LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/11 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 2/11 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo February 1

“A o akanya gore tota go a kgonega go itse gore Modimo o ntse jang? [Mo letle gore a arabe.] Ke na le sengwe se se kgatlhang se se buang ka kgang eno.” Bala o bo o tlotle ka dintlha tse di ka fa tlase ga potso 2 mo tsebe 16 le nngwe ya ditemana tse di umakilweng. Tsamaisa dimakasine mme o rulaganyetse go boa o tla go tlotla ka dintlha tse ka fa tlase ga potso 3.

Tsogang! February

“E re ka Baebele e le buka ya bogologolo thata, batho bangwe ba akanya gore ga e boammaaruri fa e bua ka dilo tsa saense. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba gakgamadiwa ke gore Baebele e bolela jaana. [Bala Isaia 40:22.] Setlhogo se se simololang mo tsebe 22 se araba potso e e reng, A saense le Baebele di a tsamaisana?”

Tora ya Tebelo March 1

“Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe ka tiro ya bone ya go rera. A o kile wa ipotsa gore ke eng fa re dira tiro eno? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tlhaloso eno. [Bala Mathaio 24:14.] Makasine ono o araba dipotso tseno: Dikgang tse di molemo tseno ke eng? Bogosi ke eng? Mme bokhutlo jo bo tlang ke eng?”

Tsogang! March

“E re ka batho ba le bantsi ba tshwenngwa ke bolwetse, re tlotla ka temana eno e e gomotsang. [Bala Isaia 33:24.] Fa seno se diragadiwa, o akanya gore botshelo bo tla bo bo farologane jang? [Mo letle gore a arabe.] Go fitlha Modimo a tlisa phetogo eno, go na le dikgato tse rotlhe re ka di tsayang go tokafatsa botsogo jwa rona. Makasine ono o tlhalosa seno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela