LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/03 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Tota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?
    Tsogang!—2001
  • A Tharabololo ke Yone e Bakang Bothata?
    Tsogang!—2001
  • “Lo Fetotse Boikutlo Jwa me ka Basupi ba ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 4/03 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke ditlhagiso dife tse re tshwanetseng go di tsaya tsia fa re neela magolegwa bosupi?

Go na le magolegwa a a ka nnang dimilione di le robedi lefatshe ka bophara, ba bangwe ba bone ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo. (1 Tim. 2:4) Ofisi nngwe ya lekala e amogela makwalo a a ka nnang 1 400 kgwedi le kgwedi a a tswang kwa magolegweng le ba malapa a bone ba kopa dibuka kgotsa gore ba etelwe. Le fa ba le bantsi ba magolegwa ano ba kgatlhega ka tsela ya mmatota, maitemogelo a bontsha gore bangwe ba itira e kete ba a kgatlhega, ba batla fela go ja batho ba Modimo ntsoma. Ka ntlha ya seno, botlhe ba tshwanetse go tsaya ditlhagiso tse di latelang tsia tse di malebana le go neela magolegwa bosupi.

Gantsi magolegwa a neelwa bosupi ka go kwalelwa makwalo. Go akantshiwa thata gore bokgaitsadi ba se ka ba kwalela magolegwa a banna makwalo, tota le fa e ka ne e le ka boikaelelo jwa go ba thusa semoyeng. Boikarabelo joo bo tshwanetse jwa dirwa fela ke bakaulengwe ba ba tshwanelegang. Bokgaitsadi ba ba tshwanelegang ba ka nna ba abelwa go kwalelana le magolegwa a basadi ba ba kgatlhegelang boammaaruri jwa Baebele ka mmatota. Magolegwa ga a tshwanela go romelelwa madi kgotsa dimpho, tota le fa ba kgona go kopa dilo tseno.

Fa motho yo o tshwerweng a kgatlhega, leina le aterese ya gagwe di tshwanetse go romelelwa phuthego e e mo lefelong la kgolegelo eo. Gantsi bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba koo ba itse kafa ba ka dirisanang ka gone le maemo a a farologaneng a a ka nnang a nna gone. Fa go sa itsiwe phuthego e e mo lefelong leo, tshedimosetso eo e tshwanetse ya romelwa kwa ofising ya lekala.

Ga go na molato fa bakaulengwe ba ba abetsweng ba tshwara dipokano le magolegwa gore ba le mmalwa ba ithute ka nako e le nngwe. Le fa go ntse jalo, ga go a tshwanela ga nna le dipokano tse di kgethegileng tse mo go tsone baboledi ba kopakopanang fela le magolegwa ka kgololesego mo dikgolegelong. Mo godimo ga moo, ga go botlhale gore baboledi ba etele kgolegelo jaaka ba rata e bile ga go botlhale go tsalana thata le magolegwa.

E kete re ka nna ‘botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo re le ba ba se nang molato jaaka maphoi’ fa re ntse re rerela magolegwa dikgang tse di molemo.—Math. 10:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela