Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo June 15
“A o akanya gore go a kgonega go itumela le fa re lebane le mathata? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka selo se se ka re kaelang se se ka re thusang go lebana le mathata a botshelo. Gape o tlotla kafa go nna le tsholofelo ya mmatota go ka re nonotshang ka gone.” Bala Tshenolo 21:3, 4.
Tsogang! June
“A ga se boammaaruri gore dikotsi tsa masetlapelo tse di diragetseng bosheng jaana di bontshitse botlhokwa jwa go tsaya ditlhagiso tsia? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlotla ka dilo tse batho ba ba falotseng Kgwanyape ya Katrina ba ithutileng tsone. Gape se bua ka tlhagiso e rotlhe gompieno re tshwanetseng go e tsaya tsia.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 14.
Tora ya Tebelo July 1
“Mo lefatsheng la gompieno le le tletseng ka mathata, batho ba le bantsi ba ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa botshelo bo tletse ka mathata a le mantsi jaana? Fa Modimo a le gone, ke ka ntlha yang fa a sa dire sengwe go fedisa pogo?’ A o kile wa ipotsa dipotso tseno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o re naya dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tse di re nayang lesedi.” Bala 2 Timotheo 3:16.
Tsogang! July
“Gompieno, manyalo a le mantsi a mo mathateng. A o akanya gore banyalani ba tla solegelwa molemo ke go dirisa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng? [Bala Baefeso 4:32. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka melaometheo ya Baebele e e itshupileng e le molemo e e ka re thusang go nna le lenyalo le le itumetseng.”