Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka February
“Batho ba le bantsi ba akanya gore Diabolo ke ene a bakang bosula mo lefatsheng. Mme ba ipotsa gore: ‘Diabolo o tswa kae? A o bopilwe ke Modimo?’ O akanyang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se re se balang fano.” Mmontshe setlhogo se se ka fa morago mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, mme lo sekaseke serapa sa ntlha le temana e e umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine, o bo o dira dithulaganyo tsa gore o boe gore lo tle go tlotla ka potso e e latelang.
Tora ya Tebelo February 1
“Re ka rata go utlwa gore o akanya eng ka motho yo o tlotliwang thata ke Bakeresete, Bajuda le Bamoseleme. Motho yoo ke Moshe. Ke eng se se tlang mo mogopolong wa gago fa o utlwa ka leina la gagwe? [Mo letle gore a arabe.] Le fa Moshe a ile a dira diphoso, go a kgatlha go utlwa kafa Baebele e mo tlhalosang ka teng. [Bala Duteronome 34:10-12.] Makasine ono o tlotla ka dinonofo di le tharo tsa gagwe tse di molemo le kafa re ka mo etsang ka teng.”
Tsogang! February
“Go tlwaelegile gompieno gore batho ba fudugele kwa nageng e nngwe go ya go batla botshelo jo bo botoka. A o akanya gore ka metlha ba bona se ba se batlang? [Mo letle gore a arabe.] Go fudugela kwa nageng e nngwe ga se selo se sesha. Ela tlhoko sekai seno se se mo bukeng ya ntlha ya Baebele. [Bala Genesise 46:5, 6.] Makasine ono o sekaseka dipotso tseno.” Bontsha mong wa ntlo dipotso tse di kwa bofelong jwa tsebe 6.