Go Tswa go Tau e e Kurutlang Go ya Go Kwana e e Pelonomi
JAAKA GO BOLETSE ENRIQUE TORRES, JR.
KE TSHOTSWE ka 1941 kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa Puerto Rico, koo go buiwang Se-Spain thata teng. Batsadi ba me ba e neng e se batho ba maemo mo setšhabeng ba ne ba tsena kereke ya Katoliki ya Roma, mme go le bone, go le bokgaitsadiake le morwarre (yo o neng a tlhokafala fa a sa ntse a le ngwana), go le nna, ga re a ka ra rutiwa sepe ka bodumedi, e bile re ne re ya sewelo kwa kerekeng.
Lelapa la etsho le ne la tloga kwa Puerto Rico go ya kwa United States ka 1949. Re ne ra nna kwa New York City kwa Harlem Botlhaba, e e neng e itsege e le El Barrio. Re ne ra nna koo go fitlha ka 1953. Go ne go le thata mo go nna go ithuta Seesemane. Sekgoreletsi seno se ne sa dira gore ke ikutlwe ke sa tshwanelege.
Go Tlhotlhelediwa ke Dilo Tse di Duleng mo Tseleng
Go tswa foo lelapa la rona le ne la fudugela kwa Prospect Heights kwa Brooklyn. E ne e le mo lobakeng lono mo ke neng ka tlhotlhelediwa ke balekane ba me go nna karolo ya segopa sa mo mmileng. Moragonyana ke ne ka bidiwa molaodi wa sone. Morago ga moo ke ne ka nna moeteledipele wa segopa se sengwe, se se neng se utswa dikoloi. Gape ke ne ka nna morongwa (ke phutha dikoloto tsa go betšha tse di seng kafa molaong) wa baduedisi ba batho ba ba betšhang ba ba neng ba nna gaufi le rona. Go tswa foo, ke ne ka tswelelapele ka simolola go thuba mo matlong a batho go utswa mme ke ne ka tshwarwa ka makgetlho a le mmalwa pele ga ke nna dingwaga di le 15. Ke ne ke setse ke tlogetse sekolo ka nako eo.
Fa ke na le dingwaga di le 16, puso e ne ya nthomela dingwaga di le tlhano kwa Puerto Rico e le karolo ya kotlhao ya me e e tlhofofaditsweng. Ke ne ka romelwa kwa go rremogolo le lelapa la gagwe. E ne e le lepodise le le rotseng marapo le le neng le itsege thata e bile le tlotliwa. Le fa go ntse jalo, ngwaga morago ga moo rremogolo o ne a mpusetsa kwa Brooklyn ka gonne ke ne ke lwa thata fa ke tagilwe, ke tsalana le batho ba ba sa batlegeng e bile ke thuba mo matlong a batho go utswa.
Seabe sa ga Rre mo Botshelong Jwa Me
Fa ke boela kwa New York City go tswa kwa Puerto Rico, ke ne ka fitlhela gore rre o ne a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa me jone bo ne bo lebile ntlheng e sele. Ke ne ka tswelela fela ka go tshela botshelo jo e seng jwa bomodimo le go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa mo go feteletseng. Ke ne ka nna leloko la segopa sa magodu a a thubelang batho le go ba thukhutha ka ditlhobolo, se se neng sa dira gore ke tshwarwe ka 1960. Ke ne ka bonwa molato mme ka atlholelwa dingwaga di le tharo kwa kgolegelong.
Ka 1963, ke ne ka fokolediwa dingwaga mme ka gololwa. Mme go ise go ye kae ke ne ka tshwarwa gape ka ntlha ya go thuba ke utswa, mme ke ne ka tlhatlhelwa dingwaga di le pedi kwa kgolegelong kwa Setlhaketlhakeng sa Rikers kwa New York City. Ke ne ka gololwa ka 1965. Le fa go ntse jalo, mo go one ngwaga oo, ke ne ka tshwarelwa go bolaya. A bo ke ne ke le selalome jang ne, ke tshwana le tau!
Kgotlatshekelo e ne ya nkatlholela dingwaga di le 20 kwa Dannemora kwa bokone jwa New York. Koo ke ne ka fitlha ka tsenela segopa sa kwa kgolegelong.
Le fa go ntse jalo, jaaka go boletswe pelenyana, rre o ne a ithuta Dikwalo le Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana o ne a kolobediwa le go direla e le mogolwane kwa phuthegong nngwe kwa Harlem. O ne a nketela gantsi fa ke ne ke le kwa kgolegelong e bile ka metlha o ne a bua le nna ka Modimo, leina la Gagwe le maikaelelo a Gagwe.
Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke le kwa kgolegelong kwa Dannemora, ke ne ka nna karolo ya setlhopha se se neng se adimana ka madi, se se neng se adimisana ka madi mme se batle merokotso e e kwa godimo thata. Mo nakong eno, ka 1971, go ne ga tsoga dikhuduego kwa Kgolegelong ya kwa Attica kwa New York State. Go ne ga tlotliwa thata ka khuduego eno mo makwalodikgannyeng a le mantsi mme ga buiwa ka yone mo radiong le mo thelebisheneng mo lefatsheng lotlhe. Morago ga khuduego eno, motlhokomedi o ne a bona go tlhokega go tlhopha bagolegwa ba ba ka nnang le tlhotlheletso e e sa siamang mo batshwarweng ba bangwe, go thibela gore seo se se ka sa diragala kwa Dannemora. Bano o ne a dira gore ba tlhaolwe mo go ba bangwe mme ba nne mo matlong a bone kwa thoko.
Mo bagolegweng ba le 2 200, go ne ga tlhaolwa ba le 200 ba rona. Fa re ntse re tlhaolwa jalo, bangwe ba ne ba tlhophelwa go ya go itewa botlhoko thata. Mo godimo ga moo, e le karolo ya se go neng go twe ke “kalafi ya go tokafatsa boitsholo,” go ne ga tsenngwa diokobatsi mo dijong.
E ne e se lantlha ke tlhaolwa mo go ba bangwe ka ntlha ya boganana. Le fa go ntse jalo, e ne e le lantlha ke tshwarwa setlhogo jalo, mme seno se ne sa nkama fela thata. Ke ne ke bofilwe matsogo, maoto a me a golegilwe ka dikeetane mme ke ne ke itewa botlhoko ke balebeledi ka dinako tse di farologaneng. Gape ke ne ke tshwanela ke go itshokela go nna ke tlhapadiwa ka lotso lwa me kgapetsa gonne ke le wa setšhaba se sele. Ka ntlha ya go tshwarwa botlhoko jalo le go itewa, ke ne ka simolola go ngalela dijo mo lobakeng lo ke neng ke tlhaotswe ka lone, mo go neng ga tsaya dikgwedi di le tharo. Seno se ne sa dira gore ke fokotse mmele ka dikilogerama di le 23.
Fa rre a botsa balaodi ba kgolegelo gore ke ka ntlha yang ke lwala jaana ba ne ba mo itlhokomolosa fela. Seno se ne sa dira gore ke itlhoboge, mme ka simolola go kwalela boradipolotiki gore ba nthuse kaga go tshwarwa makgwakgwa jaana.
Rre o ne a buisana kgapetsakgapetsa le makwalodikgang kaga go itewa, go sotlwa le go tsenngwa ga diokobatsi mo dijong tsa bagolegwa ba ba kwa matlong a ba tlhaotsweng mo go one. Ke lokwalodikgang lo le longwe fela lwa Amsterdam News, lo lo neng lwa tsiboga ka setlhogo se se malebana le maemo a a hutsafatsang ano. Gape rre o ne a ya kwa go Mokomisinara wa Dikgolegelo kwa Albany kwa New York ka makgetlho a a farologaneng mme ka metlha o ne a bolelelwa gore ke mo kgolegelong e e tlwaelegileng fela. Boradipolotiki ba ne ba itlhokomolosa pego ya me e e kaga maemo a a kwa kgolegelong. Ke ne ka kgobega marapo le go feta, ka go ne go bonala go se na kwa ke neng ke ka tshabela teng.
Mme ka nako eo, ke ne ka simolola ka gakologelwa dilo dingwe tse rre a neng a mpolelela tsone. Ke ne ka swetsa go rapela Modimo gore a nthuse.
Go Retologela Kwa Modimong
Pele ga ke rapela, ke ne ka gakologelwa kafa rre a neng a nthotloetsa thata ka teng gore ke se ke ka rapela Jesu mme ke rapele Rraagwe Jesu, yo leina la gagwe e leng Jehofa. Ke ne ka khubama fa fatshe mo seleng mme ka ikwatlhaela thata tsela ya botshelo e ke e tlhophileng, e e dirileng gore ke fetse mo go fetang sephatlo sa botshelo jwa me mo kgolegelong. Ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a nthuse gore ke tswe mo boemong jono ka gonne jaanong ke ne ke lemoga gore ke ene fela yo o nang le maatla a go nkgolola mo bothateng jono.
Ga ke itse gore ke ne ka rapela lobaka lo lokae, mme ke ne ka ipobola dilo tsa nako e e fetileng le go rapela Jehofa ka go ikwatlhaya gore a intshwarele. Ke ne ka solofetsa gore ke tla leka go ithuta thata ka ene. Moragonyana fela ga moo, ke ne ka gololwa mo go tswalelweng ke le mongwe mo go se e neng e kete ke molete wa kgolegelo go ya kwa kgolegelong e e tlwaelegileng ya batho botlhe. Ka jalo ke ne ka tlogela go ngalela dijo.
E le go diragatsa tsholofetso ya me ya go ithuta go le gontsi ka Jehofa, ke ne ka simolola go bala New World Translation of the Holy Scriptures. Sengwe se se neng sa nkgatlha thata ka thanolo eno ya Baebele e ne e le khabara ya yone e e mmala o motala. Seno se ne sa nkgatlha ka gonne diaparo tsa kgolegelo, disele, dipota le diphashiti tsotlhe di ne di le putswa, boputswa jo bo hutsafatsang. Moragonyana, se se neng sa nkgakgamatsa ke gore mmala wa dilo tseno tsotlhe o ne wa fetolwa go nna botala jwa dimela. Mmala ono o ne wa tlhophiwa ke Lephata la Dikgolegelo morago ga botsuolodi jwa kwa kgolegelong ya kwa Attica.
Gape ke ne ka simolola go bala ditlhogo tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, tse rre a neng a rulagantse gore ke di romelelwe. Go bala maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa ba bantsi jaana ba ba neng ba tshwarwa ka go bo ba ne ba nitame mo tumelong ya bone le ba ba fetileng mo dilong tse di maswe go mpheta go ne ga nkama maikutlo thata. Fano e ne e le batho ba ba neng ba sa dira tlolomolao epe mme ba ba neng ba tshwerwe makgwakgwa ka go bo ba ne ba ikanyega mo Modimong. Nna, mo letlhakoreng le lengwe, ke ne ke boga ka tsela e e ntshwanetseng. Fa ke ntse ke bala maitemogelo ano, ke ne ka amega pelo thata mme seno se ne sa nkgothaletsa go ithuta go le gontsi ka Jehofa le batho ba gagwe.
Kgabagare, ngwaga morago ga moo, ke ne ka ya kwa pele ga lekgotla la go golola magolegwa le go a beela melelwane. Kgetsi ya me e ne ya tlhatlhobiwa, go akaretsa le tsela e ke neng ke tshwerwe ka yone kwa ntlong ya kgolegelo e e kgethegileng. Ke ne ka itumelela go utlwa gore ke ne ke tlile go gololwa ka 1972 le fa ke ne ke beetswe melelwane mengwe.
Dibeke di le pedi fa ke sena go gololwa, ke ne ka nna teng kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la rona, kwa Harlem ya Se-Spain. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke ikutlwa ke sa tshwanelege go kopanela le batho ba ga Jehofa. Gape ke ne ke sa ntse ke tlhoka go ithuta go le gontsi ka Jehofa, phuthego ya gagwe le batho ba gagwe. Gape ke ne ke tlhoka nako ya go tlwaelana gape le batho morago ga go fetsa nako e ntsi jaana kwa kgolegelong.
Ka maswabi, ga ke a ka ka kgona go latlha ditsela tsa me tsa bogologolo. Ke ne ka boela gape kwa diokobatsing, kwa thubakanyong le kwa tseleng e e boikepo ya botshelo. Kgabagare seno se ne sa dira gore ke tshwarwe gape le go atlholelwa dingwaga di le 15. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ikutlwa gore Jehofa o tshwanetse a bo a bone sengwe se se molemo mo pelong ya me, ka a sa ka a ntatlha. Ke a go tlhomamisetsa gore e ka tswa o le kwa kgolegelong kana nnyaa, Jehofa ga a kitla a tlogela kana a latlha batho ba ba ratang go ithuta ka ene.
Go Ithuta Baebele Kwa Kgolegelong
Mo nakong eno, ke boetse kwa kgolegelong kwa Dannemora, ke ne ka dirisa sebaka se se neng se le teng sa go ithuta Baebele beke le beke le modiredi mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana ke ne ka fudusediwa kwa Kgolegelong ya Mid-Orange, kgolegelo e e se nang tshireletso e e gagametseng thata jalo kwa bokone jwa New York. Eno e ne e farologane le kgolegelo e tshireletso ya yone e gagametseng thata ya kwa Dannemora.
Morago ga dingwaga di le pedi ke le kwa Kgolegelong ya Mid-Orange, ke ne ka simolola go nna le seabe ka tlhoafalo mo thutong ya Baebele e mongwe wa magolegwakanna a neng a na le yone, e e neng e dumeletswe ke balaodi ba kgolegelo. Mmaagwe, yo o neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mo rulaganyeditse go nna le thuto eno. Kwa bokhutlong, ka go nna ke tswelela ke anya kitso, ke ne ka simolola go dirisa melaometheo ya Baebele, e kgabagare e neng ya dira gore ke gatele pele semoyeng.
Morago ga go ganelwa go gololwa ka go beelwa melelwane ka makgetlho a le supa, mo lekgetlhong la borobedi ba ne ba nkgolola jalo le fa gone ba ne ba sa dire ka pelo yotlhe. Lebaka le le neng le ntshiwa mo nakong e e fetileng fa go ntse go ganwa ke gololwa e ne e le gore ke “rata bokebekwa thata.” Ke ne ka gololwa morago ga go nna dingwaga di le 8 tsa katlholo ya dingwaga di le 15.
Go Feletsa ke Golotswe mo Lefifing
Fa ke sena ke gololwa, ke ne ka fapoga gape mme ka boela go sekae kwa go diriseng diokobatsi. Gape ke ne ke nna le mosadi mongwe re ise re nyalane kafa molaong. Fa e sa le seno se simolola ka 1972. Le fa go ntse jalo, ka 1983, ke ne ka simolola gape go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mo nakong eno, ke ne ka simolola go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, pele ga ke ithuta le go nna teng kwa dipokanong, ke ne ka tlogela go dirisa diokobatsi le go tlogela go goga.
Le fa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke nna le mosadi wa me mo e seng kafa molaong, e leng selo se melao ya Modimo ka lenyalo e sa se dumeleng. Seno se ne se tshwenya segakolodi sa me, ka jalo ke ne ka leka go mo dira gore a amogele thuto ya Baebele le go dira gore re nyalane kafa molaong. Mme le fa go ntse jalo o ne a bolela gore Baebele ke buka ya motho e e dirilweng ke banna go gatelela basadi le gore go ne go sa tlhokege gore re nyalane.
Ke ne ka lemoga gore ke ne ke se kitla ke tswelela go nna le kamano e e sa siamang le mosadi yo o neng a sa tlotle melao ya Modimo ya lenyalo. Ka jalo, ke ne ka emisa kamano ya rona mme ka fudugela kwa Brooklyn. Ke ne ke itse gore ke ne nka se bue le batho ba bangwe ka Modimo le maikaelelo a gagwe fa maemo a me a ne a sa dumalane le melao ya gagwe.
E re ka ke ne ke gololesegile mo dikgolaganong tsotlhe tse di seng kafa dikwalong e bile ke ithutile Baebele ka dingwaga di le tharo, ka segakolodi se se phepa ke ne ka neela botshelo jwa me mo go direng go rata ga Modimo le go supa seno ka go kolobediwa kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. Tsholofetso e ke neng ka e dira ya go itse Modimo yo rre a neng a umaka leina la gagwe ka metlha, ke sengwe se ke iseng ke se ikwatlhaele. Gape tsholofetso ya me go Jehofa fa ke ne ke le kwa moleteng wa kgolegelo kwa Dannemora ke e ke tla dirang ka natla go e boloka go fitlha a lere ditshegofatso tsotlhe tse a di solofeditseng mo Lefokong la gagwe.
Go Leba Kwa Pele Kwa Paradaiseng
Ke lebile pele thata go bona nako e Jehofa a tlileng go fetola lefatshe leno lotlhe go nna paradaise e ntle. (Pesalema 37:11, 29; Luke 23:43) Gape ke lebile pele kwa tsholofetsong e nngwe ya Modimo—go tsosa baswi gore ba bone sebaka sa go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) A bo e tla nna nako e e monate jang fa ke tla bo ke amogela gape go tswa kwa mabitleng batho botlhe ba ba suleng ba ke neng ke ba rata, go akaretsa le rre, morwarre le bangwe ba ke ba itseng ba ba suleng ba sa ntse ba le bannye! Gantsi ke akanya ka tsholofelo eno mme e dira gore ke itumele thata. Sengwe se ke se itumelelang gone jaanong ke gore bokgaitsadiake ba babedi le bana bangwe ba bone ba neetse matshelo a bone go Jehofa e bile ba kolobeditswe.
Jaanong, fa ke ntse ke bolelela ba bangwe ka tumelo ya me e bile ke tlotla ka maitemogelo a botshelo jwa me, ke itumelela thata go ba itsise ka mafoko a a gomotsang a ga mopesalema, a a boletsweng mo go Pesalema ya 72:12-14: “O tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe.”
Bopelotelele jwa ga Jehofa mo go nna bo intumedisitse thata e bile bo dirile gore ke kgone go ithuta le go nna le dinonofo tse a batlang batho ba gagwe ba nne le tsone—e seng tsa bolalome tse di jaaka tsa tau, mme dinonofo tsa kagiso, bopelonomi le maikutlo a a bori tse kwana e nang le tsone. Seno se botlhokwa, ka gonne jaaka Lefoko la Modimo le bontsha, “o tla bontsha ba ba pelonolo kamogelo.”—Diane 3:34, NW.
[Mafoko a a mo go tsebe 18]
“Ke ne ka tshwarwa gape ka ntlha ya go thuba ke utswa, mme ka tlhatlhelwa dingwaga di le pedi kwa kgolegelong ya kwa Setlhaketlhakeng sa Rikers kwa New York City. Ke ne ka gololwa ka 1965. Le fa go ntse jalo, mo go one ngwaga oo, ke ne ka tshwarelwa go bolaya. A bo ke ne ke le bolalome jang ne, ke tshwana le tau!”
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Letsatsi le ke kolobeditsweng ka lone