Go Godisa Bana mo Afrika mo Dinakong Tse di Thata
JAAKA GO BOLETSE CARMEN MCLUCKIE
Ngwaga e ne e le 1941. Ntwa ya Lefatshe II e ne e fagile. Ke ne ke le mmè wa dingwaga di le 23 go tswa kwa Australia, mme nna le lesea la me la dikgwedi di le tlhano re ne re le kwa kgolegelong kwa Gwelo, kwa Rhodesia Borwa (e jaanong e leng Gweru, kwa Zimbabwe). Mogatsake o ne a le kwa kgolegelong kwa Salisbury (e jaanong e leng Harare). Bana ba bangwe ba rona—wa dingwaga di le pedi le wa di le tharo—ba ne ba tlhokometswe ke bana ba babedi ba monna wa me ba dingwaga tsa bolesome. E re ke tlhalose gore go tlile jang gore ke tsene mo boemong jono.
KE NE ke nna le Mmè le Rre kwa Port Kembla, mo e ka nnang dikilometara di le 50 kwa borwa jwa Sydney kwa Australia. Ka 1924, Clare Honisett o ne a etela Mmè mme a dira gore a kgatlhegele dithuto tsa Baebele ka go mmotsa gore a o tlhaloganya se Thapelo ya Morena e se kayang. Clare o ne a tlhalosa gore go itshepisa leina la Modimo go ne go kayang, mme a bolela le gore Bogosi jono bo tlile go lere jang go rata ga Modimo mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Mmè o ne a gakgametse tota. Le mororo Rre a ne a mo ganetsa, Mmè o ne a simolola go tsenelela kwa tengteng mo boammaaruring jono jwa Baebele.
Moragonyana fela ga moo, re ne ra fudugela kwa motseng mongwe o o neng o le gaufi le Sydney. Nna le Mmè re ne re tsamaya dikilometara di ka nna tlhano go tswa koo gore re fitlhe kwa dipokanong tsa Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Le fa gone Rre a sa ka a nna Mosupi, o ne a letla gore dithuto tsa Baebele di tshwarelwe kwa legaeng la rona. Bomorwarraagwe ba babedi—e bong Max le Oscar Seidel—ba ne ba nna Basupi le maloko a mangwe a lelapa la ga Max mmogo le kgaitsadiake yo mmotlana e bong Terry le nnake wa mosetsana, e bong Mylda.
Ka 1930 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa reka mokorwana wa dimetara di le 16, o morago o neng wa fetolwa leina mme wa bidiwa Lightbearer. Ka dingwaga di le pedi mokorwana ono o ne o tshetletswe kwa tlasenyana mo setsheng sa rona mo Nokeng ya Georges. E ne ya baakanyediwa teng gore e dirisiwe ke Basupi ba ga Jehofa mo tirong ya go rera kwa ditlhaketlhakeng tsa Indonesia. Nna le kgaitsadiake Coral ka dinako dingwe re ne re tle re phepafatse dikamorenyana tsa one le bogodimo jwa one mme re ne re tle re adime lebone le legolo la sekepe go ya go tshwara di-prawn.
Go ya Kwa Afrika le go Nyalwa Teng
Australia e ne ya welwa ke mathata a tsa ikonomi mo bogareng jwa bo1930 mme nna le Mmè re ne ra ya kwa Afrika Borwa go ya go bona gore a lelapa la rona le ka se nne teng. Re ne re na le lekwalo le le neng le re itsise le le tswang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Australia le le yang kwa go George Phillips, yo ka nako eo a neng a okametse tiro ya go rera mo borwa jwa Afrika. George o ne a le kwa boemakepe jwa Cape Town go kgatlhantsha sekepe sa rona. O ne a tsentse buka ya Mokgatlho wa Watch Tower ya Riches mo legwafeng gore re tle re mmone ka yone. Mo go lone letsatsi leo, ka June 6, 1936, o ne a re itsise mo malokong a le matlhano a badiri ba mo lekaleng, go akaretsa le mongwe wa bone e bong Robert A. McLuckie.a Pele ga ngwaga o fela, nna le Bertie—jaaka rotlhe re ne re mmitsa jalo—ke fa re nyalane.
Rraagwemogologolwane wa ga Bertie e bong William McLuckie o ne a tla mo Afrika ka 1817 go tswa kwa Paisley kwa Scotland. Mo maetong a gagwe a ntlha, William o ne a tlwaelana le Robert Moffat, monna yo o neng a tlhama mokwalo wa puo ya Setswana mme a ranolela Baebele mo puong eo.b Mo malatsing ao, William le monkane wa gagwe e bong Robert Schoon e ne e le bone fela banna ba basweu ba ba neng ba ikanngwa ke Mzilikazi, motlhabani yo mogolo mo masoleng a kgosi e e neng e tumile ya Bazulu e bong Shaka. Ka ntlha ya seo, William le Robert e ne e le bone fela basweu ba ba neng ba letleletswe go tsena kwa kgotleng ya ga Mzilikazi, mo toropo ya Pretoria, e e mo Afrika Borwa, e emeng teng gone jaanong. Moragonyana Mzilikazi o ne a fetoga radipolotiki mme mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga a momaganya merafe e le mentsi go e dira bogosi jo bo kopaneng jwa Afrika.
Fa ke kopana le Bertie, e ne e le moswagadi a na le morwadi, e bong Lyall wa dingwaga di le 12 le morwa, e bong Donovan wa dingwaga di le 11. Bertie o ne a ithutile boammaaruri jwa Baebele lwa ntlha ka 1927, dikgwedi di le mmalwa fela morago ga gore mosadi wa gagwe Edna a tlhokafale. Mo dingwageng di le robongwe tse di neng tsa latela, o ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo kwa ditlhaketlhakeng tsa Mauritius le Madagascar le go ralala Nyasaland (e jaanong e leng Malawi), Portuguese East Africa (e jaanong e leng Mozambique), le Afrika Borwa.
Dikgwedi di le mmalwa morago ga gore nna le Bertie re nyalane, re ne ra fudugela kwa Johannesburg le Lyall le Donovan, kwa go neng go le motlhofo gore Bertie a ka bona tiro gone. Ke ne ka direla ka lobakanyana ke le mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Mme ka ima Peter.
Go Fudugela ga Rona Kwa Rhodesia Borwa
Kgabagare, morwarraagwe Bertie e bong Jack o ne a re laletsa go ya go dira le ene kwa moepong wa gauta gaufi le Filabusi, kwa Rhodesia Borwa. Nna le Bertie re ne ra tsamaya le Peter, yo ka nako eo a neng a na le ngwaga e le nngwe fela, fa mmè a ne a tlhokometse Lyall le Donovan ka nakwana. Fa re goroga kwa Nokeng ya Mzingwani, e ne e tletse e bile e penologa, mme re ne re tshwanela ke go e kgabaganya ka go tsena mo lebokosong le le neng le gogwa ka mogala go tswa mo losing lo longwe lwa noka go ya kwa go lo longwe. Ke ne ke na le dikgwedi di le thataro ke imile Pauline mme ke ne ka tshwanelwa ke go tlamparela Peter thata mo sehubeng sa me! Go ne go boifisa, segolobogolo fa mogala o batla o kgoma metsi mo bogareng jwa noka. Mo godimo ga moo, e ne e le fa gare ga bosigo, pula le yone e tshologa! Fa re se na go kgabaganya noka, re ne ra tshwanela ke go tsamaya dikilometara di ka nna pedi gore re fitlhe kwa ntlong ya mongwe wa losika.
Morago re ne ra hira ntlo nngwe ya bogologolo ya polasi e e neng e sentswe ke motlhwa. Fanitšhara ya rona e ne e le nnye thata—nngwe ya yone re e dirile ka mabokose a a dirisediwang tanamaete le dilo tse dingwe tsa motlakase. Pauline o ne a lwala gangwe le gape a tshwerwe ke bolwetse jwa kgorotlha, mme re ne re se na madi a go mo rekela molemo. Ke ne ke utlwile botlhoko thata, mme re ne re leboga fa nako le nako Pauline a falola.
Nna le Bertie re Tsenngwa mo Kgolegelong
Gangwe mo kgweding re ne re ya kwa toropong ya Bulawayo, mo e ka nnang dikilometara di le 80, go ya go rekisa gauta ya rona kwa bankeng. Gape re ne re ya kwa Gwanda, toroponyana e e leng gaufi le Filabusi, go ya go reka dijo le go nna le seabe mo bodireding. Ka 1940, ngwaga fela morago ga gore Ntwa ya Lefatshe II e simologe, tiro ya rona ya go rera e ne ya thibelwa mo Rhodesia Borwa.
Moragonyana fela ga moo, ke ne ka tshwarwa fa ke ne ke ntse ke rera kwa Gwanda. Ka nako eo ke ne ke imile ngwana wa me wa boraro, Estrella. Fa boikuelo jwa me bo ne bo ntse bo akanyediwa, Bertie o ne a tshwarelwa go rera mme a tsenngwa kwa kgolegelong kwa Salisbury, dikilometara di feta 300 go tswa kwa re neng re nna gone.
Boemo jwa rona ka nako eo bo ne bo ntse jaana: Peter o ne a le kwa bookelong kwa Bulawayo a tshwerwe ke mometso o mosweu, mme go ne go sa bonale a ka tshela. Ke ne ke sa tswa go belega Estrella mme tsala ya me e ne e ntsere kwa bookelong ya nkisa kwa kgolegelong go ya go bontsha Bertie morwadie yo mosha. Morago, fa boikuelo jwa me bo ne bo ganwa, ralebenkele mongwe yo o humileng yo o pelonomi wa Moindia o ne a ntuelela beile. Fa nako e ntse e ya, mapodise a mararo a ne a tla kwa moepong go nkisa kwa kgolegelong. Ba ne ba re ke itlhophele. Gore a ke tla tsamaya le leseanyana la me la dikgwedi di le tlhano go ya le lone kwa kgolegelong kana ke tla mo tlogela a tlhokometswe ke bana ba rona ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bolesome e bong Lyall le Donovan. Ke ne ka swetsa go mo tsaya.
Ke ne ka abelwa go bereka go roka diaparo le go phepafatsa. Gape ke ne ka newa motlhokomedi yo o neng a nthusa go tlhokomela Estrella. E ne e le motshwarwakanna yo mosha yo o neng a bidiwa Matossi, yo o neng tsentswe mo kgolegelong botshelo jotlhe jwa gagwe ka go bo a bolaile monna wa gagwe. Matossi o ne a lela fa ke gololwa ka gonne o ne a sa tlhole a tla tlhokomela Estrella. Mosadi yo o neng a tlhokometse basadi kwa kgolegelong o ne a nkisa kwa legaeng la gagwe go ja dijo tsa motshegare mme a ntsenya mo tereneng go ya go etela Bertie kwa kgolegelong e e kwa Salisbury.
Fa nna le Bertie re ntse re le kwa kgolegelong, Peter le Pauline ba babotlana ba ne ba tlhokometswe ke Lyall le Donovan. Le fa Donovan a ne a na le dingwaga di le 16 fela, o ne a tswelela pele ka tiro ya rona ya mo moepong. Fa Bertie a gololwa kwa kgolegelong, re ne ra swetsa go fudugela kwa Bulawayo, ka gonne moepo o ne o sa tlhole o dira sentle. Bertie o ne a bona tiro mo ga ralewe, mme nna ke ne ka oketsa madinyana a rona ka go dirisa bokgoni jo ke neng ke sa tswa go bo bona jwa go roka.
Tiro ya ga Bertie ya go dira ka ditshipi mo seporong e ne ya tsewa e le ya botlhokwa thata, ka jalo o ne a se ka a patelelwa go ya sesoleng. Mo dingwageng tseo tsa ntwa, Basupi ba le mmalwa ba basweu mo Bulawayo ba ne ba kopanela mo ntlong ya rona ya kamorenyana e le nngwe ya borobalo, mme bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba bantsho ba ne ba kopanela golo gongwe go sele kwa toropong. Mme gone jaanong, go na le diphuthego tse di fetang 46 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Bulawayo tse di dirilweng ka bantsho le basweu!
Bodiredi Jwa Rona Morago ga Ntwa
Morago ga ntwa Bertie o ne a kopa ba ga ralewe gore a fudusetswe kwa Umtali (e jaanong e leng Mutare), toropo e ntle e e mo molelwaneng wa Mozambique. Re ne re batla go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi mme Umtali e ne e bonala e le lefelo le le siameng, e re ka toropo eo e ne e se na Basupi. Nakwana e re e ntseng moo, lelapa looraHoltshauzen, le le neng le na le barwa ba le batlhano, le ne la nna Basupi. Gone jaanong go na le diphuthego di le 13 mo toropong eo!
Ka 1947 lelapa la rona le ne la tlotla ka kgang ya gore Bertie a boele mo tirong ya bobulatsela. Lyall, yo o neng a boile go tswa kwa tirong ya bobulatsela kwa Afrika Borwa, o ne a ema kgopolo eno nokeng. Ka nako eo Donovan e ne e le mmulatsela mo Afrika Borwa. Ka jalo, fa ofisi ya lekala ya kwa Cape Town e utlwa ka keletso ya ga Bertie ya go boa a nna mmulatsela gape, ba ne ba mo kopa gore a bule depo ya dibuka kwa Bulawayo. Ka jalo, o ne a tlogela tiro mo ga ralewe mme ra boela teng gape. Moragonyana fela ga moo, barongwa ba ntlha ba ba neng ba tlile mo Rhodesia Borwa ba ne ba goroga mo Bulawayo, go akaretsa le Eric Cooke, George le Ruby Bradley, Phyllis Kite le Myrtle Taylor.
Ka 1948, Nathan H. Knorr, poresidente wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower, mmogo le mokwaledi wa gagwe e bong Milton G. Henschel, ba ne ba etela mo Bulawayo mme ba rulaganya gore depo eno e nne lekala, mme Mokaulengwe Cooke ya nna ene molebedi. Mo ngwageng o o latelang, morwadiarona Lindsay o ne a tsholwa. Ka jalo, ka 1950, lekala le ne la fudugela kwa Salisbury, motsemogolo wa Rhodesia Borwa mme le rona re ne ra fuduga teng. Re ne ra reka ntlo e kgolo e re neng ra nna mo go yone ka dingwaga di le dintsi. Ka metlha re ne re na le babulatsela le baeng ba ba neng ba nna le rona, ka jalo lefelo la rona le ne la itsege jaaka hotele ya ga McLuckie!
Ka 1953, nna le Bertie re ne ra nna teng kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa Setadiamong sa Yankee kwa New York City. A bo e ne e le tiragalo e e sa lebalegeng jang ne! Dingwaga di le tlhano morago ga moo, Lyall, Estrella, Lindsay le Jeremy yo o neng a na le dikgwedi di le 16 ba ne ba na le rona ka malatsi otlhe a le robedi kwa kopanong e kgolo ya boditšhabatšhaba ya 1958 kwa Setadiamong sa Yankee le se se neng se le gaufi le sone sa Polo Grounds. Palo e e neng ya roba rekoto ya batho ba ba fetang kwatara ya milione ba ne ba nna teng mo puong ya phatlalatsa mo letsatsing la bofelo!
Kabelo e Ntšha ya go Rera
Bertie o ne a direla ka dingwaga di ka nna 14 kwa ofising ya lekala kwa Salisbury a sa nne mo lekaleng, mme morago ga moo re ne ra swetsa go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone kwa Seychelles. Re ne ra rekisa legae la rona le fanitšhara mme ra tsenya dilwana tse di setseng tsa rona mo koloing ya rona ya Opel. Lindsay o ne a na le dingwaga di le 12 mme Jeremy di le 5, fa re ne re tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 3 000 mo tseleng e e maswe ya mmu go kgabaganya Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia), Tanganyika (e jaanong e leng karolo ya Tanzania), le Kenya, kgabagare ra goroga kwa motseng wa boemakepe wa Mombasa.
Mombasa e ne e le mogote thata, le fa go ntse jalo e ne e na le losi lwa lewatle lo lontle. Re ne ra tlogela koloi ya rona le Mosupi mongwe wa mo lefelong leo mme ra tsena mo loetong lwa sekepe lwa malatsi a le mararo go ya kwa Seychelles. Fa re goroga, re ne ra kgatlhantshiwa ke Norman Gardner, monna yo o neng a bone kitso ya motheo ya boammaaruri jwa Baebele go tswa go Mosupi mongwe kwa Dar es Salaam, kwa Tanganyika. O ne a re rulaganyetsa gore re hire ntlo kwa Sans Souci Pass e e neng e agetswe lepodise le le neng le disa Mobishopomogolo wa Greek Orthodox e bong Makarios, yo o neng a tshabile go tswa kwa Cyprus ka 1956.
E re ka ntlo ya rona e ne e katogile mo go tse dingwe, morago ga kgwedi re ne ra fudugela kwa ntlong e e neng e le gaufi le losi lwa lewatle kwa Beau Vallon. Gone re ne ra laletsa batho go tla mo dipuong tse Bertie a neng a di neela mo mathuding a ntlo ya rona. Re ne ra simolola thuto ya Baebele le booraBindschedler mme dikgwedi di le mmalwa moragonyana, Bertie a ba kolobetsa le morwadiabone yo ba mo ikgodiseditseng le Norman Gardner le mosadi wa gagwe. Gape re ne ra tsamaya le Norman ka sekepe sa gagwe go ya kwa Setlhaketlhakeng sa Cerf, kwa Bertie a neng a neela dipuo tsa Baebele mo ntlong ya mokoro gone.
Fa re na le dikgwedi di ka nna nnè re le mo Seychelles, mookamedi wa mapodise o ne a re bolelela gore re tshwanetse go tlogela go rera go seng jalo re tla kobiwa. Re ne re na le madi a mannye e bile ke ne ke le moimana gape. Re ne ra swetsa go tswelela ka go rera ga rona phatlalatsa. Mo godimo ga moo re ne re itse gore gone re tlile go tsamaya mo nakong e e fa gautshwane. Ka jalo, fa sekepe se se latelang se goroga go tswa kwa India mo e ka nnang kgwedi morago ga moo, re ne ra kobiwa mo nageng eno.
Loeto lo lo Kotsi Lwa go Boela Morago
Fa re goroga kwa Mombasa, re ne ra ya go tsaya koloi ya rona mme ra leba kwa borwa mo tseleng ya mmu ya mo losing. Fa re fitlha kwa Tanga, enjene ya koloi ya rona e ne ya robega. Madi a rona a ne a setse a fela mme mongwe wa losika le Mosupi yo mongwe ba ne ba re thusa. Fa re le kwa Mombasa, mokaulengwe mongwe o ne a ithaopela go re naya madi fa re ne re ka ya kwa bokone kwa Somalia go ya go rera teng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ikutlwe sentle, ka jalo re ne re batla fela go boela gae kwa Rhodesia Borwa.
Re ne ra kgabaganya go tswa kwa Tanganyika go ya Nyasaland mme ra ya kwa tlase kwa bophirima jwa Letšha la Nyasa, le gone jaanong le bidiwang Letšha la Malawi. Ke ne ke lwala thata jaana mo ke neng ka kopa Bertie gore a ntatlhele mo thoko ga tsela gore ke swele teng! Re ne re le gaufi le toropo ya Lilongwe, ka jalo o ne a nkisa kwa bookelong jwa gone. Ke ne ka tlhabiwa ka lomao lwa mmorofene mme ka nna botoka. E re ka ke ne ke sa tlhole ke kgona go tswelela ka loeto lwa koloi, Bertie le bana ba ne ba tsamaya dikilometara di le 400 ka koloi go ya kwa Blantyre. Mongwe wa losika o ne a nthulaganyetsa go tsamaya ka sefofane malatsi a le mmalwa moragonyana gore ke kopane le bone gone. Go tswa kwa Blantyre ke ne ka tsamaya ka sefofane go ya kwa Salisbury mme Bertie le bana ba ne ba feleletsa loeto la go ya gae ka koloi.
A bo rotlhe re ne ra itumela jang fa re goroga kwa Salisbury kwa legaeng la morwadiarona Pauline le monna wa gagwe! Ka 1963, gofejana wa rona e bong Andrew o ne a tsholwa. O ne a na le lekgwafo le le sa berekeng e bile go ne go solofetswe gore ga a kitla a tshela mme ka lesego o ne a tshela. Kgabagare re ne ra fudugela kwa Afrika Borwa mme ra nna kwa Pietermaritzburg.
Go Segofadiwa ka Lelapa le le Lorato
Bertie o ne a tlhokafala ka kagiso a na le dingwaga di le 94 ka 1995 mme fa e sa le ka nako eo ke ntse ke nna ke le nosi mo legaeng la rona fano. Mme fela ga ke nosi fela! Lyall le Pauline ba direla Jehofa mmogo le bamalapa a bone fano mo Afrika Borwa, mme bangwe ba bone ba nna gone fano mo Pietermaritzburg. Lindsay le lelapa la gagwe ba kwa California kwa U.S.A., kwa botlhe ba leng Basupi ba ba tlhagafetseng teng. Bana ba rona ba babedi ba bannye, Jeremy le Andrew, ba fudugetse kwa Australia, kwa ba nyetseng teng ka boitumelo e bile ba direla e le bagolwane kwa diphuthegong tse di farologaneng.
Bana botlhe ba rona ba le robedi ka nako nngwe ba kile ba nna le seabe mo bodireding jwa bobulatsela mme ba le barataro ba ile ba direla kwa diofising tsa lekala tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Donovan o ne a aloga mo tlelaseng ya bo16 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate ka February 1951 mme a direla e le molebedi yo o etang kwa United States pele ga a boela gae go tla go dira kwa ofising ya lekala ya mo Afrika Borwa. Gone jaanong ke mogolwane wa Mokeresete kwa Klerksdorp, mo e ka nnang dikilometara di le 700 go tloga mo Pietermaritzburg. Estrella o nna le monna wa gagwe e bong Jack Jones, kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York.
Leitibolo la me e bong Peter, o ne a fetsa dingwaga di le mmalwa a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, mo tirong ya bobulatsela le kwa ofising ya lekala ya Watch Tower kwa Rhodesia. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ke ne ka hutsafadiwa ke fa a ne a tlogela go kopanela le phuthego ya Bokeresete.
Fa ke leba kwa morago mo botshelong jwa me, nka bolela gore ke itumetse thata go bo ke ne ka tla mo Afrika le mmè fa ke ntse ke le mosha wa dingwaga tsa bolesome. Ke boammaaruri gore botshelo bo ne bo se motlhofo ka metlha, mme e ne e le tshiamelo mo go nna go ema monna wa me nokeng le go godisa lelapa le le neng la thusa go etelela pele go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo borwa jwa Afrika.—Mathaio 24:14.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Kgang ya ga Robert McLuckie ka boene e tlhaga mo go Tora ya Tebelo ya February 1, 1990, ditsebe 26-31.
b Bona tsebe 11 ya boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Mmapa mo go tsebe 20, 21]
(For fully formatted text, see publication)
SOUTH AFRICA
Cape Town
Pietermaritzburg
Klerksdorp
Johannesburg
Pretoria
ZIMBABWE
Gwanda
Bulawayo
Filabusi
Gweru
Harare
Mutare
ZAMBIA
MOZAMBIQUE
MALAWI
Blantyre
Lilongwe
TANZANIA
Dar es Salaam
Tanga
KENYA
Mombasa
SEYCHELLES
SOMALIA
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ke na le Peter, Pauline le Estrella pele ga ke ya le Estrella kwa kgolegelong
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Lyall le Donovan kafa pele ga ntlo ya rona ya kwa polasing gaufi le Filabusi
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Bertie, Lyall, Pauline, Peter, Donovan le nna ka 1940
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Carmen le bana ba gagwe ba batlhano (go tswa mo molemeng): Donovan, fa a ne a le kwa Gileate ka 1951 le Jeremy, Lindsay, Estrella le Andrew gompieno