LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 10/8 ts. 9-10
  • Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Mmino

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Mmino
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o le Tekatekano
  • Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
    Tsogang!—1993
  • A go Botlhokwa Gore ke Tlhopha Mmino o o Ntseng Jang?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng Selo sa Konokono—Se Se Ka Dirang Gore O Ipelele Mmino?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 10/8 ts. 9-10

Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Mmino

GOMPIENO kgwebo ya mmino e dira dibilionebilione tsa diranta. Baopedi ba ba tumileng le barotloetsi ba bone ba dira madi a mantsi thata. Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore baopedi ba ba atlegileng thata ba itsege ka go tlhoka boitumelo, dintsho tsa tshoganyetso, le go ipolaya. Mme go na le bosupi jo bo phepafetseng jwa gore mefuta mengwe ya mmino e senya maitsholo, maikutlo le bomoya jwa batho, mme e ka dira gore motho a dire thubakanyo e bile a se ka a nna botsalano.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna le pono e e lekalekaneng ka mmino. Le fa gone go na le dilo di le dintsi jaana tse di sa siamang le tse di kotsi ka botswerere jono, mefuta mengwe ya mmino e ka nonotsha botshelo jwa motho le go mo tlisetsa boitumelo le kgotsofalo ka selekanyo se se rileng. O kgona go re nonotsha mo maikutlong le mo semoyeng. Akanya fela ka dikai dingwe di le mmalwa.

Dipesalema di le 150 tsa Baebele ke botswerere jo bo duleng diatla—maboko a a opelwang, dipina tse di boitshepo, le dithapelo. Gompieno di balwa ka boitumelo ka dipuo di le makgolokgolo. Le fa go ntse jalo, Bahebera ba bogologolo ba ne ba sa bale dipesalema tseno fela; ba ne ba di opela. Gantsi ba ne ba opela jalo ba dirisa le diletswa tse di tshamekang monate—e leng tsela e e nonofileng ya go dira gore botlhale jwa Modimo wa bone, Jehofa, jo bo tlhalosiwang ka mafoko a pina, bo golagane le maikutlo a baopedi ba ba thapisitsweng sentle ba neng ba ka a naya bareetsi. Boleng le setaele sa mmino wa Bahebera e ne e se tse di gagametseng thata kgotsa e bile e se tse di duleng mo nakong, go na le moo, e ne e le tsa maemo a a kwa godimo go gaisa tsa ditšhaba tse di neng di ba potologile ka nako eo.

Moragonyana, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba opela dipesalema le dipina tse dingwe tse di boitshepo go baka Modimo le go gomotsa maikutlo a a gateletsweng. Ka jalo, mmino o ne o natetsha matshelo a bone. Mme ka go opela dipina tse di neng di theilwe mo Baebeleng, ba ne ba nwetsa kitso ya Modimo kwa tengteng mo dipelong tsa bone, e ba neng ba e tlhoka gore e kaele matshelo a bone.—Mathaio 26:30; Ditiro 16:25.

Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela gore mmino o ne o aga botho jwa motho le gore o dira gore monna kgotsa mosadi e nne motho yo o feletseng sentle. Mo lefatsheng leno la lekgolo la bo20 la dingwaga, le le gatelelang go ithuta saense, ikonomi le go dirisa tlhaloganyo, gantsi karolo e e itlhokomolosiwang ke ya go dirisa botswerere jono go godisa maikutlo a motho.

Nna o le Tekatekano

Go reetsa mmino o o molemo e ka nna selo se se molemo le se se itumedisang. Le fa go ntse jalo, motho a ka bona boitumelo jo bogolo le go feta ka go tshameka seletswa sengwe sa mmino kgotsa ka go opela le setlhopha sa ditsala. Go ithuta mmino e ka nna selo se se itumedisang tota.

Gone mme, fela jaaka go ntse ka dilo tse dingwe tse di itumedisang mo botshelong, le mo karolong eno ya boitlosobodutu re tlhoka go nna tekatekano, re akanye sentle, le go tlhopha sentle. Go ntse jalo e seng fela mo mofuteng wa mmino o re o tlhophang mme gape le mo nakong e re e dirisang re reeditse kgotsa re tshameka mmino.

Fa mofuta o o rileng wa mmino o simolola go ama maikutlo, ditiro le dikamano tsa gago le ba bangwe ka tsela e e sa siamang, jalo he tlhopha mofuta o mongwe wa mmino. Sireletsa ditsebe tsa gago gore di sireletse maikutlo a gago gore a sireletse pelo le mogopolo wa gago!

Dira jalo segolobogolo ka mafoko a dipina. A ka simolola go go fetola go ya ka ditsela tse batho ba bangwe ba di eletsang ba ba sa lebeng dilo ka tsela e wena o di lebang ka yone mo botshelong le mo boitsholong, ba mo boemong jwa moo ba ka nnang ba rotloetsa mekgwa ya botshelo e e maswe le e e seng ya bomodimo. Ka dinako tse dingwe le e leng setlhogo sa pina se ka tlhotlheletsa maikutlo a a rileng a a sa siamang.

Lefoko la Modimo, Baebele, le gakolola batho ba ba batlang go mo itumedisa gore “[ba] ise mebele ya [bone] setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a [bone] a go akanya.” (Baroma 12:1) Go phepafetse gore maikutlo a rona ke karolo ya ‘setlhabelo seno se se tshelang.’ Ka jalo, motlhang re lemogang gore maikutlo a rona a simolola go dira gore re se ka ra kgona go akanya dilo sentle le gore re se ka ra kgona go dira dilo sentle ka tsela e e botlhale, e le ka ntlha ya maatla a mmino mo go rona, re tla tshwanelwa ke gore he re fetole mekgwa ya rona ya go reetsa mmino. Gakologelwa: Maatla a mmino a ka ama pelo ya gago le mogopolo wa gago—ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go Godisa Kgono ya go Ithuta

“Dipatlisiso di bontsha gore fa lesea le nna le utlwa mmino o o monate wa dikarolo tse di farologaneng, le nna le bokgoni jo bogolwanyane jwa go ithuta. Le fa go ntse jalo, mo malapeng a le mantsi masea ga nke a utlwa mmino ope.”—Audio, March 1999.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela