Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka February
“A o akanya gore Modimo o na le phuthego gompieno kgotsa a o akanya gore o dirisana le fela batho ka bongwe? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se makasine ono o se bolelang ka batho ba Modimo a ba rulagantseng dingwaga di le dintsi tse di fetileng.” Bula tsebe 16 ya makasine wa Tora ya Tebelo ya February 1 mme o tlotle le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha le bobotlana temana e le nngwe e e umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.
Tora ya Tebelo February 1
“Haramagedona e ntse e le selo se go buiwang thata ka sone mo dingwageng tsa bosheng. A o akanya gore go na le sengwe se batho ba ka se dirang go thibela gore Haramagedona e se ka ya nna teng? [Mo letle gore a arabe.] Lefoko ‘Haramagedona’ le tswa fano. [Bala Tshenolo 16:16. Go tswa foo o bo mmontsha tsebe e ka fa ntle ya makasine.] Makasine ono o na le dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tseno.”
Tsogang! February
“Gompieno batho ba itumelela go tlotla le batho ba bangwe mo Internet. A o akanya gore go na le dikotsi dingwe ka mofuta ono wa tlhaeletsano? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e na le melaometheo e e ka dirang gore dilo tse re di dirang mo Internet di babalesege. [Bula tsebe 6-9 mme o tlotle ka nngwe ya dipotso le nngwe ya ditemana tse di umakilweng.] Makasine ono o tla go thusa go lemoga le go tila dikotsi tse di amanang le go buisana le batho ba bangwe mo Internet.”