Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha wa September
“Batho ba le bantsi ba dumela gore letsatsi lengwe Modimo o tlile go ba atlhola go ya ka ditiro tsa bone. A o akanya gore letsatsi la katlholo ke sengwe se o ka se lebelelang pele kgotsa wa se boifa? [Mo letle gore a arabe.] Utlwa gore makasine ono wa reng.” Naya mong wa ntlo makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1 mme lo sekaseke mmogo tshedimosetso e e kafa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo go tsebe 16 mme lo bo lo bala bobotlana lekwalo le le lengwe. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boa lo tla go tlotla ka potso e e latelang.
Tora ya Tebelo September 1
“Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, basadi ba lebane le go bogisiwa ka go kgethololwa le go sa tshwarwe sentle. Ka maswabi, madumedi mangwe a ile a nna le seabe. A tota o akanya gore Modimo o amega ka basadi? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Baebele e laelang banna go tshwara basadi ba bone ka teng. [Bala Baefeso 5:28, 29.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se senolang ka tsela e Modimo a lebang basadi ka yone.”
Tsogang! September
“Batho ba le bantsi ba re botshelo bo tla ya bokhutlong ka letsatsi lengwe mo lefatsheng, gongwe ka ntwa ya nuklea kgotsa ka masetlapelo a tlholego a a jaaka go thulana ga dipolanete tse dinnye kgotsa maemo a a sa laolegeng a bosa. A o akanya gore dipolelelopele tseo tsa bofelo jwa lefatshe di boammaaruri kgotsa a o akanya gore ke ditoro fela? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re naya tsholofetso e e gomotsang. [Bala Pesalema 37:29.] Makasine ono o tlhatlhoba dingwe tsa ditiragalo tse di tlwaelegileng ka bofelo jwa lefatshe mmogo le mabaka a a utlwalang a Baebele a a bontshang se isagwe e tla re tlisetsang sone.”