LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 36
  • Namane ya Gauta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Namane ya Gauta
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga ba A ka Ba Diragatsa Maikano a Bone
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Jehofa o Ntsha Melao ya Gagwe
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 36
Baiseraele ba a opela, ba a bina e bile ba obamela namane ya gauta

POLELO 36

Namane ya Gauta

IJA! Jaanong batho ba dirang? Ba rapela namane! Goreng ba dira jalo?

Fa Moshe a diega kwa godimo ga thaba, batho ba re: ‘Ga re itse gore Moshe o diragaletswe ke eng. Jaanong a re itireleng modimo o o tla re etelelang pele go re ntsha mo lefatsheng leno.’

Mogolowe Moshe e bong Arone a re: ‘Go siame. Rolang manyena a lona a gauta, mme lo a tlise kwano.’ Fa batho ba a rola, Arone o gakolosa manyena ao a bo a dira namane ya gauta ka one. Mme batho ba re: ‘Yono ke Modimo wa rona, yo o re ntshitseng kwa Egepeto!’ Go tswa foo, Baiseraele ba dira mokete o mogolo, mme ba obamela namane ya gauta.

Fa Jehofa a bona seno, o galefa fela thata. Ka jalo, o raya Moshe a re: ‘Itlhaganele, o fologe. Batho ba dira bosula jo bogolo. Ba lebetse melao ya me mme ba obamela namane ya gauta.’

Moshe o thuba dikwalelo tsa leje tse go kwadilweng Melao e e Lesome mo go tsone

Moshe o itlhaganelela kwa tlase ga thaba. Mme fa a atamela, seno ke se a se bonang. Batho ba a opela e bile ba a bina ba ntse ba dikologa namane ya gauta! Moshe o galefile thata mo a latlhelang maje a mabedi a a sephaphathi fa fatshe a go kwadilweng melao mo go one, mme a a thubega a bo a nna dikarolwana tse dintsintsi. Go tswa foo, o tsaya namane ya gauta a bo a e gakolosa. Mme o a e sila gore e sale e le bupi.

Batho ba dirile selo se se bosula tota. Ka jalo, Moshe o bolelela banna bangwe gore ba tseye ditšhaka tsa bone. A bo a re: ‘Batho ba ba bosula ba ba neng ba obamela namane ya gauta ba tshwanetse go swa.’ Mme banna bano ba bolaya batho ba le 3 000 ! A seno ga se re bontshe gore re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re obamele Jehofa a le nosi fela, mme re se ka ra obamela medimo ya maaka?

Ekesodo 32:1-35.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela