Kgwebo ya Lefatshe Lotlhe—Kafa e go Amang ka Teng
FA Peter a ne a latlhegelwa ke tiro mo kgwebong nngwe e e neng e akaretsa dinaga di le mmalwa e a e bereketseng ka dingwaga di le 20, lekwalo le le neng le mo itsise ka go latlhegelwa ga gagwe ke tiro le ne la supa ka tlhamalalo gore molato ke wa “thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane.” Fa madi a kwa Thailand, e leng baht, a ne a latlhegelwa ke halofo ya boleng jwa one, tona ya matlotlo ya naga eo e ne ya tlhaga mo thelebisheneng e kgala thata “thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane.” Fa tlhwatlhwa ya reise e ne e tlhatloga ka diperesente di le 60 kwa nageng nngwe kwa Borwabotlhaba jwa Asia, ditlhogo tsa dikgang mo go rekisiwang makwalodikgang teng di ne tsa itsise jaana: “Ke Thulaganyo ya go Dira gore Ikonomi ya Lefatshe e Tshwane!”
Totatota thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke eng? E ama jang naga ya lona mmogo le madi a gago mme ke ka ntlha yang fa e go ama? Ke eng se se tlhotlheletsang selo seno?
Thulaganyo ya go Dira Gore Ikonomi ya Lefatshe e Tshwane ke Eng?
Mo ikonoming, thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke go fetola diikonomi tse di ikemetseng ka nosi tsa bosetšhaba go di dira ikonomi ya lefatshe ka bophara. Mo “motseng wa lefatshe lotlhe” wa gompieno, go dirwa ga dilo go ile ga ama dinaga tsotlhe, le madi a anama kwantle ga mathata le ka bonako go kgabaganya melelwane. E batla e nna kgwebo e e se nang melelwane. Mo thulaganyong eno, dikgwebo tse di akaretsang dinaga tse di farologaneng di na le maatla a magolo, fa babeeletsi ba ba sa itsiweng bone ba kgona go humisa kana go humanegisa karolo epe fela ya lefatshe.
Thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke yone e bakileng e bile e teng ka ntlha ya diphetogo tse dikgolo mo go tsa tshedimosetso. E tlhotlhelediwa ke go tokafala mo gogolo mo dilong tsa tlhaeletsano, go ntsifala go go gakgamatsang ga dilo tse dikhomputara di kgonang go di dira, le go tlhabololwa ga mafaratlhatlha a tshedimosetso, a a jaaka Internet. Dilo tseno tsa boranyane jwa saense di thusa go kopanya batho ba ba sa kgoneng go kopana. Ditlamorago e nne dife?
A ke Tshegofatso E e Sa Tlhomamisegeng?
Go ya ka babueledi ba yone, thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane e ka nna selo se se tshwanang le setsokotsane sa kgwebo le peeletso ya madi se se agang diikonomi le go tlhabolola le e leng dinaga tse di humanegileng thata tsa lefatshe. Ka sekai, ka bo1990 fela, babeeletsi ba dinaga di sele ba ne ba dirisa diranta di le dibilione di le thataro go tlhabolola diikonomi. Go beeletsa kwa dinageng di sele, go go ntseng go oketsega ka tsela e e sa tlwaelegang jaana, go dirile gore go kgonege go aga ditsela, maemafofane le madirelo kwa dinageng tse di humanegileng. Eleruri thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke yone e tokafaditseng maemo a botshelo mo dinageng dingwe go ralala lefatshe. Peter Sutherland, yo o leng modulasetulo wa Khansele ya Tlhabologo ya Kwa Dinageng Tsa Moseja ga Mawatle o bolela gore “go tla go fitlha bosheng jaana, go ne go tsaya bobotlana lobaka lwa dikokomana tse pedi gore maemo a botshelo a tokafale gabedi go feta jaaka a ne a ntse, mme kwa China, maemo a botshelo gone jaanong a tokafala gabedi go feta jaaka a ne a ntse mo dingwageng dingwe le dingwe di le 10.” Go elwa tlhoko gore thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke yone e lereng ditshono tse dintsi thata mo bathong ba le dikete di le dimilione. Go atologa go gogolo thata jaana ga kgwebo ya lefatshe go dirile gore go tlhagisiwe dilo di le dintsi thata, ka botswerere jo bogolo thata, e bile go tlhodile le ditiro tse disha.
Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba yone ba ganetsa ka gore thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane e ka diga diikonomi ka ponyo ya leitlho. Go tobetsa go sekae fela mo khomputareng go ka koafatsa boleng jwa madi a naga e e rileng ka bonako thata, ga ja madi a a bolokilweng ke batho ba le dimilione ba ba a bereketseng ka thata. Mafoko a a tshosang a a builweng ke motlhotlhomisi mongwe wa maemo a a kwa godimo mo go tsa ikonomi a ka dira gore ka ponyo ya leitlho fela setlhopha se se tshogileng sa babeeletsi ba rekise dilwana tsa bone kwa Asia, ka go dira jalo ba dira gore dikarolo tse dingwe di nne di se na madi mme kgabagare dimilionemilione tsa batho di feleletse di humanegile thata. Setlhopha sa bakaedi se ka dira tshwetso ya go tswala madirelo a sone kwa Mexico mme sa a bula kwa Thailand—se tlhola ditiro kwa Asia mme se tlogela malapa a le makgolokgolo kwa Latin America a le mo lehumeng.
Batho ba le bantsi ba bontsha gore thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane e dirile gore botshelo bo nne bokete thata mo bathong ba le bantsi le gore e tsenya bontlhanngwe jwa lefatshe mo kotsing ya gore le salele kwa morago. Sutherland o boletse jaana: “Ga go gakgamatse go bo maemo a a swabisang a ikonomi mo dinageng tse dintsi tse di kwa borwa jwa Sahara kwa Afrika a bontsha gore ga a kgone go lepalepana le ikonomi ya lefatshe mme ka jalo, di sa kgone go gweba ka katlego le go ngoka dipeeletso.”
Ditlamorago Tse di Tshwaetsang Tse Di ka Go Humisang Kana Tsa go Humanegisa
Seno se go ama jang? Diikonomi tsa selegae, tsa setšhaba, le tsa kgaolo di a golagana e bile di na le tsela e di amanang ka yone. Ka gone, matshwao mangwe a a kotsi mo ikonoming ya naga nngwe a ka anamela ka bonako thata kwa dinageng tse dingwe—go akaretsa le naga ya lona—a ba a e tshwaetsa. Ka sekai, mathata a tsa itsholelo a lefatshe a a neng a senya Asia ka 1997 le Russia le Latin America ka 1998 le ka 1999 jaanong a tshosetsa go senya dikhumo tsa United States, dinaga tsa kwa Yuropa, le dinaga tse dingwe tse dintsi tse di tlhomameng mo go tsa itsholelo. Diikonomi tse di neng di lebega di se na mathata ka nako nngwe di ne tsa aparelwa ke mathata mo nakong e e latelang—go bonala e se ka ntlha ya dilo dingwe tse disha tse di diregileng mo teng ga naga ka boyone, mme e le ka ntlha ya mathata mangwe a dinaga di sele. Baitseanape ba tsa ikonomi ba bitsa tiragalo eno ba re ke “go tshwaetsana ga itsholelo.” Lionel Barber wa Financial Times o bolela jaana: “Mathata a tsa itsholelo a direga ka nako e le nngwe mme mo mabakeng a le mantsi a a gakatsana. Go tshwaetsana gono ga go tlhole go tsewa e le kotsi e e ka nnang ya nna teng; ke selo se se setseng se direga.”
Ka jalo, go ralala lefatshe lotlhe, thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane e tsere matshelo a batho ya a rokelela mo kobong e le nngwe fela ya ikonomi. Go sa kgathalesege gore o nna kae, go tshwaetsana gono go go ama ka ditsela di le dintsi. Akanya ka dikai tse di latelang. Fa Brazil e ne e diga boleng jwa madi a yone ka January 1999, borradipolasi tsa dikoko ba kwa Argentina ba ne ba tshoga fa ba lemoga gore batho ba kwa Brazil ba rekisetsa disupamakete tsa kwa Buenos Aires dikoko tsa bone ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata go feta ya bone. Mo godimo ga moo, go wa ga ikonomi ya boditšhabatšhaba go setse go digile tlhwatlhwa ya logong, soy, matute a maungo, nama ya kgomo le tšhisi tsa kwa Argentina. Ditlhwatlhwa tse di kwa tlase le go sa tlhole go rekwa dilo thata go ne ga dira gore dideri di tswalwe koo, mo go neng ga tlogela batho ba le makgolokgolo ba se na mmereko.
Mo godimo ga moo, borradipolasi tsa dikolobe kwa Illinois kwa U.S.A., ba fitlhetse gore le fa pele ba ne ba atlega ka go romelela dinaga tse di humileng tsa kwa Asia nama ya kolobe, jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go fokotsa ditlhwatlhwa tsa bone, ka go bo e ne e sa tlhole e rekwa thata e bile le kgaisano e ne e le kwa godimo thata. Rrapolasi mongwe o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Ga ise re ke re latlhegelwe thata jaana mo madirelong a nama ya kolobe, le e leng ka nako ya Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi.” Mo go yone naga eo, badiri ba madirelo a tshipi ba ne ba lebogisiwa tiro ka go bo dikhampani tsa bone di ne di romelelwa ditshipi tse di neng di tla ka bontsi go tswa kwa China, Japane, Russia, Indonesia le kwa dinageng tse dingwe—tsotlhe di na le madi a boleng jo bo kwa tlase mo go neng go dira gore dilwana tse ba di romelang kwa dinageng di sele di nne tlhwatlhwatlase thata. Ka ntlha ya go tlhoka bareki kwa Asia, dithoro tse di sa rekiwang di ne tsa koelana kwa United States, mme ga tsenya balemirui ba kwa nageng eo mo kotsing.
Ditlamorago tsa thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane di gakatswa gape ke kgang ya gore dibanka le matlole a penshene kwa dinageng tse di humileng di adimile kana di tsadisitse madi a mantsi thata mo “dimarakeng tse di sa ntseng di simolola”—polelwana e e dirisiwang go bolela diikonomi dingwe tsa dinaga tse di tlhabologang. Ka jalo, fa diikonomi tse di ntseng jalo di ne di wa mo nakong ya mathata a tsa itsholelo ka 1997-99, seno se ne sa ama ka tlhamalalo baagi ba ba neng ba amogela penshene kana ba beile madi a bone mo dibankeng tse di latlhegetsweng. Mo e ka nnang mongwe le mongwe o ne a tshogile gore o tlile go latlhegelwa, ka tlhamalalo kana ka ditsela di sele.
Go Humisa ba ba Humileng, go Humanegisa ba ba Humanegileng
Fa go tlhatlhobiwa sentle thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane go fitlhelwa gore e humisa bahumi ba ba kwa dinageng tse di humanegileng le go humanegisa bahumanegi ba ba kwa dinageng tse di humileng. Go tla jang? David Korten o arabela potso eno ka bontlhabongwe mo bukeng ya gagwe ya When Corporations Rule the World: “Ikonomi e e golang ka bonako kwa dinageng tse di bonang madi a a kwa tlase e dira maemafofane a segompieno, dithelebishene, ditselakgolo tsa maemo a a kwa godimo, le mabenkele a maemo a a kwa godimo a a rekisang dilo tse di raraaneng tsa motlakase le diaparo tsa feshene, e direla palonyana e nnye fela ya batho ba ba ikgonang. Ga e ke e tokafatsa maemo a botshelo a ba le bantsi. Mofuta ono wa kgolo o tlhoka gore ikonomi e fetolwe e dirwe gore e dumalane le diromelwantle gore go bonwe madi a dinaga di sele gore go rekwe dilo tse batho ba ba humileng ba di eletsang. Ka jalo, bahumanegi ba tseelwa mafatshe a bone mme a dirisediwa go lema dijalo tse di tla romelwang kwa dinageng di sele. Morago ga moo, ba pele e kileng ya bo e le balemi ba mafatshe ano ba iphitlhela ba tshela mo ditakaneng kwa ditoropong ba amogela madinyana a mannye thata go tswa mo madirelong a a dirang diromelwantle. Malapa a a kgaoganngwa, setšhaba se gatelelwa mo se batlang se tsena mo mathateng a a masisi, mme go bo go tsoga thubakanyo. Mme ba ba solegetsweng molemo ke kgolo eno ya ikonomi ba sa ntse ba tlhoka madi a a oketsegileng a dinaga di sele gore ba kgone go tsenya dibetsa mo nageng tse ba ka itshireletsang ka tsone fa ba tlhaselwa ke batho ba ba ikgatholositsweng ba ba shakgetseng.”
Mo lefatsheng lotlhe, thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane e gateletse badiri jaaka fa dipuso di fokotsa dituelo e bile di isa maemo a go bereka kwa tlase ka maiteko a go ngoka babeeletsi ba dinaga di sele ka go ba solofetsa gore ba tla duela madi a a kwa tlase. Le fa gone dinaga dingwe tse disha tse di nang le madirelo di bone poelo go tswa mo dilong tse dintsi tse di di romelang kwa dinageng di sele ka ntlha ya kgwebo e e gololesegileng ya lefatshe lotlhe, dinaga tse di humanegileng tsone ga di a ka tsa solegelwa molemo ke seno.
Go sa lekalekane ga dilo mo lefatsheng lotlhe go masisi go le kana kang? Akanya fela ka dipalopalo tseno tse di nopotsweng ke Korten: “Gone jaanong [ka 1998] go na le batho ba ba ka nnang 477 ba e leng boradibilione mo lefatsheng lotlhe, go tswa go ba le 274 fela ka 1991. Madi a bone fa a kopantswe otlhe a batla a lekana le madi a a amogelwang ka ngwaga ke sephatlo sa losika loomotho sa batho ba ba humanegileng thata—batho ba le dikete di le dimilione di le 2,8—fa a kopantswe.” Ke eng se se bakang seno? “Ke ditlamorago tse di tlhamaletseng tsa thulaganyo eno e e sa laolweng ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane.”
Go Tlhotlhelediwa ke Bopelotshetlha—A ke Mokgwa o o Siameng?
Bokoa jo bogolo jwa thulaganyo eno ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke bofe? Fa morulaganyi mongwe wa dikgang e bong Jim Hoagland a ne a akgela ka mathata a tsa madi a a neng a nna teng ka 1997-98, o ne a bolela gore bakwalahisitori ba isagwe “ba tla fitlhela gore go nnile le ditshono di le dintsi tse di se kileng tsa dirisiwa, go se dirisane sentle ga ditšhaba le bopelotshetlha jwa batho.” Batho bangwe ba botsa gore: ‘A go tla ke go nne le kagiso le katlego mo lefatsheng lotlhe fa go na le thulaganyo eno ya ikonomi e e lotlhanyang bahumi ba le mmalwa le bontsintsi jwa bahumanegi, e dira gore ba lwe ntwa e e matlho mahibidu? A ke selo se se siameng gore palo e nnye ya bafenyi e nne mo khumong fa palo e ntsi thata ya ba ba fentsweng e patelesega go tshela mo khumanegong e e feteletseng?’
Ke boammaaruri gore bopelotshetlha jo bo feteletseng jono le go tlhaela mo boitsholong di dirile gore go nne le lefatshe le le sa lekalekaneng thata mo go tsa itsholelo. Se se neng sa buiwa ke moitsemolao mongwe dingwaga di le 2 000 tse di fetileng se sa ntse se le boammaaruri: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” (1 Timotheo 6:10) A dipuso tsa batho di ikemiseditse go dirisana ka katlego le bokoa jono jo motho a bo ruileng boswa jwa go sa itekanela? Poresidente wa kwa Brazil e bong Fernando Cardoso, o boletse se se mo tshwenyang: “Tiro ya go akaretsa seemo sa batho mo kgolong eno mo motlheng wa Thulaganyo eno ya go Dira Gore Ikonomi ya Lefatshe e Tshwane e nnile kgwetlho e kgolo, e re ka rotlhe re tshwanelwa ke go dirisana . . . le go tlhaela ga maitsholo go go obamela dimmaraka go go bakileng.”
Kgaratlho E e Sa Tlwaelegang, Ya go Kgaratlhela Maatla le Mekgwa e Mentle
Fa a ne a eme Khonferense ya Lefatshe ya bo22 ya Mokgatlho wa Tlhabologo ya Boditšhabatšhaba ka lefoko, Korten o ne a tlhalosa dipelaelo tsa gagwe malebana le ditlamorago tsa ikonomi ya lefatshe. O ne a bolela gore go na le “kgaratlho e e sa tlwaelegang ya go kgaratlhela maatla le mekgwa e mentle gareng ga batho mo e ka nnang gongwe le gongwe le ditheo tsa ikonomi ya lefatshe. Ditlamorago tsa kgaratlho eno gongwe di ka bontsha gore a lekgolo la bo21 la dingwaga le tshwaya go tsena ga batho mo tlhakatlhakanong ya bopelotshetlha, thubakanyo, go latlhegelwa le go senyega ga tikologo mo go ka feleletsang go dirile gore le rona re nyelele. Kana go tlhaga ga setšhaba se se atlegileng se batho botlhe ba sone ba kgonang go tshedisana ka kagiso e bile ba tshela tumalanong le polanete eno.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]
“LEFATSHE LE SIMOLOLA GO TSHWANA THATA”
Mafoko ano a ne a dirisiwa mo setlhogong sengwe sa makasine wa Asiaweek wa February 26, 1999, o o neng wa bolela jaana: “Lefatshe le nna selo se le sengwe fela ka ntlha ya go elela fela ga kgwebo, madi, tshedimosetso le boranyane jwa saense. . . . Tsela ya go atlega mono ke go akaretsa dinaga tsotlhe: fa go na le dikgaolo le dinaga tse dintsi tse di golagantsweng mo mafaratlhatlheng a polanete eno, batlhagisi botlhe ba lefatshe ba tla nna le dimmaraka tse dikgolwanyane.”
Gape makasine oo o boletse jaana: “Go phutlhama ga ikonomi kwa Asia Botlhaba, Russia le kwa Brazil [mo dingwageng tsa bosheng jaana] go bontshitse gore mo lefatsheng leno le le golaganeng ka ikonomi le ka boranyane jwa saense, ga go botlhale go aga kgaolo nngwe fa tse dingwe tsone di phutlhama.”
Setlhogo sone seo se tlhagisitse kgatlhanong le go dira gore Asia e “kgaphelwe kwa thoko mo ikonoming le mo dipolotiking,” se gakolola babadi gore “ikonomi ya bobedi le ya boraro tse dikgolo go gaisa mo lefatsheng e sa ntse e le Japane le China.” Se ne sa tswelela jaana: “Palo e kgolo ya baagi ba Asia eleruri e tla nna selo se se tshwanetseng go elwa tlhoko.” Batho ba le dimilione di le diketekete ba kwa Asia ba ka se itlhokomolosiwe fela. Ke boammaaruri gore re tshela mo ikonoming e e akaretsang lefatshe lotlhe mme melelwane ya kgwebo e setse e isitswe kwa tlase.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go ile ga bolelwa gore thulaganyo ya go dira gore ikonomi ya lefatshe e tshwane ke yone e e dirileng gore bahumi ba hume thata le bahumanegi ba humanege thata