Ke E Bone e Gola mo Borwa jwa Afrika
Jaaka go boletse Robert Albert McLuckie
TIRO ya go rera ka Bogosi mo Afrika Borwa e ntse e tswelela pele sentle. Jaanong go na le ba ba ka nnang 45 000 bao ba rerang mafoko a a molemo mo Afrika Borwa fa go ne go na le ba ba ka nnang lekgolo kana go feta kwa bokhutlong jwa bo-1920. Mme ba ba ka nnang 150 000 le go feta jaanong ba rera mo dinageng tseo pele di neng di tlhokomelwa ke lekala la rona la Afrika Borwa.
Ke ile ka nna le boipelo jwa go bona kgolo eno e e gakgamatsang mo borwa jwa Afrika mo dingwageng tse 60 tse di fetileng! Mma ke go bolelele ka bokhutshwane ka yone le tshiamelo eo nna le balelapa la me re ileng ra nna le yone mo go yone.
Dilo di ne tsa Simolola ka Matlhotlhapelo
Mosadi wa me yo o rategang, Edna o ne a tlhokafala ka June 22, 1927, mme a tlogela ngwana wa mosetsana, Lyall, a le dingwaga di le tharo, le morwaarona, Donovan, a le dingwaga di le pedi. Ke ne ke na le dingwaga di le 26. Loso lwa gagwe lo ne lwa ntlogela ke hutsafetse ke bile ke gakgametse. O ne a le kwa kae? Ka ke ne ke sa dumele gore o ne a le kwa diheleng, ke ne ka gomotsega bosigo bongwe fa ke ne ke mo lora a le kwa legodimong.
Ka July one oo Donovan o ne a nnaya pampitshana eo e neng e kwaletswe mongwe mme ka tsela nngwe e ile ya kopana le makwalo a rona. E ne e na le puo ya ga Joseph Rutherford, mookamedi wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower. Seo e neng e se tshotse se ne sa nkgatlha mo e leng gore ke ne ka otora dibuka tsotlhe tse di neng di kwadilwe mo go yone ka bonako. Ke ne ke sa lemoge gore seno se ne se tlile go fetola botshelo jwa me.
Mo dibukaneng tse di neng tsa goroga, ke ne ka kgatlhiwa ke ya setlhogo se se neng se re Hell—What Is It? Who Are There? Can They Get Out? Ke ne ka itumela tota fa ke ne ke bona bukana eo! Ke ne ka tshega ka boitumelo fela morago ga go bala ditsebe tse pedi kana tse tharo.
Ka ke ne ke tlhagafaletse go abalana le ba bangwe seo ke neng ke se ithutile, ke ne ke a tle ke kwalele kana ke buisanye le batsadi ba me le maloko a mangwe a lelapa. Ga felela ka gore bomorwarre botlhe ba banè, Jack, Percy, William, le Sydney, ba kgatlhege ka bonako mme ba simolole go rerela ba bangwe. Dingwaga moragonyana, rre, mmè, le bokgaitsadiake ba babedi, Connie le Grace, le bone ba ne ba amogela se ke neng ke se dumela.
Ke ne ka seka ka kgona go bona baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo, mo karolong ya rona ya Afrika Borwa. Ke ne ka fudugela kwa Rhodesia Borwa, e jaanong e leng Zimbabwe, mme ka dira koo lobaka lwa ngwaga mo polasing ya dikgomo le morwarre Jack. Go bala ga me dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower ka bonako fela go ne ga dira gore ke ikutlwe ke batla go tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng.
Ka nako eo ke ne ke ise ke kopane le badumedi ka nna fa e se fela bao ke neng ka ba neela bosupi. Ka jalo ke ne ka tsaya loeto lwa dikilometara di le 2 300 ka terena go ya kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho kwa Cape Town, kwa Afrika Borwa. Abo ke ile ka amogwelwa ka bothito jang ne ke George Phillips, yo a neng a okametse tiro mo borwa jwa Afrika! Ke ne ka kolobediwa ka January 10, 1930.
Dingwaga tsa Ntlha tsa Bobulatsela
Lemororo ke ne ke setse ke buile le makgolokgolo a batho ka Bibela mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, ke ne ke ise ke nne le seabe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Lefa go ntse jalo, ke ne ka kwadisiwa mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Go ne go sena thulaganyo epe ya katiso mo malatsing ao. Ebile tota, e ne e le ka sewelo badumedi ba neng ba ka ya mmogo kwa ntlong e le nngwe. Ereka re ne re le baboledi ba sekae fela, go ne ebile go sa kgonege gore re ka dira jalo.
Ka tlholego fela, ke ne ke amegile thata ka boitekanelo jwa banake, Lyall le Donovan ba ba neng ba tlhokomelwa ke borraabone mogolo. Ereka ba ne ba tlhokomelwa sentle, ke ne ke bona go tshwanela gore ke dire mo nka go kgonang go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi ka nako eo. Ka jalo ke ne ka dira fela jalo.
Mo dingwageng tse tharo tse di latelang tsa bobulatsela, ke ne ka nna le balekane ba le batlhano go akareletsa le morwarre Syd. Moragonyana o ne a tshwarwa ke letshoroma la mala mme a tlhokafala a ntse a bulatsela. Go ne go se motlhofo go bulatsela mo malatsing ao a ntlha. Re ne re dirisa koloi e e neng e na le malao a a kokotetsweng mo teng, a a neng a kgona go fenosediwa mo matlhakoreng a koloi. Seno se ne se re kgonisa go robala, go nna, go apaya, le go jela mo teng.
Tiragalo e e tlhomologileng go gaisa ya malatsi a me a ntlha a bobulatsela e ne e le fa re ne re amogela leina la rona le lesha, Basupi ba ga Jehofa, ka 1931, gammogo le buka The Kingdom—The Hope of the World. Ke gakologelwa sentle fela ka moo ke neng ka ikutlwa ke tlala poifo ka gone ka go akanya fela ka go dirisa leina leo le le boitshepo, ke ipotsa gore a ke ne ke tla le dirisa sentle ka tshwanelo.
Tiragalo nngwe e e itumedisang mo dingwageng tseo tsa ntlha e ne e le fa ke ne ke kolobetsa morwarre Jack le mosadi wa gagwe, Dorrell, mo metsing a a neng a tletse dikwena a Noka ya Nuanetsi kwa Rhodesia Borwa. Pele re ba kolobetsa, re ne ra latlhela maje mo nokeng go tshosa dikwena dipe fela tse di ka tswang di ne di le foo. Moragonyana, ka bo-1950 ke ne ka kolobetsa mmè mo bateng.
Kwa Dinageng tse Dingwe
Ka 1933, nna le molekane wa me wa Botlhano, Robert Nisbet, re ne ra abelwa tshimo e ntšha e e iseng e berekiwe—ditlhaketlhake tsa Mauritius le Madagascar kafa lotshitshing lo lo kafa borwa botlhaba jwa Afrika. Re ne ra senya nako e ntsi ya dikgwedi tse nnè tseo mo ditlhaketlhakeng tse pedi tseo, re jala peo ya boammaaruri jwa Bibela. Abo go ipedisa jang ne go bo Mauritius e na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 800 mme Madagascar e na le ba ba ka nnang 3 000! Fa re boela kwa Afrika Borwa, nna le Robert re ne ra kgaogana. Moragonyana o ne a bulatsela le morwarre Syd mme moragonyana gape o ne a direla jaaka molebedi wa lekala kwa Mauritius.
Pele re boela kwa Afrika Borwa ke ne ka ipaakanyetsa go ya go kopana le Lyall le Donovan kwa legaeng la ga rre. Morago ga go ba etela, go ne ga tla nako ya gore re kgaogane, mme ra lela. Ke ne ka ya go kopana le molebedi wa lekala, Mokaulengwe Phillips, go amogela kabelo ya me e e latelang. E ne e le Nyasaland, e jaanong e leng Malawi. Ke ne ka rekelwa Chevrolet ya modiro wa 1929 go e dirisa koo.
Ka jalo, ka 1934, ke ne ka tsaya loeto lwa dikilometara di le 1 900, tseo bogolo jwa tsone ke neng ke tsamaya mo ditseleng tse di maswe, go tswa kwa Gauteng, kwa Afrika Borwa, go ya Zomba, eleng kwa moshateng wa Nyasaland. Kgabagare ke ne ka fitlha kwa ke neng ke ya gone kwa legaeng la mokaulengwe mongwe wa Moafrika, Richard Kalinde. O ne a nna tsala ya me e e gaufi thata gammogo le moranodi fa ke nna kwa Nyasaland. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka bona dikamore tse pedi mo hoteleng e e neng e sa tlhole e dirisiwa ya bogologolo. E nngwe ke ne ke e dirisa jaaka ofisi ya bobolokelo jwa dibuka mme e nngwe ke nna mo go yone.
Kabelo ya me ya Nyasaland segolo bogolo e ne e le go rulaganya ka go ne go na le tlhakatlhakano e e bakilweng ke makgotlana a a neng a bitswa a Watchtower. Dingwaga pele ga foo, Moafrika mongwe yo a neng a kile a bala dibuka tsa mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, Charles Taze Russell, o ne a simolola makgotlana ao, le eleng lefa ene ka boene a ne a seka a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.—Bona 1976 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 71-4.
Ke ne ka etela diphuthego tsa botlhe bao ba neng ba dirisa dikgatiso tsa Watch Tower mme ke ne ka ba balela maitlamo a a malebana le leina la rona le lesha, Basupi ba ga Jehofa. Botlhe ba ba neng ba dumalana le maitlamo ba ne ba kopiwa go supa seo ka go emisa diatla. Lemororo ba le bantsi ba ne ba seka ba dira jalo, bontsi bo ne bo sa tlhaloganye sentle gore seno eleruri se ne se kopanyeletsa eng. Ka gone, fa dingwaga di ntse di ya, fa bangwe ba ntse ba palelwa ke go tswelela pele mo semoyeng ba bangwe ba ne ba tlogela gotlhelele go tlhola ba leba ope jaaka moeteledipele wa bone mme ba fetoga Basupi ba ga Jehofa ba boammaaruri.
Mo e ka nnang morago ga dikgwedi tse thataro, ke ne ka ya kwa Mozambique, koo molaetsa wa Bogosi o neng o ise o bolelwe gone. Koo ke ne ka kopana le moofisiri mongwe yo mmotlana wa Mopotokisi yoo nna le Robert Nisbet re kileng ra kopana le ene mo sekepeng se se yang kwa Mauritius. O ne a ntaleletsa dijo mme ke ne ka kgona go bua le ene ka mo go oketsegileng.
Ka nako nngwe gape, fa ke ne ke le mo motseng mongwe kwa bokone jwa Mozambique koloi nngwe e ne ya ema fa thoko ga me, ke ne ka fitlhela e le mmusi wa lefelo leo. O ne a mpotsa gore a o ka thusa ka sengwe mme o ne a ntaleletsa kwa legaeng la gagwe, koo o ne a amogela dikgatiso tse dintsi tsa Watch Tower. Le eleng lefa tiro ya go rera jaanong e thibetswe kwa Mozambique le kwa Nyasaland (Malawi), go a kgatlhisa go bona gore bontsi jwa bokgaitsadi le bakaulengwe ba rona ba ba ikanyegang ba ntse ba dira koo.
Ditshiamelo tsa Bethele
Morago ga go boa kwa Nyasaland, abo ke ile ka gakgamala jang ne. Ke ne ke lalediwa go tla go dira kwa lekaleng la Afrika Borwa kwa Cape Town, mme morwarre yo mmotlana William o ne a romelwa kwa Nyasaland go tsaya sebaka sa me. Ka jalo ke ne ka tsaya loeto lwa dikilometara di le 3 500 ka Chevrolet. Mo tseleng ke ne ka etela Donovan le Lyall. Ba ne ba le dingwaga di le 11 le 12 jaanong, mme go ne go tla feta ngwaga pele ke ba bona gape.
Ke ne ka abelwa go tlhokomela ofisi ya lekala nako le nako fa Mokaulengwe Phillips, molebedi wa lekala, a ne a seyo. Lemororo ke ne ke ise ke ko ke kopanele ka metlha le phuthego epe fela ya Basupi ba ga Jehofa fa esale ke ithuta boammaaruri dingwaga di le robong tse di fetileng, ke ne ka tlhophiwa go nna molebedi wa phuthego ya Cape Town e e neng e na le baboledi ba ba ka nnang 20 ka 1936.
Phetogo mo Maemong
Ke ne ke sa batle go latlhegelwa ke ditshiamelo tsa me tsa tirelo, mme Lyall le Donovan ba ne ba setse ba tla tsena mo dingwageng tsa bosome, mme ke ne ke tshwenyegile thata ka boitekanelo jwa bone, gammogo le semoya sa bone. Mme tharabololo e ne e setse e le gaufi.
Mokaulengwe Phillips o ne a nkitsise bangwe ba basha go tswa kwa Australia, ka June 6, 1936, bao e neng e le Kgaitsadi Seidel le morwadie yo montle wa dingwaga tse 18, Carmen. Nna le Carmen re ne ra nyalana mo lobakeng lwa ngwaga. Ka jalo ke ne ka bona tiro mme ra bona ntlo.
Ke ne ka dira lobaka lwa ngwaga mo Afrika Borwa, mme nna le Carmen re ne ra nna le ngwana wa mosimane, Peter, mme ra ya go nna kwa Rhodesia Borwa, koo morwarre Jack o ne a mpiditse gore re ye go dira mmogo mo go epeng gouta. Morago ga go bona bonno, Lyall le Donovan jaanong ba ba neng ba nna le mmaagwe Carmen, ba ne ba tla go nna le rona.
Go Lebagana le Dipogiso ka Nako ya Ntwa
Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tlhagoga ka September 1939, mme dibuka tsa rona tsa Bibela di ne tsa thibelwa ngwaga o o latelang. Re ne re batla go leka gore a seo e ne e le go ya kafa molaong mme ra phatlalatsa dibuka tsa rona re sa tshwenyege ka se se neng se ka diragala. Re ne ra tshwarwa ra latofadiwa, mme dibuka tsa rona le Dibibela di ne tsa tsewa mme tsa tshubiwa.
Moso mongwe morago ga tiro ya mo mosong ya go rera, lepodisi lengwe le ne la re kopa go ya go tsaya bana ba rona kwa seteishaneng sa mapodisi koo ba neng ba isitswe gone. Re ne ra gana, re supa gore ereka bana ba babotlana bao go lebega ba ne ba tshwerwe, mapodisi a ne a tshwanetse go ba tlhokomela. Mo thapameng eo, fa re boa kwa bodiheding jwa tshimo re ne ra fitlhela bana ba rona kwa gae ba babalesegile mme go se lepodisi lepe!
Ka nako nngwe gape, ka 1941, Carmen o ne a atlholelwa dikgwedi di le tharo mo kgolegelong le eleng lefa a ne a le moimana. Lefa go ntse jalo, Estrella, o ne a tsholwa pele Carmen a ya kgolegelong. Go na le go ntlogela le lesea, Carmen o ne a ya le lone kwa kgolegelong. Ka gone, Estrella o ne a tlhokomelwa ke mosadi mongwe wa Moafrika yo a neng a bolaile monna wa gagwe. Fa Carmen a gololwa, mmolai yono o ne a utlwa botlhoko mme a lela thata. Go ne ga diragala gore Estrella a simolole go bulatsela ka 1956 a na le dingwaga di le 15. Moragonyana o ne a nyalana le Jack Jones mme ene le monna wa gagwe ba ile ba direla ka dingwaga tse di fetang 20 mo Afrika Borwa ebile jaanong ba kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, kwa New York.
Go ise go e kae morago ga foo, ke ne ka fetsa dikgwedi di le mmalwa kwa kgolegelong ka ntlha ya go rera. Joseph Rutherford o ne a tlhokafala ka January 1942 fa ke le koo. Ke ne ka seka ka kgona go itshwara mme ka lela bosigo joo mo ntlwaneng ya me ya kgolegelo. Ke ne ke na le ditshono tsa go neela bosupi, mme Sontaga mongwe mo mosong, fa mongwe le mongwe a ne a tswetse kwantle go ya go itapolosa, ke ne ka kolobetsa legolegwa-ka-nna leo le neng la arabela molaetsa wa Bogosi.
Ofisi e Ntšha ya Lekala
Morago ga go gololwa kwa kgolegelong, ke ne ka bona tiro mo lephateng la diporo kwa Bulawayo. Carmen o ne a ithutile go roka diaparo fa a le kwa kgolegelong mme a dirisa botswerere joo go thusa go tlamela lelapa. Lyall o ne a boile kwa Afrika Borwa koo a neng a ntse a bulatsela gone, mme le ene o ne a re thusa ka madi. Ga felela ka gore ka bonako fela re bo re setse re na le madi a re neng re a tlhoka, ka jalo re ne ra buisana gape, mme ra dumalana gore ke ne ke ka boela gape mo bodiheding jwa nako e e tletseng.
Ka ke ne ke na le tetlelelo ya diterena, ke ne ka ya kwa Cape Town ka terena ka 1947 go ya go bona Mokaulengwe Phillips. Seo se neng sa nkgakgamatsa, ke ne ka abelwa go bula lefelo la thekiso ya dibuka tsa Mokgatlho kwa Bulawayo. Morago ga foo, Nathan H. Knorr, mookamedi wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a re etela mme a rulaganyetsa gore lefelo leo la dibuka e nne ofisi ya lekala ka September 1, 1948, mme Eric Cooke o ne a nna molebedi wa lekala leo kwa Rhodesia Borwa. Mo dingwageng tse 14 tse di latelang ke ne ka nna le tshiamelo ya go dira kwa lekaleng lefa ke ne ke nna kwa gae le lelapa la me le le golang. Ke leboga Carmen le bana ba rona ba bagolo ba ba neng ba re tshegetsa ka dilo tse di bonalang ka go re thusa mo go tlameleng lelapa, eleng seo se ileng sa nkgonisa go tswelela ke dira kwa ofising ya lekala.
Kabelo e Nngwe Gape ya go Rera
Nna le Carmen re ne ra eletsa go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone ka 1962. Ka jalo re ne ra rekisa ntlo ya rona mme ra tsaya Lindsay le Jeremy, bana ba rona ba babedi ba babotlana—ka ba batlhano ba ne ba setse ba godile ba bile ba tswile mo gae—mme ra leba kwa Ditlhaketlhakeng tsa Seychelles.
Lantlha re ne ra tsamaya dikilometara tse di ka nang 2 900 ka koloi mo ditseleng tse di maswe, mme ra fitlha kwa Mombasa, kwa Kenya. Re ne ra tlogela koloi ya rona le mokaulengwe mongwe mme ra pagama sekepe go ya kwa Seychelles. Motho mongwe yo o kgatlhegang o ne a re itsise ba bangwe mme re ne re tshwara dipokano tsa rona fela fa tlase ga ntlo ya bishopo. Re ne re tshwara dipokano tse dingwe mo setlhaketlhakeng se se fa gaufi mo ntlong ya mongwe ya mokoro e e neng e dikologilwe ke ditlhare tse dileele tsa makolane mme makhubu a ntse a itaaka lotshitshi.
Tiro ya rona e ne ya itsiwe ka bonako, mme kgabagare babusi ba ne ba re laela go emisa go rera, eleng seo re neng re ka seka ra dumela go se dira motlhofo fela jalo. (Ditihō 4:19, 20) Ka jalo re ne ra kobiwa, mme mo nakong e re e ntseng koo re ne re setse re kolobeditse batho ba batlhano. Mo nakong ya dikgwedi tse tlhano tse re di ntseng kwa Seychelles, Carmen o ne a nna boimana jwa ga Andrew, ngwana wa rona wa bofelo. Fa re boela kwa Rhodesia Borwa, morwadiarona Pauline o ne a re laletsa go nna le ene le monna wa gagwe go fitlha Andrew a tsholwa.
Masego le Kgotsofalo
Ke itumelela go bolela gore bana botlhe ba rona ka borobedi jwa bone, go akareletsa le Lyall le Donovan, ba ile ba bulatsela ka nako nngwe. Ebile tota, barwa ba rona ba banè le bagwe ba rona jaanong ke bagolwane, mme ba babedi ke batlhanka ba bodihedi. Mo godimo ga moo, re itumelela go bo bontsi jwa bana ba bana ba rona le ditlogolwana tsa rona mmogo le batsadi ba bone ba bo ba rera mafoko a a molemo le batsadi ba bone jaanong mo dinageng tse di fetang tse nnè le gore bontsi jwa lelapa la ga McLuckie jaanong bo direla Jehofa. Ke tlhatswegile pelo gore diphelelo tse di jalo di nnile gone ka ntlha ya gore lelapa le ile la nna gone kwa dipokanong le mo tirong ya go rera ka metlha.
Jaanong ke na le dingwaga di le 89 mme ke santse ke na le tshiamelo ya go direla jaaka mogolwane mo phuthegong ya Pietermaritzburg, mo Afrika Borwa. Ke ikutlwa ke kgotsofetse eleruri fa ke leba dingwaga tse 60 kwa morago ke ntse ke le mo tirelong e e segofaditsweng ya ga Jehofa. Mme lesego la me le legolo e ne e le go bona dikokomana di le tlhano tsa lelapa la me, go akareletsa le batsadi ba me di baka Jehofa, Modimo yo mogolo wa lobopo lotlhe.