Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka September
“Batho ba ditšhaba le ditumelo tse di farologaneng ba rapela letsatsi le letsatsi. A o akanya gore Modimo o reetsa le go araba dithapelo tsotlhe?” Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, mo neye khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo ya September 1 mme o tlotle le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo tsebe 16 le bobotlana temana e le nngwe e e umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.
Tora ya Tebelo September 1
Bontsha motho yo o tlotlang le ene tsebe e e ka fa ntle ya makasine mme o bo o re: “O ka araba jang potso eno? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng. [Bala 1 Johane 5:19.] Go ya ka temana eno, “yo o boikepo” kgotsa Diabolo o busa lefatshe. Mme seno se tsosa dipotso dingwe. Diabolo o tswa kae? A tota ke motho wa mmatota? Modimo o tla mo letla gore a buse lobaka lo lo kana kang? Makasine ono o bontsha se Baebele e se bolelelang.”
Tsogang! September
Batho ba le bantsi gompieno ba ngomogile pelo ka ntlha ya mathata a tsa madi. O akanya gore ke eng fa go le thata jaana go itshedisa? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e na le dikgakololo tse di botlhale tse di thusitseng batho ba le bantsi go dirisa madi a bone sentle. [Bala nngwe ya ditemana tse di mo tsebe 8-9.] Makasine ono o neela dikakantsho tse di mosola tse di ka thusang batho ba ba nang le mathata a dikoloto.”