Se re Ka se Buang ka Dimakasine
Tora ya Tebelo May 15
“A o akanya gore go a kgonega go itse Modimo? [Mo letle gore a arabe.] O ka dumela gore go thata go dumela mo mothong yo re sa itseng go le kalo ka ene. Tota e bile, Baebele e re kgothaletsa go batla Modimo. [Bala Ditiro 17:27.] Ditlhogo tseno di re bontsha kafa re ka itseng Modimo botoka ka teng.”
Tora ya Tebelo June 1
“Ditiragalo tsa bosheng di dira gore batho ba bantsi ba ipotse gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba se nang molato ba swa pele ga nako. A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba swa? [Mo letle gore a arabe, go tswa foo o bo o bula tšhate e e mo go tsebe 7.] A o ka rata go bona gore Baebele ya reng ka nngwe ya ditlhamane tseno tse di tlwaelegileng?” Fa go kgonega, bala lokwalo lo lo umakilweng.
Tsogang! June 8
“Baeteledipele ba lefatshe ba lekeleditse dilo di le dintsi go leka go rarabolola mathata a rona. Tsela nngwe e ba e dirisitseng ke ya go leka go rarabolola mathata a lefatshe lotlhe. Mo makasineng ono, o ka bala kafa maiteko ano a masha a ka tswang a setse a ama botshelo jwa gago ka teng. Gape o ka bala ka go rarabolola mathata a lefatshe lotlhe mo go boleletsweng pele mo Baebeleng.” Morago ga moo bala Mathaio 6:9, 10.
“Batho ba le bantsi ba akanya gore bodumedi le saense di a ganetsana. Bangwe ba bile ba akanya gore ga go kgonege gore motho yo o dumelang thata mo saenseng, a dumele mo Modimong. Wena o akanyang ka seno? [Mo letle gore a arabe.] Tsogang! e tlotla kgang eno ka tsela e e sedimosang tota.”