Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Gasa Peo ya Bogosi ka Lobaka Longwe le Longwe
LEFOKO la Modimo, e leng Baebele, le kgothaletsa go dira ka natla. Kgosi Solomone o ne a re: “Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo; gonne ga o itse e e tlaa tlhomamang, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tlaa nna molemo tsoo pedi tsa tshwana fela.”—Moreri 11:6.
Ka lobaka longwe le longwe lo lo tshwanelang, Basupi ba ga Jehofa ba jala “peo” ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Mo dinageng tse di fetang 230 le ditlhaketlhake, ga ba ‘bakele go ruta le go rera Jesu, fa e le Keresete.’ (Ditiro 5:42) Maitemogelo a a latelang a bontsha kafa Basupi ba ga Jehofa ba ‘sa ikgogoneng letsogo’ ka gone mo tirong ya go rera.
◻ Kwa Repaboliking ya Cape Verde, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tsamaya fa thoko ga kgolegelo fa a ntse a le mo bodireding jwa tshimo. Bagolegwa bangwe ba ne ba dutse mo setlhareng mo lebaleng la kgolegelo. Fa ba bona Mosupi kwa tlase, bagolegwa bano ba ne ba mo goa ba batla dimakasine. Mosupi o ne a bofelela dimakasine di le mmalwa tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo letlapeng mme a di latlhela kwa go bone kwa godimo ga lebota la kgolegelo. Ka ntlha ya kgatlhego eno e ba neng ba simolola go nna le yone, go simolotswe dithuto tse 12 tsa Baebele. Bagolegwa ba le bararo ba neetse matshelo a bone go Modimo e bile ba itlhagisitse go kolobediwa mo metsing. Mongwe wa bagolegwa o ntse a direla e le moreri wa nako e e tletseng, kana mmulatsela, mo go setseng go fetile ngwaga jaanong. Le fa go ntse jalo, ba dira ditiro tsa tirelo ya bone ya tshimo jang mo kgolegelong? Santlha kgolegelo e kgaogantswe ka ditshimo. Mme tshimo e abelwa Basupi ba bararo mme ba dira sele nngwe le nngwe. Baboledi bano ba Bogosi ba boela kwa go bontshitsweng kgatlhego gone ka tsela e e tshwanang fela le e Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe ba dirang ka yone—ka go dira maeto a go boela. Le fa go ntse jalo, selo se le sengwe fela se se sa tshwaneng ke makgetlho ao dithuto tsa Baebele di tshwarwang ka one. Go na le go ithuta Baebele gangwe fela kana gabedi mo bekeng ka sebaka sa ura, bagolegwa bangwe ba ithuta letsatsi le letsatsi! Mo godimo ga moo, motsamaisikakaretso wa kgolegelo o neile Basupi tetla ya go tshwara dipokano tsotlhe tsa phuthego mo kgolegelong.
◻ Mosadi mongwe kwa Portugal o ne a fiwa dikgatiso di le mmalwa tsa Watch Tower morago ga loso lwa ga mmaagwemogolo boswa. E re ka e ne e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a sa kgatlhegele go nna le dibuka tseo. Le fa go ntse jalo, o ne a sa batle go di latlha. Ka letsatsi lengwe o ne a bolelela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a tlile kwa go ene a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo ka ga laeborari eno. Mosupi o ne a mo botsa gore a o ne a itse gore laeborari eno e botlhokwa go le kanakang. Mosadi yono o ne a araba jaana: “Gone ke boammaaruri gore ga ke itse botlhokwa jwa tsone, mme nka bo itse jang?” Mosadi yoo o ne a amogela thuto ya Baebele, mme ka bonako o ne a simolola go rata laeborari ya ga mmaagwemogolo. Gone jaanong le ene ke Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. Mo godimo ga moo, morwadie le tsala e e gaufi ya lelapa, le bone ba ithuta Baebele. A bo dibuka tseno di itshupile e le boswa jo bo botlhokwa thata jang ne!