Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo June 15
“A wa dumalana gore go thata go thapisa bana mo lefatsheng la segompieno? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tsela eno e batsadi ba tlhomamisediwang ka yone gore ba ka atlega. [Bala Diane 22:6.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o neela kgakololo e e molemo e e ka thusang batsadi go lebana le bothata jono.”
Tora ya Tebelo July 1
“Fa re tlhagelwa ke mathata, gantsi re ipotsa gore a tota Modimo o kgathalela batho le gore a o bona tsela e ba bogang ka yone. A o kile wa ipotsa seo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa kafa Modimo a supang ka gone gompieno gore o a amega ka rona le kafa a dirileng tsela ya go tlosa pogo yotlhe ka gone.” Bala Johane 3:16.
Tsogang! July 8
“Batho bangwe ba dumela gore go dumela mo Modimong ga go tsamaisane le saense. Mme a o ne o itse gore go na le baitsesaense ba ba bolelang gore tota saense e tshegetsa kgang ya go dumela mo Mmoping? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka bongwe jwa bosupi jo bo dirileng gore ba fitlhelele tshwetso eo.” Bala Baroma 1:20.
“A wa dumalana gore mo bathong ba le bantsi dingwaga tsa bosha ke nako ya boitumelo mmogo le dikgwetlho? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa diphetogo tse di nnang teng mo basheng. Gape o neela kgakololo e e botlhale e e ka ba thusang gore ba nne le bosha jo bo atlegileng.” Bala Moreri 12:1.