Ka Mofufutso wa Bana
“Bana, ba jaanong le bone ba dirisiwang mo madirelong, ba tshwarwa jaaka dilwana tse di rekisiwang go na le jaaka setšhaba sa ka moso.”—Chira Hongladarom, motsamaisi wa Human Resources Institute kwa Thailand.
NAKO e e tlang fa o rekela morwadio mpopi, gakologelwa gore o ka nna wa bo o dirilwe ke bananyana ba kwa Asia Borwabotlhaba. Nako e e tlang fa morwao a raga bolo, akanya ka gore go ka direga gore e rokilwe ke mosetsanyana wa dingwaga di le tharo yoo, ene mmogo le mmaagwe le bomorwadiarraagwe ba banè, ba amogelang R4,50 ka letsatsi. Nako e e tlang fa o reka khapete, akanya fela gore e ka tswa e logilwe ke menwana e e bonako ya basimane ba dingwaga di le thataro ba ba dirang diura di le dintsi letsatsi le letsatsi mo tlase ga maemo a a thata.
Go berekisiwa ga bana ditiro tse di bokete go aname go le kana kang? Go ama bana jang? Ke eng se se ka dirwang go baakanya boemo jono?
Bogolo Jwa Bothata Jono
Go ya ka International Labor Organization (ILO), palo ya bana ba ba berekang ba ba gareng ga dingwaga di le 5 le di le 14 kwa dinageng tse di tlhabologang go lekanyediwa fa e ka nna dimilione di le 250.a Go dumelwa fa diperesente di le 61 tsa bone di le kwa Asia, diperesente di le 32 di le kwa Afrika mme diperesente di le 7 di le kwa Latin America. Go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete go teng gape le kwa dinageng tse di nang le madirelo.
Kwa Yuropa borwa bana ba bantsi ba fitlhelwa ba bereka mo meberekong e ba duelwang mo go yone, segolobogolo mo ditirong tse di dirwang mo setlheng se se rileng, jaaka mo masimong le mo madirelong a mannye. Bosheng jaana, go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete go oketsegile thata kwa Bogare le Botlhaba jwa Yuropa morago ga go fetoga go tswa go Bokomonise go ya go bokapitalisi. Kwa United States, palo ya semolao ya bana ba ba berekisiwang ditiro tse di bokete ke dimilione di le 5,5 mme ga e akaretse bana ba bantsi ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 12 ba ba thapilweng ka bokhukhuntshwane kwa mafelong a a ba duelang madi a mannye kana kwa e nnang babereki ba ba dirang ka setlha se se rileng le ba batswakwa ba ba dirang mo masimong a magolo. Ke jang dimilione tseno tsa bana e nnang bangwe ba batho ba ba berekang?
Mabaka a Gore Bana ba Berekisiwe Ditiro Tse di Bokete
Go sotliwa ke khumanego. The State of the World’s Children 1997 e bolela jaana: “Selo se se maatla thata se se tlhotlheletsang bana go bereka mmereko o o kotsi, o o koafatsang ke go sotliwa ke khumanego. Mo malapeng a a humanegileng, madinyana ao ngwana a tlang a a amogetse kana thusonyana e a e nayang mo gae e e letlelelang gore batsadi ba bereke e dira pharologanyo gareng ga go bolawa ke tlala le go nna le bobotlana dilo tse di tlhokegang.” Batsadi bao bana ba bone ba berekang gantsi bone ga ba bereke kana ga ba duelwe madi a a lekaneng. Ba tlhoka thata madi a lotseno a ba ka a ikanyang. Ka jalo ke ka ntlha yang fa jaanong e le bana ba ba neelwang ditiro go na le bone? Ka gonne bana ba ka nna ba duelwa madi a mannye. Ka gonne bana ba rutega motlhofo thata—bontsi jwa bone bo ka dira sengwe le sengwe se go tweng ba se dire, ga se gantsi ba botsabotsang bathapi ba bone dipotso. Ka gonne ga se gantsi bana ba ka rulaganyang matsholo a go nna kgatlhanong le kgatelelo. Gape ka gonne ga ba ipusolosetse fa ba sotliwa mo mmeleng.
Go sa rutega. Sudhir, mosimane wa dingwaga di le 11 wa kwa India, ke mongwe wa dimilione tsa bana ba ba tlogetseng sekolo mme ba simolola go bereka. Ka ntlha yang? O araba jaana: “Kwa sekolong, barutabana ba ne ba sa rute sentle. Fa re ba kopa gore ba re rute ditlhaka, ba ne ba re itaya. Ba ne ba robala mo phaposing ya borutelo. . . . Fa re sa tlhaloganye, ba ne ba sa re rute.” Tsela eo Sudhir a buang ka yone ka sekolo, ka maswabi e boammaaruri. Kwa dinageng tse di tlhabologang, go fokodiwa ga madi a a dirisiwang mo setšhabeng go bakile mathata segolobogolo mo thutong. Patlisiso e e dirilweng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka 1994 kwa dinageng di le 14 tse di sa tlhabologang thata e senotse boammaaruri bongwe jo bo kgatlhang thata. Ka sekai, mo halofong ya dinaga tseno, diphaposi tsa borutelo tsa setlhopha sa ntlha di na le ditulo tsa barutwana ba le 4 fela mo barutwaneng bangwe le bangwe ba le 10. Halofo ya barutwana ga ba na dibuka tse di dirisiwang e bile halofo ya diphaposi tsa borutelo ga di na matlapakwalelo. Ga go gakgamatse go bo bana ba le bantsi ba ba tsenang mo dikolong tse di ntseng jalo ba feleletsa ba bereka.
Ditebelelo tsa setso. Fa tiro e le e e kotsi thata e bile e le bokete, gantsi e tlogelelwa ba ditso tse di rileng, ba maemo a a kwa tlasenyana, ba ba sa kgoneng le ba ba humanegileng. Malebana le naga nngwe ya kwa Asia, United Nations Children’s Fund e bolela gore “pono ya bangwe e nnile gore batho bangwe ba tsaletswe go laola le go dirisa ditlhaloganyo tsa bone fa ba bangwe bone, bontsintsi jo bongwe, ba tsaletswe go dira ka mebele ya bone.” Kwa Bophirima, maikutlo ga a farologana thata le ano. Setlhopha se e leng sone se busang se ka nna sa se eletse gore bana ba sone e nne bone ba dirang ditiro tse di kotsi, mme ba ka se tshwenyege le eseng fa basha ba ba tswang kwa morafeng, setsong kana kwa setlhotshwaneng sengwe sa bahumanegi e le bone ba dirang tiro e e ntseng jalo. Ka sekai, kwa Yuropa bokone, bana ba ba dirisiwang ditiro tse di bokete gantsi e nna ba kwa Turkey kana ba kwa Afrika; kwa United States e ka nna ba kwa Asia kana ba kwa Latin America. Go berekisiwa ga bana ditiro tse di bokete go gakadiwa ke setšhaba sa gompieno se se amegileng thata ka go rata go reka dilo tse di rekisiwang. Bontsi jwa batho bo batla go reka dilo tse di tlhwatlhwa tlase. Ke batho ba le mmalwa fela ba ba amegang ka gore dilo tseno di ka tswa di dirwa ke dimilione tsa bana ba ba sa itseweng, ba ba sotliwang.
Mefuta ya go Dirisiwa ga Bana Ditiro Tse di Bokete
Ke mefuta efe e e leng teng ya go dirisa bana ditiro tse di bokete? Ka kakaretso, bontsi jwa bana ba ba berekang ba berekela batho kwa magaeng a bone. Babereki ba ba ntseng jalo ba ile ba bidiwa “bana ba ba lebetsweng gotlhelele mo lefatsheng.” Go berekela batho ba bangwe kwa matlong a bone ga go tlhoke gore go nne kotsi, mme gone gantsi go kotsi. Bana ba ba berekelang batho kwa magaeng a bone gantsi ba duelwa madi a mannye thata—kana ga ba duelwe gotlhelele. Beng ba bone ba tlhoma maemo a tiro ya bone go ya ka moo bone ba ratang ka teng. Ba amogiwa lorato, tshono ya go tsena sekolo, go tshameka le go dirisana le batho. Gape ba sotliwa motlhofo mo mmeleng le ka tlhakanelodikobo.
Bana ba bangwe bone ba iphitlhela e le babereki ba ba pateleditsweng le ba ba berekang gore go duelwe molato mongwe. Kwa Asia Borwa mmogo le kwa mafelong a mangwe, batsadi ba adimana ka bana ba bone ba gantsi ba nang le dingwaga di le robedi kana di le robongwe go beng ba madirelo kana go badiredi ba bone gore ba ba adime madinyana a a rileng. Go nna ga bana bano mo botlhankeng botshelo jotlhe jwa bone ga go kgone le go fokotsa fela sekoloto seno.
Go tweng ka tshotlo ya go gweba ka tlhakanelodikobo e e dirwang mo baneng? Go lekanyediwa gore ngwaga le ngwaga basetsana ba ba ka nnang milione o le mongwe mo lefatsheng lotlhe ba hepisetswa go tsenela kgwebo ya tlhakanelodikobo. Basimane le bone gantsi ba sotliwa ka tsa tlhakanelodikobo. Tshenyego ya mo mmeleng le mo maikutlong tse di bakwang ke mofuta ono wa go sotla—re sa bue sepe ka go tshwaediwa ke HIV—di go dira nngwe ya dikarolo tse di kotsi thata tsa go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete. Seaka se sengwe sa dingwaga di le 15 sa kwa Senegal se bolela jaana: “Re tsewa fela re tshwana le bakgarakgatshegi mo setšhabeng. Ga go na ope yo o batlang go re itse kana go bonwa a na le rona.”b
Diperesente tse di kwa godimo tsa bana ba ba berekang di sotliwa ka go dirisiwa kwa madirelong le kwa masimong. Bana ba ba ntseng jalo ba dira mo meepong e e tsewang e le kotsi thata gore bagolo ba ka bereka mo go yone. Bontsi jwa bone bo tshwerwe ke thiibi, mofikela le asema. Bana ba ba berekang mo masimong ba mo kotsing ya go lwatswa ke dibolayaditshenekegi, go longwa ke dinoga le ditshenekegi. Bangwe ba ne ba kgaoga maoto fa ba ne ba ntse ba sega ntšhe ka dithipa tse dikgolo tse di segang ntšhe. Dimilione tse dingwe tsa bana di dirile mebila mafelo a ba berekelang mo go one. Tsaya ka sekai Shireen wa dingwaga di le lesome, yo o tshelang ka go fata mo go latlhelwang matlakala gone. Ga a ise a ko a tsene sekolo mme o itse sentle kafa a ka dirisang se a nang le sone ka gone gore a kgone go tshela. Fa a rekisitse pampiri e e dirisitsweng le dikgetsana sa dipolasetiki tse di ka dirang diranta di le pedi go ya go di le tharo, o kgona go reka dijo tsa motshegare. Fa a rekisitse kwa tlase ga moo, o tlhola ka tlala. Bana ba mo mebileng, ba gantsi ba tshabang kwa gae ka ntlha ya go sotliwa kana go itlhokomolosiwa, ba bogisiwa thata ke go sotliwa le go dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang mo mmileng. Josie wa dingwaga di le lesome yo o rekisang dimonamone mo mebileng ya naga nngwe ya kwa Asia a re: “Letsatsi le letsatsi ke rapela gore ke se ke ka felela ke le mo diatleng tse di boikepo.”
Ba Senyeditswe Bongwana Jwa Bone
Ka ntlha ya mefuta e e ntseng jalo ya go berekisiwa ga bana ditiro tse di bokete, dimilione di le masome tsa bana di wela mo dikotsing tse di masisi. Tseno di ka bakwa ke mofuta wa tiro e ba e dirang kana ke maemo a a bokoa a ba berekang mo tlase ga one. Bana le babereki ba bangwe ba basha gantsi ba welwa ke dikotsi tse di masisi kwa tirong go feta bagolo. Seno ke ka gonne mmele wa ngwana o farologane le wa motho yo mogolo. Mokokotlo kana telwane ya gagwe e ka golafadiwa motlhofo ke tiro e e bokete. Gape, bana ba boga thata go feta bagolo fa ba berekela mo dikhemikaleng tse di kotsi kana mo marannyeng a a kotsi. Mo godimo ga moo, mebele ya bana ga e kgone go bereka diura di le dintsi mo tirong e e bokete le e o dirang selo se le sengwe lobaka lo loleele, e leng yone e gantsi ba e dirang. Ga se gantsi ba lemogang dikotsi kana gone gore ba itse sentle ka fa ba ka itisang ka teng mo go tsone.
Go berekisiwa ga bana ditiro tse di bokete gape go na le ditlamorago tse di masisi mo go goleng ga bone mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo botlhaleng. Bana ba ba ntseng jalo ga ba bontshiwe lorato. Gantsi ba a itewa, ba a tlhapadiwa, ba otlhaiwa ka go timiwa dijo le ka go sotliwa ka tsa tlhakanelodikobo. Go ya ka patlisiso nngwe, mo e ka nnang halofo ya bana ba le dimilione di le 250 ba ba dirisiwang ditiro tse di bokete ba tlogetse sekolo. Mo godimo ga moo, go lemogilwe gore bokgoni jwa bana ba ba berekang diura di le dintsi bo ka koafadiwa.
Seno sotlhe se raya goreng? Gore bana ba bantsi ba ba dirisiwang ditiro tse di bokete ba atlholetswe khumanego ya botshelo jotlhe jwa bone, masetlapelo, bolwetse, go sa itse go bala le go kwala le go sa kgone go tlwaelana le batho. Kana jaaka mokwadi wa dikgang e bong Robin Wright a go tlhalosa, “go sa kgathalesege dikgatelopele tsa lone tsa saense le botegeniki, lefatshe fa le ya kwa bofelong jwa Lekgolo la bo20 la dingwaga le dira dimilionemilione tsa bana ba ba se nang tsholofelo epe fela ya go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng, lefa e le yone ya go etelela lefatshe pele go tsena mo lekgolong la bo21.” Dikgopolo tseno tse di hutsafatsang di tsosa dipotso tseno: Bana ba tshwanetse go tshwarwa jang? A go na le ditharabololo tse di leng teng tsa bothata jwa go sotla bana ka go ba dirisa ditiro tse di bokete?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka kakaretso, ILO e tlhomile gore dingwaga di le 15 ke tsone bobotlana dingwaga tse go ka letlelelwang bana go bereka ka tsone—fa e le gore ka dingwaga di le 15 ba a bo ba setse ba fetile dingwaga tse di beilweng tsa go tsena sekolo. E nnile one molaomotheo o o ntseng o dirisiwa thata go tlhomamisa gore ke bana ba le bakae ba jaanong ba berekang mo lefatsheng lotlhe.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo, bona ditsebe 11-15 tsa makasine wa Tsogang! ya April 8, 1997 (ka Seesemane).
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Go Dirisiwa ga Bana Ditiro Tse di Bokete ke Eng?
BONTSI jwa bana mo ditšhabeng tsotlhe ba na le tiro nngwe e ba e dirang. Mefuta ya ditiro tse ba di dirang e farologana go ya ka ditšhaba le ka nako. Go bereka e ka nna karolo e e molemo thata ya go ruta bana le mokgwa wa go fetisetsa botswerere jwa botlhokwa go tswa mo batsading go ya mo baneng. Kwa dinageng dingwe, gantsi bana ba dira mo madirelong mangwe le go direla batho ditiro tse dinnye, mme kgabagare ba fetoge badiri ba ba botswerere moragonyana mo botshelong. Kwa dinageng tse dingwe, basha ba dingwaga tsa bolesome ba bereka diura di le mmalwa ka beke gore ba amogele madi a ba ka ithekelang dilwana dingwe ka one. United Nations Children’s Fund e dumela gore tiro e e ntseng jalo “e mosola, e rotloetsa kana e godisa kgatelopele ya ngwana mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo semoyeng, mo boitsholong kana mo setšhabeng e sa kgoreletse go tsena ga gagwe sekolo, boitlosobodutu le go ikhutsa.”
Mo letlhakoreng le lengwe, go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete go raya bana ba ba berekang diura tse dintsi ba amogela tuelo e nnye fela, gantsi ba bereka mo tlase ga maemo a a leng kotsi mo botsogong jwa bone. The State of the World’s Children 1997 e akgetse ka gore mofuta ono wa mmereko “ke o go bonalang sentle gore o kotsi kana o a sotla. Ga go na ope yo o ka tatalalang phatlalatsa a re go sotla bana ka go ba dira diaka go a amogelesega mo maemong ape fela. Go ka buiwa se se tshwanang ka ‘go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete go duela melato,’ e leng lereo le le dirisiwang thata go raya bana ba tota ba dirwang makgoba go duela dikoloto tse di dirilweng ke batsadi ba bone kana borre le bommemogolo ba bone. Seno se dira le mo madirelong a a tumileng ka tsela e e bosula ya gore a baka maemo a a kotsi thata mo botsogong le mo pabalesegong ya batho . . . Tiro e e kotsi ruri ga e amogelesege mo baneng botlhe.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]
“Go sa Ntse Go Tshwanetswe ga Dirwa go le Gontsi”
International Labor Organization (ILO) e eteletse pele maiteko a go fedisa mekgwa e e setlhogo thata ya go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete. ILO e tlhotlheletsa dipuso gore di tlhome melao e e thibelang bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 15 go bereka. Gape e rotloetsa ditumalano tse disha tsa go thibela bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 12 go bereka mme e dira gore mekgwa yotlhe e e kotsi thata ya go sotla e nne tlolomolao. Gore e itse mo go oketsegileng ka ga katlego e e fitlheletsweng ke maiteko a a ntseng jalo, Tsogang! e ile ya buisana le Sonia Rosen, mokaedi wa International Child Labor Program, kwa Lephateng la Badiri la kwa United States. O berekile thata le dithulaganyo tse di farologaneng tsa ILO. Karolwana ya motlotlo oo ke eno fano.
P.: Ke tsela efe e e dirang go gaisa tsotlhe ya go lwa kgatlhanong le go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete?
K.: Ga re na tsela e le nngwe fela ya go rarabolola seno. Le fa go ntse jalo, fa re leba dilo mo lefatsheng lotlhe, dikgang tse re setseng re tlotlile ka tsone ke tsa konokono, e leng, go gagamatsa molao ka tsela e e tshwanetseng le go nna le thuto ya motheo mo lefatsheng lotlhe, segolobogolo fa e ka nna selo se se batliwang mo bathong botlhe mme e nne ya mahala. Eleruri, go neela batsadi ditiro tse di lekaneng le gone go botlhokwa.
P.: A o kgotsofaletse kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go lwantsheng go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete?
K.: Ga nke ke kgotsofala. Ga go na ngwana le fa a le mongwe fela yo o tshwanetseng go bereka a sotliwa. Re dirile kgatelopele e kgolo ka dithulaganyo tsa ILO. Mme go sa ntse ga tshwanetswe go dirwa go le gontsi.
P.: Batho mo lefatsheng lotlhe ba tsibogela jang maiteko a go fedisa go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete?
K.: Ga ke sa tlhole ke itse gore ke arabe potso eo ke reng. Mo lefatsheng lotlhe re setse re na le batho ba bantsi ba ba dumalanang le gore go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete go tshwanetse ga tseelwa kgato. Ke akanya gore mo nakong eno dipotso tse di leng teng ke gore: E ka tsewa jang, mme ka bonako jo bo kana kang? Ke dilo dife tse di ka dirisiwang ka katlego go lwantsha mekgwa e e rileng ya go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete? Ke akanya gore ke yone kgwetlho e kgolo e re lebaneng le yone.
P.: Ke eng seo bana ba ba berekang ba ka se solofelang mo nakong e e tlang?
K.: Dinaga tsotlhe tsa lefatshe di tloga di boela gape kwa Geneva monongwaga go ya go konela tumalano e ntšha e e ka ga mekgwa e e maswe thata ya go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete. Seno se dira gore go nne le tsholofelo e kgolo thata—mo dinageng tsotlhe, mmogo le mo mekgatlhong ya babereki le mo mekgatlhong ya bathapi. Go solofelwa fa seno se tlile go tlhoma mokgwa o mosha o o diretsweng go fedisa mekgwa e e maswe thata ya go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete.
Ga se botlhe ba ba nang le tsholofelo e e jaaka ya ga Sonia Rosen. Charles MacCormack, poresidente ya Save the Children, o ikutlwa ka tsela e nngwe. O bolela gore: “Dipolotiki ga di na maikaelelo a a lekaneng le setšhaba ga se na kitso e e lekaneng go fedisa bothata jono.” Ka ntlha yang? United Nations Children’s Fund e akgela ka gore: “Go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete gantsi ke kgang e e raraaneng. Go tlhotlhelediwa ke dilo tse di maatla thata, tse di akaretsang bathapi ba bantsi, ditlhopha tsa barekisi le baitseanape ba tsa ikonomi ba ba akantshang gore marekisetso a tshwanetse go nna a a gololesegileng go sa kgathalesege gore go dirisiwa eng le ba ba dumelang thata mo setsong ba ba dumelang gore maemo kana ditlhopha tse bana bangwe ba leng mo go tsone di ba amoga ditshwanelo tsa bone.”
[Setshwantsho]
Sonia Rosen
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Hisitori e e hutsafatsang ya go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete e akaretsa go bereka bokete kwa meepong le kwa go dirwang katune gone
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photos
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
O fata mo matlakaleng
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
O dira ka natla go rwalela dikgong
[Motswedi wa Setshwantsho]
UN PHOTO 148046/ J. P. Laffont–SYGMA
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ba thapilwe mo madirelong a wulu
[Motswedi wa Setshwantsho]
CORBIS/Dean Conger
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Bana ba ba rekisang mo mebileng ba amogela mo e ka nnang disente di le 40 fela ka letsatsi
[Motswedi wa Setshwantsho]
UN PHOTO 148027/Jean Pierre Laffont
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
O dira ka natla mo madirelong a go betlelwang mo go one
[Motswedi wa Setshwantsho]
UN PHOTO 148079/ J. P. Laffont-SYGMA
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Ba leka ka natla go bona madinyana a a rileng
[Motswedi wa Setshwantsho]
UN PHOTO 148048/J. P. Laffont-SYGMA