LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 9/8 ts. 24-25
  • Tse Dikgolo Thata le Tse Dinnye Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tse Dikgolo Thata le Tse Dinnye Thata
  • Tsogang!—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokafantle Jwa Lefuka la Serurubele
    Tsogang!—2012
  • Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Lefuka la Serurubele
    Tsogang!—2014
  • Thuto 1
    Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 9/8 ts. 24-25

Tse Dikgolo Thata le Tse Dinnye Thata

“O se ke wa bolaya motoutwana le fa e le serurubele.”—WILLIAM BLAKE (1757-1827).

A O KILE wa leba serurubele se fofafofa gaufi le wena? Ke motho yo o se nang maikutlo fela yo o se kitlang a ema go se nene go kgatlhegela bontle le boleta jwa tshenekegi eno e e kgatlhang. Mme di fitlhelwa gotlhe mo lefatsheng ka bogolo le ka dibopego tse di farologaneng mo e leng gore ga twe go na le mefuta e e ka nnang 15 000 go ya go e le 20 000 ya tsone!

Serurubele se segolo thata se o kileng wa se bona ke sefe? Fa o nna kwa Papua New Guinea, go ka direga gore o bone se segolo go gaisa mo lefatsheng—e leng sa diphuka tse di lekanang le tsa nonyane sa Queen Alexandra, se se nang le diphuka tse di boleele jwa dimilimetara di ka nna 280. Fa legae la gago le le kwa Amerika Bokone kana Bogare, o ka tswa o nnile le tshiamelo ya go bona Homerus swallowtail, e e nang le diphuka tse di boleele jwa dimilimetara di le 150. Serurubele se segolo go di gaisa mo Afrika ke sa African giant swallowtail, se se nang le diphuka tse di boleele jo bo ka nnang dimilimetara di le 230.

Go tweng ka dirurubele tse dinnye thata? Di fitlhelwa kae? The Illustrated Encyclopedia of Butterflies, ya ga Dr. John Feltwell e bolela gore “Pygmy blue, ya kwa Amerika Bokone e e botala jwa legodimo . . . go bonala e le sone serurubele se sennye thata mo lefatsheng, se se nang le diphuka tse di boleele jwa diintšhe di le 1/2–3/4 (dimilimetara di le 15-19).” Serurubele se sennye go gaisa kwa Boritane ke se se mmala wa botala jwa legodimo se sennye, se se nang le diphuka tse di boleele jwa dimilimetara di le 24.

Kwa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go na le matlo a dirurubele a o kgonang go tsamayatsamaya mo go one mme ditshenekegi tseno tse dintle di kotame mo go wena. O ka ithuta go le gontsi thata ka popo eno e e kgatlhang le ka modikologo wa yone wa botshelo—ka phetogo ya sone ya botshelo go tswa go lee le lennye go ya go seboko go ya go mokone go ya go serurubele se se feletseng. Ka jalo, nako e e tlang fa o bona serurubele se fofafofa gaufi le wena, ema, o lebe bontle jwa sone le go ja monate. O tla bo o lebile kgakgamatso—e ka tswa e le kgolo kana e le nnye!

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Dirurubele tse dikgolo thata le tse dinnye thata, sa diphuka tse di lekanang le tsa nonyane sa Queen Alexandra le sa mmala o o botala jwa legodimo sa “pigmy blue” (ka bobedi di lekana le tse o di bonang fano)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Butterflies: Allyn Museum of Entomology, Florida Museum of Natural History

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela