LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/14 ts. 16
  • Lefuka la Serurubele le le Monyang Lesedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefuka la Serurubele le le Monyang Lesedi
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefuka la Serurubele
    Tsogang!—2014
  • Bokafantle Jwa Lefuka la Serurubele
    Tsogang!—2012
  • Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Thuto 1
    Se ke Se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 8/14 ts. 16
Serurubele

A LE TLHAMILWE?

Lefuka la Serurubele le le Monyang Lesedi

BAITSESAENSE ba tlhagafaletse gore ba tokafatse didirisiwa tse di dirisang maatla a a tswang mo letsatsing, e le gore ba fokotse tsela e batho ba dirisang ditukisi tsa tlholego ka yone. Moitsesaense mongwe a re: “Tharabololo ya bothata jono e ka tswa e ne e . . . fofafofa fela fa pele ga matlho a rona.”

Lefuka la serurubele le na le makwapa a a jaaka lomepe lwa dinotshe

Lefuka la serurubele le na le makwapa a a jaaka lomepe lwa dinotshe

Akanya: E le gore dirurubele di ithuthafatse fa go le tsididi, di tsharolola diphuka tsa tsone mo letsatsing. Diphuka tsa mefuta mengwe ya dirurubele tsa swallowtail, di kgona go ngoka marang a letsatsi le go a monya. Se se thusang tshenekegi eno go dira jalo ga se mmala o montsho wa yone mme gape ke makwapa a mannyennye a a tlhatlaganeng a a leng mo diphukeng tsa sone. Makwapa ano one a na le mela ya dikhuti tse di jaaka lomepe lwa dinotshi tse di kgaoganngwang ke makhujana a a bopegileng jaaka tlhaka V a a dirang gore letsatsi le tsene mo dikhuting. Tsela eno e e manontlhotlho e lefuka leno le bopegileng ka yone e ngoka lesedi la letsatsi, mme seo se dira gore diphuka tseno di nne bontsho jo bo tseneletseng mme di thuthafatse serurubele ka tsela e e lekaneng.

Lokwalopaka lwa Science Daily lwa re: “Diphuka tsa serurubele ke dingwe tsa dilo tse di senyegang motlhofo mo popong, mme di thusitse babatlisisi gore ba nne le kakanyo ya go tlhama thekenoloji e ntšha e e dirang gore selekanyo sa gase ya haeterojene—leokwane le le sa senyeng tikologo—e e tlhagisiwang ke metsi le letsatsi e menagane gabedi.” Dilo dingwe tse di mosola tse di ka dirwang, ke didirisiwa tse di thusang motho go bona le tse di dirang motlakase go tswa mo marannyeng a letsatsi.

O akanya eng? A tsela e lefuka la serurubele le monyang lesedi ka yone e nnile gone ka boyone fela? Kgotsa a le tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela