“Lo Fetotse Boikutlo Jwa me ka Basupi ba ga Jehofa”
KE KAFA modiredimogolo mongwe wa kgolegelo ya kwa Poland a ileng arabela ka teng fa a sena go bala ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa, jaaka e begilwe mo makasineng wa rona wa October 15, 1998. Setlhogo se se reng “Fa Dipelo Tse di Thata di Nolofala,” se ne se supa kafa Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba atlega ka teng go dira le bagolegwa ba kgolegelo ya Wołów kwa Poland.
Pele ga makasine o o umakilweng fa godimo wa Tora ya Tebelo o gololelwa babadi, go ne ga rulaganngwa pokano e e kgethegileng ka September 13, 1998 gore bagolegwa ba kgolegelo ya kwa Wołów ba o newe. Batho ba ba neng ba laleditswe go nna teng e ne e le Basupi ba lefelo leo, bagolegwa ba ba kolobeditsweng le bagolegwa ba bangwe ba ba kgatlhegang, le badiredibagolo ba le mmalwa ba kgolegelo. Dikakgelo tse di latelang ke tse di neng tsa dirwa ke bangwe ba ba ba neng ba le teng.
Jerzy, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a kolobediwa kwa kgolegelong dingwaga tse di fetang tse tlhano tse di fetileng, o ne a re: “Ke itumetse thata, ka gonne ke kgona go bala ka matsapa a bakaulengwe ba diphuthego tse di gaufi ba ileng ba a dira go re thusa.” O ne a oketsa jaana: “Ke nna ke ntse ke leka go tokafatsa botshelo jwa me, mme ke kgona go bona kafa Jehofa a ntseng a mpopa ka teng.”
Mogolegwa yo mongwe, yo o bidiwang Zdzisław, o ne a bolela jaana malebana le tiro ya go neela bosupi mo kgolegelong: “Gone jaanong, go na le bagolegwa ba le banè ba ba ipaakanyetsang go kolobediwa mme batho ba basha ba ba kgatlhegang ba ntse ba tswelela ba nna teng mo dipokanong mo holong ya rona. Setlhogo seno se re tlhotlheletsa thata gore re tswelele pele ka tiro mo tshimong eno.” A bo e le boikutlo jo bo siameng jang ne, fa re tla go akanya gore Zdzisław o sa ntse a tshwanela go nna dingwaga di le 19 mo kgolegelong!
Fa modiredimogolo mongwe wa kgolegelo ya Wołów a sena go bala setlhogo seno, o ne a bolela jaana: “Ke tlotla e kgolo thata mo go rona. Le ka motlha ga ke ise ke tle ke akanye gore kgolegelo eno e tla buiwa sentle phatlalatsa jaana ka dipuo di le 130 mo lefatsheng. Ke a lo rata e bile ke anaanela maiteko a lo a dirileng go thusa bagolegwa.” Modiredimogolo yo mongwe o ne a oketsa jaana: “Lo fetotse boikutlo jwa me ka Basupi ba ga Jehofa. Pele ke ne ke lo leba jaaka batho ba ba tseegang maikutlo ka bodumedi. Mme jaanong ke bona gore lo batho ba ba tshelang ka melaometheo.”
Mokaedi wa kgolegelo ya Wołów e bong Marek Gajos o ne a nyenya a bo a re: “Sa ntlha re ne re akanya gore lo ka se kgone go dira sepe. Re ne re akanya gore lo bodumedi jo bongwe fela jo bo tlhoafaletseng go thusa bagolegwa gore ba fetoge ka go dirisa Baebele. Le fa go ntse jalo, e rile re bona matswela a ntlha a tiro ya lona, re ile ra swetsa go dirisana mmogo le lona. E setse jaanong e le dingwaga tse robongwe lo ntse lo tla fano lo sa lape, mme ke anaanela thata se lo setseng lo se dirile go fitlha jaanong.”
Mme gone, bagolegwa ba bangwe ka kakaretso ba kgolegelo ya Wołów ba ne ba tsibogela jang setlhogo seno? Bagolegwa ba ne ba kgatlhega thata jaana mo e leng gore Basupi ba ba mo kgolegelong ba ne ba aba dimakasine tsotlhe tse ba neng ba na le tsone. Badiredibagolo le bone ba ne ba supa fa ba kgatlhega ka go kopa dikhopi tse di oketsegileng tse 40. Go lepalepana le tlhokego e e oketsegileng eno, diphuthego tse di gaufi di ile tsa thusa ka go romelela bakaulengwe ba ba kwa kgolegelong dikhopi tse di oketsegileng tse 100. Mo godimo ga moo, ba ba neng ba nna teng kwa dipokanong kwa kgolegelong ba ne ba oketsega.
Piotr Choduń, modiredimogolo mongwe wa kgolegelo yo o neng a dirisana thata le Basupi ba ga Jehofa, o ne a re: “Re ile ra swetsa go tsenya setlhogo seno mo matloleng a rona otlhe a dipontsho a kgolegelo ya rona. Re solofela gore bagolegwa botlhe ba ba iseng ba ithute Baebele le lona ba tla bala makasine ono.”
Sekao se sentle sa Basupi le maiteko a bone a go ikemisetsa go rera a ntse a tswelela pele a nna le matswela a mantle. Mo godimo ga bagolegwa ba le 15 ba ba ileng ba gatela pele go fitlha ba kolobediwa, go na le badiredibagolo ba le 2 ba kgolegelo ba ba ileng ba ineela mo go Jehofa mme modiredimogolo yo mongwe wa kgolegelo o ile a kopa thuto ya Baebele. Gone mme, bakaulengwe ba ba rerang mo kgolegelong ya kwa Wołów ba neela Jehofa Modimo tlotlo yotlhe ka ntlha ya katlego ya bone.—Bapisa 1 Bakorintha 3:6, 7.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Basupi ba le bararo le mogolegwa fa go ne go bontshiwa makasine ono kwa holong ya kgolegelo e ba tlhatlhelelwang mo go yone