhela matlapa fa fatshe

Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba simolola go akanya gore Moshe ga a kitla a boa. Ba ne ba raya Arone ba re: ‘Re batla motho yo o ka re etelelang pele. Re direle modimo!’ Arone o ne a ba raya a re: ‘Tlisang gauta ya lona.’ O ne a gakolosa gauta a bo a dira setshwantsho sa namane ka yone. Batho ba ne ba re: ‘Namane eno ke Modimo wa rona yo o re ntshitseng kwa Egepeto!’ Ba ne ba obamela namane eo ba bo ba dira moletlo. A seo se ne se le phoso? Ee, ka gonne ba ne ba ikanne gore ba tla obamela Jehofa fela. Mme jaanong ba ne ba sa dire se ba se solofeditseng.

Jehofa o ne a bona se se neng se direga a bo a raya Moshe a re: ‘Fologa o ye go bona gore Baiseraele ba dirang. Ba tlola melao ya me e bile ba obamela modimo wa maaka.’ Moshe o ne a fologa thaba a tshwere matlapa a mabedi.

Fa a ntse a atamela, o utlwa batho ba opela. Fa a leba o bona ba bina e bile ba obama fa pele ga namane. Moshe o ne a galefa tota. O ne a latlhela matlapa ao fa fatshe mme a thubega a bo a senya setshwantsho seo sa bone ka yone nako eo. Go tswa foo, o ne a botsa Arone a re: ‘Go tlile jang gore o feleletse o dirile selo se se maswe jaana?’ Arone o ne a mo raya a re: ‘O se ka wa galefa. O a itse gore batho bano ba ntse jang. Ba ne ba batla modimo, ka jalo, ke ne ka latlhela gauta ya bone mo molelong mme ga tswa namane eno!’ Arone o ne a sa tshwanela go bo a dirile jalo. Moshe o ne a boela kwa godimo ga thaba a bo a kopa Jehofa gore a itshwarele Baiseraele.

Jehofa o ne a itshwarela batho ba ba neng ba ikemiseditse go mo reetsa. Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba bone botlhokwa jwa go reetsa moeteledipele yo Modimo a neng a mo tlhomile.

“Nako le nako fa o direla Modimo maikano, o se ka wa diega go a diragatsa, ka gonne ga a itumedisiwe ke dimatla. Se o ikanneng gore o tla se dira, se diragatse.”​—Moreri 5:4

Dipotso: Baiseraele ba ne ba dirang fa Moshe a ne a le kwa thabeng? Moshe o ile a dirang fa a boa?

Ekesodo 24:12-18; 32:1-30

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela