Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo May 15
“A o kile wa ipotsa gore a dilo tse batho ba di dirang mo lefatsheng di ama Modimo ka tsela nngwe? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa ditiro tsa rona di ka amang Modimo maikutlo ka teng. [Bala Diane 27:11.] Makasine ono o sekaseka dikai dingwe tsa batho ba ba ileng ba ipedisa pelo ya Modimo, mme o tlhalosa kafa le rona re ka dirang seo ka teng.”
Tora ya Tebelo June 1
“Batho bangwe ba akanya gore ga go tlhokege go nna mo bodumeding bongwe gore o obamele Modimo. A o kile wa ipotsa ka kgang eo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka rekoto ya kafa Modimo a neng a dirisana ka teng le batho mo nakong e e fetileng. Gape o sekaseka se se kaiwang ke go obamela Modimo ka boammaaruri.” Bala Johane 4:24.
Tsogang! June 8
“Saense ya tsa kalafi e gatetse pele thata mo go lwantsheng malwetse, a mme o akanya gore bolwetse bo tla tsamaya bo fela gotlhelele mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa gore letsatsi lengwe mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla bo a itekanetse fela jaaka go solofeditswe fano.” Bala Isaia 33:24.
“Batho ba le bantsi gompieno ba jewa ke bodutu. Seno se akaretsa go ikutlwa ba sa atamalana le batho ba bangwe. A ga o akanye gore seno se ka utlwisa botlhoko? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bale Pesalema 25:16.] Makasine ono wa Tsogang! o na le dikakantsho tse di mosola tsa go lwantsha bodutu.”