LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 24
  • Bokafantle Jwa Lefuka la Serurubele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokafantle Jwa Lefuka la Serurubele
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefuka la Serurubele
    Tsogang!—2014
  • Lefuka la Serurubele le le Monyang Lesedi
    Tsogang!—2014
  • Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse Dikgolo Thata le Tse Dinnye Thata
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 24

A bo Ne bo Tlhamilwe?

Bokafantle Jwa Lefuka la Serurubele

● Mebala e mentle e e phatsimang ya diphuka tsa dirurubele dingwe e fetofetoga go ikaegile ka gore motho o di lebile a le ntlheng efe. Mmala wa lefuka la serurubele sa mofuta mongwe o bonala sentle e bile o galotse thata jaana mo motho a kgonang go o bona a le bokgakala jwa dimetara di le 805. Ke eng se se dirang gore lefuka la serurubele le tlhomologe jaana?

Ela tlhoko: Mela ya dikhuti tse dinnye tse di mo godimo ga lefuka la serurubele se setala se se bidiwang swallowtail (Papilio blumei) e dira gore lesedi le bonale ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, fa gare ga khuti nngwe le nngwe go bonala lesedi la mmala o o botala jo bo serolwana mme mo matlhakoreng go bonala lesedi la mmala o o pududu. Gape lesedi le le fa gare ga khuti le bonala ka tlhamalalo mme le le mo matlhakoreng le feta pele mo dileiyareng tse dintsintsi tse di dirang gore makhubu a lesedi a oketsege a bo a kgaogane ka selekanyo se se rileng kgotsa a fetofetoge. Mmala o o bonalang morago ga moo o bidiwa structural color ka gonne o dirilwe ka tsela e e raraaneng.

Go ne ga tsaya dingwaga di le lesome gore babatlisisi ba dire sengwe se se tshwanang le bokafantle jwa lefuka la serurubele. Ba solofela gore botegeniki jo bo ntseng jalo bo tla felela ka gore go nne thata gore go dirwe madi a maaka a pampiri kgotsa dikarata tsa maaka tsa sekoloto le gore go dirwe metšhine e e botoka le go feta e e tsayang maatla a letsatsi go dira motlakase. Le fa go ntse jalo, go dira sengwe se se tshwanang le bokafantle jwa serurubele go thata. Porofesa Ullrich Steiner wa Nanoscience Centre ya Cambridge University o kwala jaana: “Le fa baitsesaense ba tlhaloganya ka botlalo saense e e malebana le lesedi, mebala ya tlholego e mentsintsi e e farologaneng ka tsela e e gakgamatsang gantsi e feta se re ka kgonang go se dira ka mekgwa ya rona ya botegeniki.”

O akanya eng? A bokafantle jwa lefuka la serurubele bo nnile gone ka bogone fela? Kgotsa a bo ne bo tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Serurubele se setala sa swallowtail

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Lefuka la serurubele fa le lebilwe ka maekerosekoupo

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Butterfly: Faunia, Madrid; microscopic view: © Eye of Science/​Photo Researchers, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela