LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 8/8 ts. 11-13
  • A o Ka Solofela go Tshelela Ruri?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Solofela go Tshelela Ruri?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lebana le “Potso ya Botlhokwatlhokwa”
  • Modi wa Loso
  • Katlholo le Tsholofetso
  • Tsela ya go Lelefatsa Botshelo Jwa Gago—Ka Bosakhutleng
  • Kafa o ka Tshelelang Ruri ka Teng
    Tsogang!—1995
  • A Ruri go a Kgonega go Tshela ka Bosakhutleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A o Ka Kgona go Tila Botsofe?
    Tsogang!—2006
  • Ke Eng fa re Tsofala e Bile re Swa?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 8/8 ts. 11-13

A o Ka Solofela go Tshelela Ruri?

POROFESA mongwe wa thutotshelo ya disele e bong Dr. James R. Smith o ela tlhoko jaana: “Go na le sengwe se se diregang mo teng ga mmele wa motho se se dirang gore a kgone go tshela lobaka lo loleele thata lwa dingwaga di le 115 go ya go di le 120. Go na le tekanyetso e e beilweng—mme le fa go ntse jalo ga re itse gore ke eng se se e laolang.” Dr. Roger Gosden yo e leng moitsethutotshelo o bolela gore ka jalo ga go gakgamatse gore “borasaense ba sa ntse ba tlhoka go bona tsela nngwe ya go isa nako ya bokhutlo kwa pelenyana, mme ke ba le mmalwa fela ba ba akanyang ka go dira jalo.” A seno se tla tloga se fetoga?

Go Lebana le “Potso ya Botlhokwatlhokwa”

Le fa dikgopolo tse di solofetsang go fedisa botsofe di le dintsi thata, bomankge ba le bantsi ba dumalana le Dr. Gene D. Cohen, yo e leng poresidente wa Gerontological Society of America, gore “dikgopolo tsotlhe tseno tse di solofetsang go fedisa botsofe di fetogile go nna tse di sa thuseng ka sepe.” Ka ntlha yang? Mokwadi mongwe wa saense e bong Nancy Shute, mo go U.S.News & World Report, o bolela gore lebaka lengwe ke gore “go tla go fitlha jaanong ga go le fa e le motho a le mongwe yo o itseng gore ke eng se se bakang botsofe le phelelo ya jone e e sa tilegeng, e leng loso. Mme re ka re go alafa bolwetse jo o sa itseng gore bo bakilwe ke eng ke go ratha sekgwa fela.” Dr. Gosden le ene o bolelela gore botsofe e sa ntse e le kgang e e raraaneng: “Bo tlela mongwe le mongwe wa rona, mme re sa ntse re sa itse gore bo tla jang.” O bolela gore “potso eno ya botlhokwatlhokwa ya gore tota ke ka ntlha yang fa bo tla” e a itlhokomolosiwa.a

Kafa go bonalang ka teng, fela jaaka go na le selekanyo sa gore motho a ka taboga lobelo lo lo kana kang, gore a ka tlola bogodimo jo ba kana kang, le gore a ka nwelelela boteng jo bo kana kang mo metsing, ka mo go tshwanang, kakanyo le tlhaloganyo ya motho e lekanyeditswe mo tseleng e e tlhalosang dilo ka yone. Mme go araba “potso ya botlhokwatlhokwa ya gore ke ka ntlha yang,” go bonala go feta tekanyo eo. Ka jalo, tsela e le nngwe fela ya go bona karabo, ke ka go retologela kwa motsweding o o fetang kitso fela ya batho. Ke sona se tota buka ya bogologolo e e tlhabang botlhale, e leng Baebele, e akantshang gore o se dire. Baebele fa e bua ka ga Mmopi, “motswedi wa botshelo,” e re tlhomamisetsa jaana: “Fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone.” (Pesalema 36:9; 2 Ditirafalo 15:2, NW) Ka jalo, fa re batla mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele, le senola gore lebaka la mmatota la go bo batho ba swa ke lefe?

Modi wa Loso

Baebele e re bolelela gore Modimo fa a ne a bopa batho ba ntlha o ne a tlhoma “go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone.” (Moreri 3:11) Le fa go ntse jalo, Mmopi o ne a naya batsadi ba ntlha ba motho se se fetang keletso fela ya go tshelela ruri, gape o ne a ba neela le tshono ya go tshelela ruri. Ba ne ba bopilwe ka mmele le mogopolo o o itekanetseng mme ba ne ba itumelela go tshela mo tikologong e e nang le kagiso. Maikaelelo a Mmopi e ne e le gore batho bano ba ntlha ba tshelele ruri le gore kgabagare lefatshe le tlale ka bana ba bone ba ba itekanetseng.—Genesise 1:28; 2:15.

Lefa go ntse jalo, botshelo jo bo se nang bokhutlo bo ne bo ba tlhoka gore ba dire sengwe. Bo ne bo ikaegile ka gore ba utlwe Modimo. Fa Adame a ne a sa utlwe Modimo, “ruri [o ne a] tlaa swa.” (Genesise 2:16, 17) Se se utlwisang botlhoko ke gore batho bano ba ntlha ba ne ba se ka ba utlwa. (Genesise 3:1-6) Ka go dira jalo ba ne ba fetoga baleofi, ka gonne “boleo ke bosenangmolao.” (1 Johane 3:4) Ka ntlha ya moo, ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, ka go bo “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Ka jalo, fa Modimo a atlhola batho bano ba ntlha o ne a bua jaana: “Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.

Ka jalo, morago ga gore batho bano ba ntlha ba leofe, matswela a boleo a a boletsweng pele gore a tla nna teng, a ne a nwelelela mo dijineng tsa bone, mme ba beelwa bokhutlo. Ka ntlha ya moo, ba ne ba simolola go tsofala le go feleletsa ba sule. Mo godimo ga moo, morago ga gore batho ba ntlha ba kobelwe kwa ntle ga legae la bone la ntlhantlha la Paradaise, le le bidiwang Edene, ba ne ba lebana le kgwetlho e nngwe e e neng ya ama matshelo a bone ka tsela e e utlwisang botlhoko thata—e leng tikologo e e tshwanang le leparego ka kwa ntle ga Edene. (Genesise 3:16-19, 23, 24) Go kopakopana ga mabaka ano a mabedi e leng boswa jwa go se itekanele le tikologo e e makgwakgwa, go ne ga ama batho bano ba ntlha mmogo le bana ba ba neng ba tlile go nna le bona mo isagweng.

Katlholo le Tsholofetso

E re ka diphetogo tseno tse di botlhoko tse di diragetseng mo matshelong a batho bano ba ntlha di diregile pele ga ba nna le bana, ba ne ba tlile go tshola fela bana ba ba tshwanang le bone—ba ba sa itekanelang, ba ba leofang le ba ba tlileng go tsofala. Baebele e bua jaana: “Loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12; bapisa le Pesalema 51:5.) Buka nngwe ya The Body Machine—Your Health in Perspective, e akgela jaana: “Re tshwere makwalo a katlholeloloso a a kwadilweng mo sebopegong sa disele tsa rona.”

Le fa go ntse jalo seno ga se bolele gore ga go na tsholofelo ya botshelo jo bo se nang bokhutlo—botshelo jo bo se nang botsofe le loso. Santlha, go a utlwala go dumela gore Mmopi yo o botlhale thata, yo o tlhodileng botshelo jwa motho le mefuta e mengwe ya botshelo ka methalethale ya yone e e gakgamatsang, a ka alafa mathata ape fela a a dirang gore dijini di se dire sentle, le go naya maatla a a tlhokegang go tsweledisa pele botshelo jwa motho ka bosakhutleng. Sa bobedi, seno ke sone tota se Mmopi a solofeditseng go se dira. Fa a sena go atlholela batho bano ba ntlha loso, Modimo o ne a senola ka makgetlo a le mmalwa gore boikaelelo jwa gagwe jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng bo ne bo sa fetoga. Ka sekai, o tlhomamisa jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Ke eng se o tlhokang go se dira gore o bone go diragadiwa ga tsholofetso eno?

Tsela ya go Lelefatsa Botshelo Jwa Gago—Ka Bosakhutleng

Se se kgatlhang ke gore morago ga gore mokwadi mongwe wa saense e bong Ronald Kotulak a botsolotse babatlisisi ba kalafi ba ba fetang 300, o ne a bolela jaana: “Borasaense ga ba bolo go itse gore lotseno lwa madi, tiro le thuto, ke dilo tsa botlhokwatlhokwa tse di kgonang go bolelela pele boitekanelo jwa batho le gore ba tla tshela lobaka lo lokae. . . . Le fa go ntse jalo, thuto ke yona e e tlhagelelang e le ya botlhokwa go di feta tsotlhe mo go boleleleng pele gore motho o tla tshela lobaka lo lo kana kang.” O ne a tlhalosa jaana: “Fela jaaka dijo tse re di jang di nonotsha tsamaiso ya rona ya mmele ya go thibela malwetse gore e kgone go lwantshana le megare e e tshwaetsang e e ka tsenyang matshelo a rona mo kotsing, thuto le yone e re sireletsa kgatlhanong le go dira ditshwetso tse di sa siamang.” Jaaka mmatlisisi mongwe a ne a bua, “thuto e go ruta tsela ya go laola lefatshe la gago” le tsela ya go “fenya dikgoreletsi tse di ka nnang teng.” Ka gone, go ntse fela jaaka mokwadi Kotulak a tlhalosa, gore thuto ka tsela nngwe ke “selotlolo se se isang kwa botshelong jo bo itekanetseng sentle le jo boleele.”

Ka mo go tshwanang kgato ya ntlha e e isang kwa go boneng botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng ke thuto—go ithuta Baebele. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go anya kitso kaga Jehofa Modimo, Mmopi, kaga Jesu Keresete le kaga thulaganyo ya thekololo e Modimo o e rulagantseng, ke one fela mofuta wa thuto o o tla baakanyetsang motho gore a tseye kgato ya ntlha mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28; Johane 3:16.

Basupi ba ga Jehofa ba tshwara thulaganyo ya go ithuta Baebele e e ka go thusang go bona kitso eno e e nayang botshelo ya Baebele. Etela nngwe ya Diholo tsa bone Tsa Bogosi go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka thulaganyo eno e e sa duelelweng, kgotsa ba kope gore ba go etele ka nako e e go siametseng. O tla bona gore Baebele e na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore nako e atametse ya fa botshelo bo tla bo bo sa tlhole bo tlile go kgorelediwa ke maparego le go lekanyediwa ke bokhutlo. Ke boammaaruri gore loso lo laotse ka diketekete tsa dingwaga, mme le fa go ntse jalo go ise go ye kae lo tlile go fedisiwa ka bosakhutleng. A bo e le tebelelo e e itumedisang jang ne mo batsofeng le mo basheng ka go tshwana!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Borasaense ba ba ithutang ka botsofe ba itlhametse dikgopolo di le dintsi tse di farologaneng (nako nngwe fa di ne di balwa, di ne di feta 300!) tse di tlhalosang gore go tla jang gore motho a tsofale. Le fa go ntse jalo dikgopolo tseno ga di tlhalose gore gone ke ka ntlha yang fa a tsofala.

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Kgato ya ntlha ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ke go ithuta Baebele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela