LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 10/8 ts. 5-8
  • Lebaka La go Bo Mmino O re Ama

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Mmino O re Ama
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarolo Tsa Mmino
  • Dinôtô Tse di Farologaneng Mme di Tsamaisana, Dinôtô Tse di sa Tsamaisaneng, le Molodi
  • Mmino le Boboko
  • Mmino, Mafoko a Dipina le Wena
  • Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
    Tsogang!—1993
  • Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A o Tla Tlhopha ka Botlhale?
    Tsogang!—2011
  • A go Botlhokwa Gore ke Tlhopha Mmino o o Ntseng Jang?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 10/8 ts. 5-8

Lebaka La go Bo Mmino O re Ama

MMINO le puo ke dinonofo tse di tlhomologileng tse di fitlhelwang mo bathong fela. Go thata go akanya ka lefatshe le le se nang nngwe ya tsone. Buka ya The Musical Mind e bolela jaana: “Puo le mmino ke dinonofo tse di fitlhelwang mo bathong tse go bonalang di le gotlhe mo lobopong.” Ke dilo tsa botlhokwa tse di re kgontshang go fetisetsa molaetsa mo bathong ba bangwe. Ka jalo, fela jaaka go ntse ka puo, go ka buiwa ka mmino ga twe fa o “bua,” maikutlo a rona a a “reetsa.”

Ke ka ntlha yang fa mmino o bua le maikutlo a rona, le gone o dira jalo jang? Go araba potso eno re tlhoka go sekaseka dilo tseno: (1) dikarolo tsa mmino ka botsone le ka fa boboko jwa rona bo di fetisang ka gone; (2) ka fa maikutlo a rona a agegileng ka gone le tsela e re godileng ka yone, e leng dilo tse di tlhotlheletsang tsela e re tsibogelang mmino ka yone; le (3) puo, e le yone e ka amang tsela e re tsibogelang mmino ka yone.

Dikarolo Tsa Mmino

Dilo tse di farologaneng tse di dirang mmino gantsi di bidiwa “dikarolo tsa mmino.” Dikarolo tseno di akaretsa segalo, kgotsa modumo, wa seletswa. Ka sekai, go tlhalosiwa gore French horn e a “poroma,” kgotsa e ntsha kodu, mme modumo wa yone o farologane thata le wa terompeta e e “gelebetegang.” Le mororo ka bobedi jwa tsone e le tsa mofuta o le mongwe fela, kgotsa setlhopha se le sengwe fela sa diletswa tse di budulelwang, sengwe le sengwe sa tsone se ntsha medumo kgotsa mmino ka maatla a a sa tshwaneng. Seno ke sone se se dirang gore seletswa sengwe le sengwe sa mmino se nne le “lentswe” la mofuta wa sone fela. Batlhami ba dipina ba dirisa dinonofo tseno go bopa medumo e e rileng gore ba tlhotlheletse maikutlo a moreetsi.

Go ka direga gore nngwe ya dikarolo tsa ntlha tsa mmino e re tlwaelaneng le yone ke moribo—gongwe fa re sa ntse re le mo popelong, re reeditse go itaya ga pelo ya ga mmè. Go boletswe gore tsela e re tsibogelang moribo wa mmino ka yone e ka tlhotlhelediwa, re sa lemoge, ke go itaya ga pelo kana go hema. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi go lebega ba rata mmino o o nang le moribo o o itayang makgetlo a le 70 go ya go a le 100 ka motsotso—e leng selekanyo sa palogare ya go itaya ga pelo ya motho yo mogolo yo o itekanetseng sentle. Bobotlana seno ke se se akantshiwang mo lokwalopakeng lwa Perceptual and Motor Skills.

Mefuta e e farologaneng ya medumo e dikarolo tseno tsa mmino di kgonang go e dira e utlwala sentle fa motho a reeditse diletswa di le mmalwa tse di farologaneng di letswa mmogo, mme a utlwa le medumo le melodi ya tsone. Molodinyana o o tlhabang wa lenaka la bassoon mo karolong ya bobedi ya pina ya ga Morzart ya basoon, o ka tsosa maikutlo a a kwa teng thata a motho. Molodi o o tlhomolang pelo wa phala ya Bajapane ya shakuhachi, o ka go ama ka tsela e e thobang pelo. Modumo o o gagashang wa saxophone ya porwane o dira gore molodi o o monate wa di-blues o nne lobaka lo loleele thata mo megopolong ya batho ba le bantsi. Morethetho o o poromang wa phala ya tuba mo setlhopheng sa mmino sa Bajeremane gantsi o tsenya batho matlhagatlhaga. Melotsana e e monate ya di-violin tse di tshamekang mmino wa tantshe wa ga Strauss, e dira gore bareetsi ba le bantsi ba batle go ema ba tantshe. Go ya ka Clive E. Robbins wa Nordoff-Robbins Music Therapy Center, kwa New York, batho ba tlhotlheletsega go dira dilo tseno ka gonne “mmino o bua le motho a feletse.”

Dinôtô Tse di Farologaneng Mme di Tsamaisana, Dinôtô Tse di sa Tsamaisaneng, le Molodi

Dinôtô tse di farologaneng mme di tsamaisana di tlhagisa pina e e monate, fa dinôtô tse di sa tsamaisaneng tsone di tlhagisa e e seng monate. Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore dinôtô tseno di a thusana mo dipineng dingwe? Pinanyana nngwe e dinôtô tsa yone tse di farologaneng di utlwalang di tsamaisana sentle e ka tswa e tletse ka dinôtô tse di sa tsamaisaneng go feta jaaka o ka akanya. Fa dinôtô tseno tse di tsamaisanang le tse di sa tsamaisaneng di na le go nna di lela mmogo nako le nako, seno se dira gore go tle go nna le go sa iketlang go go rileng, le fa gantsi re ka nna ra se ka ra go utlwa, go go itlhagisang fela mo maikutlong a rona. Modumonyana ono o o bonolo le o o reketlisang maikutlo o thoba pelo, mme ka fa letlhakoreng le lengwe fa mmino wa dinôtô tse di sa tsamaisaneng o lela o le osi fela o ka sera wa ba wa tsosa maikutlo a a seng monate—fela jaaka go ngapa seleite ka dinala kgotsa go ngapa lomati lwa go kwalela go ntse. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mmino fa e le wa dinôtô tse di tsamaisanang fela, o ka lapisa.

Molodi ke go rulaganngwa go go monate ga dinôtô di beilwe ka go latelana. Go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, lefoko leno la Seesemane le le reng melody le le ranotsweng ka gore molodi, le tswa mo lefokong la Segerika e leng meʹlos, le le kayang “pina.” Go ya ka didikishinare, molodi ke pina e e monate, modumo mongwe le mongwe o o monate.

Le fa go ntse jalo, ga se go latelana gongwe le gongwe fela ga dinôtô go go dirang gore pina e nne monate. Ka sekai, fa dinôtô tse di latelanang di na le dinôtô tse dintsi tse di kwa godimo thata mo pineng, dinôtô tseno di ka dira gore pina e tsose maikutlo mme ga di e dire monate. Ka fa letlhakoreng le lengwe, dinôtô tse di latelanang mme di se na dinôtô tse dintsi tse di kwa godimo di ka dira gore pina e nne monate. Ditsela tse di farologaneng tse dinôtô di rulagantsweng ka tsone le ka fa di fetofetogang ka gone, di dira gore pina e e molodi e utlwale e le botlhoko kgotsa e itumedisa. Fela jaaka go ntse ka pina ya dinôtô tse di farologaneng mme di tsamaisana, pina e e molodi le yone e kgona go baka go sa iketlang go go rileng le go ritibala go go rileng, e ama maikutlo a rona ka ntlha ya go ya kwa godimo le go ya kwa tlase ga segalo—ke gore, ka ntlha ya bogodimo kana botlase jwa nôtô.

Fa dikarolo tseno tsotlhe di kopane, di na le maatla a a kgonang go tlhotlheletsa kgotsa go ritibatsa maikutlo a rona. Seno se bakwa ke ditsela tse di farologaneng tse boboko jwa rona bo tsibogelang le go fetisa mmino ka tsone.

Mmino le Boboko

Batho bangwe ba bolela gore letlhakore la molema la boboko le berekana thata le puo le go kgona go akanya, mme mmino one o berekwa thata kafa letlhakoreng la moja la boboko, le le dirisanang thata le maikutlo. Go sa kgathalesege gore a seno ke boammaaruri kgotsa nnyaa, go phepafetse gore mmino o dira gore batho ba ba o reetsang ba iphitlhele fela ba o tsibogetse ka tsela e e rileng. Lokwalopaka lwa Perceptual and Motor Skills lo o tlhalosa jaana: “Mmino o na le nonofo ya go bopa maikutlo ka bonako le ka botswerere jo bogolo. Selo se se neng se tla tlhoka go tlhalosiwa ka mela e le mentsi mo bukeng . . . , gantsi mo mminong se ka tlhalosiwa ka mola o le mongwe fela kgotsa ka dinôtô di le mmalwa tse di opelwang mmogo.”

Buka ya Music and the Mind, fa e tlhalosa tsela e go bona le go utlwa di amanang ka yone le ka fa dilo tseno tsoopedi di tsibogelang dilo ka gone, e ne ya bolela ntlha eno e e kgatlhang: “Go na le kamano e kgolo magareng ga go utlwa le go tsosiwa maikutlo go feta magareng ga go bona le go tsosiwa maikutlo. . . . Go bona phologolo e e gobetseng kgotsa motho yo o leng mo botlhokong mme a didimetse fela go ka nna ga se ka ga dira gore motho yo o lebileng a amege thata go le kalo. Mme fa a simolola go kua, gantsi motho yo o lebileng o amega thata fela.”

Mmino, Mafoko a Dipina le Wena

Batho bangwe ba dumela gore pina epe fela e e tshamekwang e ama bareetsi botlhe ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba bolela gore tsela e motho a tsibogelang pina ka yone e bontsha tsela e a ikutlwang ka yone ka nako eo kgotsa e bontsha se se kileng sa mo diragalela mo nakong e e fetileng. Sekai sa seno e ka nna fa motho yo o swetsweng ke motho yo a mo ratang a utlwa pina nngwe, gongwe e le kwa lefelong la kobamelo. Pina eno e ka mo gakolola dilo dingwe tsa nako e e fetileng ya ba ya mo hutsafatsa kgotsa ya ba ya dira gore motho yo o utlwileng botlhoko yono a gelele dikeledi mo matlhong. Ba bangwe ba ba sa ikutlweng jaaka ene ba ka opela yone pina eo ka dipelo tse di itumetseng.

Gape akanya ka tsela e French horn le terompeta di tlhalositsweng ka yone pelenyana. O ka nna wa se ka wa dumalana gore French horn e a poroma. Mo go wena e ka utlwala e gelebetega kgotsa e goa thata, fa terompeta yone e ka utlwala e go ama maikutlo a a kwa tengteng. Mongwe le mongwe wa rona o na le motswedi o o tlhomologileng thata wa maikutlo mo teng ga gagwe, o mmino o ka dirang gore o penologe—ka jalo, re tsibogela mmino ka ditsela tsa rona tse di tlhomologileng.

Mmino o thusa go golaganya mafoko kgotsa megopolo le maikutlo. Ka gone, ke dipapatso di le mmalwa fela tsa thelebishene kgotsa tsa radio tse di bapatsang kwantle ga mmino. Gantsi mafoko ga a bue sepe se se kalo se se utlwalang. Le fa go ntse jalo, fa kwa morago go dirisiwa mmino o o tshwanetseng, papatso e tla kgona go ama maikutlo a bareetsi. A bo go le boammaaruri jang ne gore mokgele wa dipapatso di le dintsi ke go dira gore go reka e nne selo se se dirwang ka go tseega maikutlo fela e seng ka gonne go tshwanetse!

Le mororo go bapatsa go ka jela batho madi a mantsi, maatla a mafoko a dipina le a mmino one a kotsi le go feta. Makasine wa Journal of Youth and Adolescence o bontsha gore bakwadi ba dipina ba dirisa mafoko a mmino a a nnang a boaboelediwa gangwe le gape go ruta basha ba dingwaga tsa bolesome gore ba itlhokomolose dipono tsa batho ba bangwe le go “gagamalela se ba se batlang.” Go ya ka motswedi o mongwe wa tshedimosetso, melaetsa e e tlhagisiwang ke “mafoko a a tsosang dipuopuo a mmino wa rap . . . , a a tlhalosang dilo go feta a mmino o o tshwanang le one wa heavy metal,” e ka sutlhelela mo maikutlong a moreetsi le go dira gore motho a se ka a nna botsalano.

A motho a ka kganela tlhotlheletso e e sa siamang ka gore a reetse mmino fela mme a itlhokomolose mafoko a one? Gone mme, go tshwanetswe ga dumelwa gore go ya bokgakaleng jo bo rileng go thata go utlwa mafoko a mmino wa heavy metal le wa rap. Tota e bile, modumo o o kwa godimo thata wa mmino ono gantsi o dira gore mafoko ano a batle a sa utlwale sentle. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a mafoko a, a a utlwala kgotsa ga a utlwale, molaetsa one o sa ntse o le teng mo moribong o o ubang le mo moloding o o ntseng o boaboelediwa!

Jang? Gone mme, ditlhogo dingwe tsa mmino ka botsone di dira gore motho a itirele setshwantsho se se rileng mo tlhaloganyong. Mo godimo ga moo, mofuta wa mmino ka boone gantsi ke one molaetsa. Go tlhagisiwa molaetsa ofe? Lokwalopaka longwe lwa basha lo bolela jaana: “Go lebega o naya mogopolo wa go nna le maatla, go batla go fitlhelela se o se batlang, le go fenya mo tlhakanelongdikobo.” Lo longwe lo bolela jaana: “Ditlhogo tsa konokono . . . ke botsuolodi jo bo feteletseng, thubakanyo, go dirisa dilo tse di tshwakgolang ka tsela e e sa siamang, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, ditlwaelo tse di maswe thata tsa tlhakanelodikobo, le kobamelo ya ga Satane.”

Basha bangwe ba bolela gore le fa gone seno e le boammaaruri, bone mmino ga o ba ame ka tsela e e sa siamang. Ba tla bolela gore mmino o o ntseng jalo o ba solegela molemo ka gonne o ba thusa go ‘tlhaloganya gore ke batho ba mofuta mang.’ A mme go ntse jalo? Makasine wa Journal of Youth and Adolescence o akgela jaana: “Ditlhogo tsa kgalefo, tse di rotloetsang letlhoo, le go batla go nna le nonofo go basimane bangwe ba nnang le gone, go ba go tsereng mo mminong wa heavy metal, kwa bokhutlong di ka nna selo se se amogelwang thata ke basimane ba ba sa direng sentle kwa sekolong ba ba boleletsweng gore ba a palelwa.” O oketsa jaana: “Se se gakgamatsang kgotsa se go leng thata go se tlhaloganya ke gore basha ba dingwaga tsa bolesome ba batla botho jo bo sireletsegileng le jwa mmatota ka go dirisa dilo tsa batho botlhe. Go na le gore ba batle botshelo jwa bone ba le bosi fela koo, basha ba dingwaga tsa bolesome ba senka botho jo bo setseng bo dirilwe jo ba bo newang ke lefatshe la dikgwebo.” Ka mafoko a mangwe, motho mongwe o sele o bolelela basha bano gore ba tshwanetse go akanya eng le gore ba tshwanetse go ikutlwa jang.

A re sekasekeng dikhonsata tsa mmino wa roko. Di ama jang matshutitshuti a batho ba ba yang kwa go tsone? Buka ya Music and the Mind e araba jaana: “Ga go belaetse gore ka go gakatsa maikutlo a boidiidi jwa batho le go tlhomamisa gore maikutlo ano a fitlha kwa setlhoeng sa one fa batho ba le mmogo e seng fa a le esi, mmino o na le maatla a go dira gore batho ba se ka ba kgona go akanya dilo sentle, o dira gore ba iphitlhele ba ineetse fela mo maikutlong a nako eo, e leng selo se se kotsi se batho ba se dirang fa ba le bantsi thata.” Ditiragalo dingwe tsa go sa laolesege tse di diregang kwa dikhonsateng tsa mmino wa roko di bontsha ka fa polelo eno e leng boammaaruri ka gone.

Ka jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha mmino wa rona gore re tle re tile go leswefatswa mo mogopolong le mo pelong. Re ka dira seno jang? Setlhogo sa rona se se konelang se tla araba potso eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gantsi mmino o dira gore bareetsi ba batle go tantsha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela