LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 6/8 ts. 28-31
  • “Bana ba Bokoa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bana ba Bokoa”
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melaometheo ya Maemo a a Kwa Godimo
  • Mathata a Gompieno
  • Karabo ya Mmatota
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Thusa Bana ba Gago go Gola Sentle
    Tsogang!—1997
  • Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 6/8 ts. 28-31

“Bana ba Bokoa”

‘Bana ba bokoa; ke tla tsamaya ka iketlo, ka fa mosepeleng wa bana.’—Jakobe, rre wa bana ba bantsi wa lekgolo la bo18 la dingwaga B.C.E.

GO TSHWARWA makgwakgwa ga bana ga go simolole gone jaanong. Ditšhaba tsa bogologolo—tse di jaaka Ba-Aztec, Bakanana, Ba-Inca le Bafonekia—di itsege ka mokgwa wa tsone o o bosula wa go dira ditlhabelo ka bana. Dithibololo tsa kwa motseng mongwe wa Fonekia wa Carthage (o jaanong e leng motsethokong wa Tunis kwa Afrika Bokone) di bontsha gore bana ba bantsi ba ba ka nnang 20 000 ba ne ba dirwa ditlhabelo tse di yang go modimo Baale le go modimo wa sesadi e bong Tanit gareng ga lekgolo la botlhano le la boraro la dingwaga B.C.E.! Palo eno ke e e boifisang thata fa motho a gakologelwa gore fa Carthage e sa ntse e nonofile go bolelwa fa e ne e na le baagi ba ka nna 250 000 fela.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le setšhaba sengwe sa bogologolo se se neng se farologane. Le mororo setšhaba sa Iseraele se ne se tshela fa gare ga baagelani ba ba neng ba le setlhogo mo baneng, se ne se farologane gotlhelele ka tsela e ba neng ba tshwara bana ba bone ka yone. Rre wa setšhaba seo e bong Jakobe yo e neng e le tlhogo ya lotso, o ne a se tlhometse sekao. Go ya ka buka ya Baebele ya Genesise, fa Jakobe a ne a boela kwa nageng ya gaabo, o ne a fokotsa mosepele wa setlhopha sotlhe se a neng a tsamaya le sone gore a se ke a imetsa bana. O ne a bolela gore: “Bana ba bokoa.” Ka nako eo bana ba gagwe ba ne ba na le dingwaga tse di fa gare ga 5 le 14. (Genesise 33:13, 14, NW) Lotsalo lwa gagwe e bong Baiseraele, lo ne lwa tlotla ditlhoko le seriti tsa bana ka yone tsela e e tshwanang.

Eleruri, bana ba mo motlheng wa Baebele ba ne ba tshwanetse go dira dilo tse dintsi. Fa basimane ba ntse ba gola ba ne ba neelwa thapiso e e mosola ke borraabone mo go tsa temothuo kana mo tirong nngwe, jaaka go betla. (Genesise 37:2; 1 Samuele 16:11) Fa basetsana ba sa ntse ba le kwa gae, ba ne ba rutiwa ke bommaabone ditiro tsa legae tse di tla ba solegelang molemo mo botshelong fa ba setse ba godile. Ragele, mosadi wa ga Jakobe, e ne e le modisa fa a sa le mosetsanyana. (Genesise 29:6-9) Basadi ba basha ba ne ba bereka kwa masimong fa go rojwa le kwa digotlong tsa merara. (Ruthe 2:5-9; Sefela sa Difela 1:6)a Tiro e e ntseng jalo gantsi e ne e dirwa mo tlase ga tlhokomelo e e lorato ya batsadi e bile e ne e kopantswe le thuto.

Mo godimo ga moo, bana ba kwa Iseraele ba ne ba neelwa boipelo jwa go itapolosa le go iitumedisa. Moporofeti Sekaria o ne a bua ka ‘mebila ya motse e e tletseng ka tshimane le tshetsana e tshameka.’ (Sekaria 8:5) Mme Jesu Keresete o ne a bua ka bana ba ba ntseng kwa marekisetsong ba ba letsang folutu le go bina. (Mathaio 11:16, 17) Ke eng se se neng se dira gore bana ba tshwarwe ka mokgwa o o nang le seriti jalo?

Melaometheo ya Maemo a a Kwa Godimo

Fa fela Baiseraele ba ne ba ntse ba utlwa melao ya Modimo, ba ne ba sa nke ba gobolola kana ba sotla bana ba bone. (Bapisa Duteronome 18:10 le Jeremia 7:31.) Ba ne ba leba barwa ba bone le barwadi jaaka “boswa jwa Jehofa,” “tuelo.” (Pesalema 127:3-5) Motsadi o ne a tsaya bana ba gagwe jaaka ‘matswela a motlhware, ba dikanyetsa lomati lwa gagwe lwa bojelo’—ditlhare tsa motlhware e ne e le tsa botlhokwa thata mo setšhabeng seo se se neng se rata go lema! (Pesalema 128:3-6) Mokwalahisitori e bong Alfred Edersheim o bolela gore kwantle ga mafoko morwa le morwadi, Sehebera sa bogologolo se ne se na le mafoko a le robongwe a a dirisediwang bana, lengwe le lengwe le dirisediwa boemo jo bo farologaneng mo botshelong. O konetse ka gore: “Eleruri, batho bano ba ba neng ba lebile ka tlhoafalo botshelo jwa ngwana e le gore ba tle ba teye boemo bongwe le bongwe jo bo latelang lefoko le le tshwanetseng, ba tshwanetse ba bo ba ne ba rata bana ba bone fela thata.”

Mo motlheng wa Bokeresete, batsadi ba ne ba tlhagisiwa gore ba tshware bana ba bone ka seriti le ka tlotlo. Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo thata fa a ne a dirisana le bana ba batho ba bangwe. Mo tiragalong nngwe go ya kwa bofelong jwa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, batho ba ne ba simolola go tlisa bana ba bone kwa go ene. Go phepafetse gore e re ka barutwa ba ne ba dumela gore Jesu o ne a tshwanetse a bo a tshwaregile thata gore a ka tshwenngwa, ba ne ba leka go thibela batho bano. Mme Jesu o ne a kgalema barutwa ba gagwe jaana: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” Jesu o ne a bo a “tsaya bana ka mabogo.” Ga go na pelaelo epe gore o ne a leba bana jaaka ba botlhokwa le ba ba tshwanelwang ke go tshwarwa sentle.—Mareko 10:14, 16; Luke 18:15-17.

Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela borre jaana: “Lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo.” (Bakolosa 3:21) Tumalanong le taelo eno, batsadi ba Bakeresete, ba bogologolo le ba gompieno, ga ba kitla ba letlelela bana ba bone gore ba sotliwe ka mmereko. Ba lemoga gore e le gore bana ba gole sentle mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng, go tlhokega tikologo e e lorato, e ba tlhokomelwang mo go yone le e e bolokesegileng. Batsadi ba tshwanetse go bontsha lorato lwa mmatota. Seno se tla akaretsa go sireletsa bana ba bone gore ba se ke ba bereka mo tlase ga maemo a a koafatsang.

Mathata a Gompieno

Gone, re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1-5) Ka ntlha ya mathata a a boima a ikonomi, kwa dinageng tse dintsi le e leng malapa a Bakeresete a ka nna a fitlhela go tlhokega gore a tlogele bana ba bone gore ba bereke. Jaaka go setse go boletswe, ga go na phoso fa bana ba dira ditiro tse di siameng le tse di rutang. Mmereko o o ntseng jalo o ka nna wa rotloetsa kana wa godisa kgatelopele ya ngwana mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo semoyeng, mo boitsholong kana mo setšhabeng e sa kgoreletse go tsena sekolo mo go tlhokegang, go nna le boitapoloso jo bo lekalekaneng le go ikhutsa mo go tlhokegang.

Ga go na pelaelo gore batsadi ba Bakeresete ba batla gore bana ba bone ba bereke mo tlase ga tlhokomelo ya bone, e seng jaaka makgoba a bathapi ba ba setlhogo, ba ba sa akanyetseng ba bangwe kana ba maferefere. Batsadi ba ba ntseng jalo ba batla go tlhomamisa gore mmereko ope fela o bana ba bone ba o dirang ga o ba dire gore ba sotliwe mo mmeleng, ka tsa tlhakanelodikobo kana mo maikutlong. Gape, ba batla go nna gaufi le bana ba bone. Ka tsela eno ba ka diragatsa seabe sa bone se se theilweng mo Baebeleng sa go nna barutisi ba semoya: ‘O rute bana ba gago mafoko a Modimo ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.’—Duteronome 6:6, 7.

Go feta moo, Mokeresete o bolelelwa gore a utlwele ba bangwe botlhoko, a nne le kamego le go nna pelotlhomogi ka tlekeetso. (1 Petere 3:8) O kgothalediwa go ‘dira se se molemo mo go botlhe.’ (Bagalatia 6:10) Fa dinonofo tse di ntseng jalo tsa bomodimo di tshwanetse go bontshiwa batho botlhe ka kakaretso, a bo motho a tshwanetse go di bontsha thata jang ne mo baneng ba gagwe! Ba dirisa Molao wa Sekagouta—“dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang”—Bakeresete ga ba kitla ba itlogelela go sotla bana ba batho ba bangwe, ba Bakeresetemmogo kana ba batho ba bangwe fela. (Mathaio 7:12) Mo godimo ga moo, e re ka Bakeresete e le baagi ba ba ikobelang molao, ba batla go nna kelotlhoko gore ba se ke ba tlola melao ya puso malebana le selekanyo sa dingwaga tsa batho ba ba ba berekelang.—Baroma 13:1.

Karabo ya Mmatota

Go tweng ka isagwe? Bana mmogo le bagolo ba emetswe ke dinako tse di molemo. Bakeresete ba boammaaruri ba na le tshepo ya gore puso e e tlang ya lefatshe lotlhe e Baebele e e bitsang “bogosi jwa magodimo” e tla rarabolola gotlhelele bothata jono jwa go berekisiwa ga bana ditiro tse di bokete. (Mathaio 3:2) Batho ba ba boifang Modimo ga ba bolo go bo rapelela ka makgolokgolo a dingwaga fa ba ne ba ntse ba re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

Gareng ga dilo tse dingwe, Bogosi jono bo tla tlosa maemo a a dirang gore bana ba berekisiwe ditiro tse di bokete. Bo tla nyeletsa khumanego. “Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.” (Pesalema 67:6, NW) Bogosi jwa Modimo bo tla tlhomamisa gore botlhe ba bona thuto e e tshwanetseng e e theilweng mo dinonofong tsa bomodimo. “Fa ditshiamiso tsa [Modimo] di le mo lefatsheng, banni ba lefatshe ba tle ba ithute tshiamo.”—Isaia 26:9.

Puso ya Modimo e tla senya ditsamaiso tsa ikonomi tse di godisang go sa lekalekane. Go tlhaola batho ka lotso, ka morafe, ka dingwaga kana ka bong go tla bo go seyo ka nako eo, ka go bo molao o o tla bong o laola mo pusong eo e tla bo e le molao wa lorato, o o akaretsang le taolo eno: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Mo tlase ga puso e e ntseng jalo ya tshiamo, bothata jwa go dirisiwa ga bana ditiro tse di bokete bo tla bo bo fedisitswe gotlhelele!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Seno se ne se sa nyenyefatse basadi go ba baya kwa maemong a bobedi mo malokong a lelapa gore ba dire fela tiro ya ntlo kana kwa masimong. Tlhaloso e e ka ga “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” mo go Diane e senola gore mosadi yo o nyetsweng o ne a sa laole ba ntlo ya gagwe fela mme gape o ne a reka le go rekisa ditsha, a tlhoma tshimo e e ungwang, a bo a nne le kgwebo e potlana.—Diane 31:10, 16, 18, 24.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Mosadi yo o Okametseng Basetsana ba Diaka O a Ba Golola

KA DINGWAGA di le 15, Ceciliab o ne a na le mafelo a diaka kwa go sengwe sa ditlhaketlhake tsa Caribbean e bile a a dirisa. O ne a reka basetsana ba ka nna 12 go ya go 15 ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone ba neng ba na le dingwaga tse di kafa tlase ga di le 18. Basetsana bano ba ne ba tshwerwe ba sa rate ka ntlha ya dikoloto tse ba malapa a bone ba neng ba na le tsone. Cecilia o ne a duela dikoloto tseo mme a tsaya basetsana bao gore ba mmerekele. Go tswa mo go se ba neng ba se amogela, o ne a duela dijo tsa bone le dilo tse dingwe mme gape a a beele karolo e nngwe kwa thoko go duela tlhwatlhwa e ba rekilweng ka yone kwa tshimologong. Go ne go ba tsaya dingwaga di le dintsi gore ba gololwe gape. Basetsana bano ba ne ba sa letlelelwa go tswela kwa ntle ga ntlo kwantle ga fa ba na le motlhokomedi wa bone.

Cecilia o gakologelwa sentle tiragalo nngwe. Mmaagwe mosetsanyana mongwe wa seaka o ne a tla beke le beke go tla go tsaya mabokoso a dijo—dijo tse di bonweng ka “tiro” ya morwadie. Mosetsana yoo o ne a godisa morwa. O ne a sa kgone go duela dikoloto tsa gagwe e bile o ne a se na le tsholofelonyana ya gore o tla gololwa. Letsatsi lengwe o ne a ipolaya, a tlogela lekwalonyana le le neng le neela mong wa gagwe morwawe gore a mo tlhokomele. Cecilia o ne a godisa mosimane yono mmogo le bana ba gagwe ba banè.

Mongwe wa barwadi ba ga Cecilia o ne a simolola go ithuta Baebele le barongwa ba Basupi ba ga Jehofa. Cecilia o ne a kgothalediwa go nna teng mo thutong, mme fela kwa tshimologong o ne a gana ka gonne o ne a ise a ke a ithute go bala le go kwala. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ka go nna a ntse a utlwa se se neng se tlotliwa go tswa mo Baebeleng, o ne a lemoga ka moo Modimo o leng lorato le pelotelele ka teng mme a bo a rata le gore o boitshwarelo. (Isaia 43:25) Ka go bo a ne a eletsa gore a ithute Baebele ka boene, o ne a simolola go ithuta go bala le go kwala. Fa a ntse a tswelela ka kitso ya Baebele, o ne a bona go tlhokega gore a tsamaisane le melaometheo ya Modimo ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo.

Letsatsi lengwe, basetsana ba ne ba gakgamala fa a ba bolelela gore ba ka nna ba tsamaya! O ne a ba tlhalosetsa gore se ba neng ba se dira se ne se sa itumedise Jehofa gotlhelele. Ga go na ope wa bone yo o neng a duela sekoloto se ba neng ba se mo kolota. Le fa go ntse jalo, ba babedi ba bone ba ne ba tla go nna le ene. Mongwe wa bone kgabagare o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Cecilia jaanong o na le dingwaga di le 11 a ntse a le morutisi wa Baebele wa nako e e tletseng, a thusa batho ba bangwe go gololesega mo ditirong tse di tlontlololang Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

b Ga se leina la gagwe la mmatota.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela