Matshelo a a Senyegileng, Batho ba ba Bolailweng
“DIOKOBATSI di tshwana le hamore e tona,” go bolela jalo Dr. Eric Nestler. Ee ruri, go nwa e le nngwe fela ya dihamore tse di tona tseno tsa khemikale go ka go bolaya. Buka ya Drugs in America e tlhalosa jaana: “Ka sekai, go itsiwe khokeine ya crack e bolaya batho lekgetlho la ntlha fela fa ba e dirisa.”
Mofuta o mosha wa diokobatsi tse di itiretsweng le one o ka nna kotsi fela jalo. World Drug Report ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e tlhagisa jaana: “Basha ba ba tsiediwang motlhofo fela ba ba rekang diokobatsi kwa diphathing ‘tse di leratla’ ba ka se itse gore ke motswako o o ntseng jang wa dikhemikale o o tlileng go ba tlhatlhamolola boboko.” Le fa go ntse jalo, mo basheng ba le bantsi go tsenelela kwa tengteng mo go tshwakgolweng ke diokobatsi e nna selo se se diregang ka bonya, jaaka dikai tse di latelang di bontsha.
“Go Itebatsa Mathata a Botshelo”
Pedro,a mongwe wa bana ba le robongwe, o tsholetswe kwa karolong e e tletseng thubakanyo mo toropong ya Córdoba, kwa Spain. O godile ka tsela e e utlwisang botlhoko ka gonne rraagwe e ne e le lekgoba la bojalwa. Fa Pedro a na le dingwaga di le 14, ntsalaagwe o ne a mo fa hashish. Mo kgweding e le nngwe fela, ke fa a setse a sa kgone go tshela kwa ntle ga yone.
Pedro o tlhalosa jaana: “Ke ne ke itlosa bodutu ka go dirisa diokobatsi, ke di dirisa go itebatsa mathata a botshelo le go dira gore ke nne leloko la setlhopha. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka simolola go kopanya hashish le LSD le di-amphetamine. LSD e ne e le seokobatsi se ke se ratang thata mme gore ke bone madi a go e reka, ke ne ka nna rakgwebopotlana wa diokobatsi. Ke ne ke rekisa thata hashish. Ka nako nngwe, morago ga go dirisa LSD thata, ke ne ke sa kgone go robala bosigo jotlhe e bile ke ne ke ikutlwa e kete ke a tsenwa. Seno se ne sa ntshosa. Ke ne ka ikutlwa gore fa nka tswelela ke dirisa diokobatsi, ke tla felela ke le kwa kgolegelong kana ke sule. Le fa go ntse jalo, go eletsa diokobatsi go ne ga tlosa poifo eno. Ke ne ka lemalela LSD thata e bile ke tlhoka seokobatsi seno thata fela gore ke tagwe. Le mororo e ne e ntira dilo tse di tshosang, ke ne ke sa kgone go se tlogela. Ke ne ke sa itse gore ke direng gore ke e tlogele.
“LSD e ne e ja madi a mantsi tota, ka jalo ke ne ka ithuta go thukhutha mabenkele a mabenyane, go tsubula dikgetsana tsa bajanala le go utswa ditshupanako le dipatšhe mo bathong ba ba fetang ka tsela. Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ke setse ke le mogwebi wa diokobatsi yo o itsiweng mo karolong ya toropo ya rona e bile ka dinako dingwe ke ne ke tsaya karolo mo go kgothotseng ke tshotse dibetsa. Tsela e ke neng ke itsege ka yone mo lefelong la rona jaaka sekebekwa se se dikgoka e ne ya dira gore ke tewe leina la mareto la el torcido le le rayang ‘yo o sokameng.’
“Fa o tlhakanya diokobatsi le bojalwa, botho jwa gago bo a fetoga, gantsi o nna dikgoka thata. Mme keletso ya go bona diokobatsi tse di oketsegileng e gakala mo e leng gore e gatelela segakolodi sa gago gotlhelele. Botshelo e nna jo bo fetofetogang gangwe le gape e bile o nna o tagisitswe ke diokobatsi ka metlha yotlhe.”
‘Go Tsena ka Tlhogo mo Lefatsheng la Diokobatsi’
Ana, mosadi wa ga Pedro, o goletse kwa Spain mo tikologong ya lelapa le le siameng. Fa Ana a na le dingwaga di le 14, o ne a kopana le basimane ba le mmalwa go tswa mo sekolong se se gaufi le sa bone ba ba neng ba goga hashish. Kwa tshimologong, boitsholo jwa bone jo bo sa tlwaelegang bo ne jwa dira gore a se ke a ba rata. Le fa go ntse jalo, Rosa, mongwe wa ditsala tsa ga Ana, o ne a ratile mongwe wa basimane bano. O ne a tlhomamisetsa Rosa gore go goga hashish go ne go se kotsi e bile o ne a tla go itumelela. Ka jalo Rosa o ne a leka seokobatsi seno mme a naya le Ana gore a goge.
Ana a re: “Se ne sa dira gore ke ikutlwe ke itumetse mme mo dibekeng di le mmalwa fela, ke ne ke setse ke goga hashish letsatsi le letsatsi. Morago ga mo e ka nnang kgwedi, hashish e ne e sa tlhole e ntaga, ka jalo ke ne ka simolola go dirisa di-amphetamine le go goga hashish.
“Ka bonako fela nna le ditsala tsa me re ne re setse re tsene ka tlhogo mo lefatsheng la diokobatsi. Re ne re tlotla ka gore ke mang yo o ka dirisang diokobatsi di le dintsi thata a bo a sa lwale morago ga moo le gore ke mang yo di neng di mo tagisa thata. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka ikarola mo lefatsheng le le tlwaelegileng mme ke ne ke ya sewelo kwa sekolong. Hashish le di-amphetamine di ne di sa tlhole di lekane, ka jalo ke ne ka simolola go itlhaba ka seokobatsi se se tswang mo mmorofene se ke neng ke se bona go tswa mo dikhemising tse di farologaneng. Fa e le selemo re ne re ya kwa dikhonsateng tsa roko tse di tshwarelwang mo lebaleng le le bulegileng, kwa go neng go le motlhofo go bona diokobatsi tse di tshwanang le LSD.
“Letsatsi lengwe mmè o ne a ntshwara ke goga hashish. Batsadi ba me ba ne ba leka bojotlhe jwa bone go ntshireletsa. Ba ne ba mpolelela ka dikotsi tsa diokobatsi, mme ba ne ba bolela kafa ba nthatang ka teng le go amega ka nna. Mme ke ne ka leba maiteko a bone e le sekgoreletsi fela se se sa batlegeng mo botshelong jwa me. Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka swetsa go tswa kwa gae. Ke ne ka inaakanya le setlhopha sengwe sa basha ba ba neng ba tsamaya gotlhe mo Spain ba rekisa dibaga tsa maitirelo e bile ba dirisa diokobatsi. Dikgwedi di le pedi morago ga moo, mapodise a ne a ntshwara kwa Málaga.
“Fa mapodise a mpusetsa kwa batsading ba me, ba ne ba nkamogela ka diatla tsoopedi, mme ke ne ka tlhajwa ke ditlhong ka se ke se dirileng. Rre o ne a lela—selo se ke iseng ke mmone a se dira. Ke ne ka ikwatlhaela go ba utlwisa botlhoko, mme boikwatlhao joo bo ne bo se maatla thata go ka dira gore ke tlogele diokobatsi. Ke ne ka tswelela go dirisa diokobatsi letsatsi le letsatsi. Fa ke tlhaphogetswe, ka dinako dingwe ke ne ke akanya ka dikotsi tsa diokobatsi—mme e seng thata.”
Go Tswa go Moagi Go Nna Mogwebi wa Diokobatsi
José, ralapa yo o botsalano, o ne a fetsa dingwaga di le tlhano a gweba ka cannabis go tswa kwa Morocco go ya kwa Spain. Go tlile jang gore a dire seno? José o tlhalosa jaana: “Fa ke ntse ke dira jaaka moagi, modirikanna o ne a simolola go gweba ka diokobatsi. E re ka ke ne ke tlhoka madi, ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa ke sa dire jalo le nna?’”
“Go ne go le motlhofo go reka cannabis mo Morocco—e ntsi thata kafa nka kgonang go nna le yone. Ke ne ke na le seketswana se se tsamayang ka lobelo lo logolo se ke neng ke kgona go tshabela mapodise ka sone. Fa ke fitlhisitse diokobatsi kwa Spain, ke ne ke di rekisa di le dintsi, mo e ka nnang ka dikilogerama di le 600 ka nako e le nngwe. Ke ne ke na le batho ba le bararo kana ba le banè fela ba ba rekang mo go nna mme ba ne ba tsaya diokobatsi tsotlhe tse ke neng ke kgona go ba naya tsone. Le fa gone go ne go na le mapodise a a beileng dilo leitlho, diokobatsi di ne di kgona go feta. Rona bagwebi re ne re na le didirisiwa tse di botoka thata tse re di rulagantseng go feta tse di dirisiwang ke mapodise.
“Ke ne ke dira madi a mantsi motlhofo fela. Loeto lo le longwe fela go tswa kwa Spain go ya kwa Afrika Bokone lo ne lo ka lere gareng ga diranta di le 150 000 le di le 180 000. Go ise go ye kae, ke ne ke setse ke na le banna ba le 30 ba ba ntirelang. Ga ke ise nko ke tshwarwe ka gonne ke ne ke duela mongwe yo o neng a ntoma tsebe gore a ntlhagise fa tiro ya me e ne e tlile go tlhatlhobiwa.
“Ka dinako dingwe ke ne ke akanya ka se diokobatsi tseno tsotlhe di se dirang mo bathong ba bangwe, mme ke ne ke ikgothatsa ka gore cannabis ke seokobatsi se se seng kotsi se se iseng se bolaye ope. E re ka ke ne ke dira madi a mantsi thata, ke ne ke sa akanye thata ka gone. Nna ka bonna ke ne ke sa dirise diokobatsi.”
Madi a Gago le Botshelo Jwa Gago!
Jaaka dikai tseno di bontsha, diokobatsi di laola matshelo a batho. Fa o setse o tshwakgotswe, go tswa mo go tsone go thata e bile go utlwisa botlhoko. Jaaka buka ya Drugs in America e bontsha, “kwa mafelong a bogologolo a Bophirima a a neng a tletse thubakanyo, dikebekwa di ne di supa batho ka ditlhobolo mo difatlhegong di bo di ba laela jaana, ‘Madi a gago kana botshelo jwa gago.’ Diokobatsi tse di seng kafa molaong di maswe go gaisa dikebekwa tseo tsa bogologolo. Di di tsaya tsoopedi.”
A go na le sengwe fela se se ka emisang sebetsa seno sa diokobatsi? Setlhogo se se latelang se tla tlhatlhoba dingwe tsa ditharabololo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo motseletseleng wa ditlhogo tseno a fetotswe.
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
“Kwa mafelong a bogologolo a Bophirima a a neng a tletse thubakanyo, dikebekwa di ne di supa batho ka ditlhobolo mo difatlhegong di bo di ba laela jaana, ‘Madi a gago kana botshelo jwa gago.’ Diokobatsi tse di seng kafa molaong di maswe go gaisa dikebekwa tseo tsa bogologolo. DI DI TSAYA TSOOPEDI”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]
A NGWANA WA GAGO O TLA GANA DIOKOBATSI?
KE BASHA BAFE BA BA MO KOTSING E KGOLO?
a. Ba ba batlang go bontsha gore ba kgona go itaola e bile ba rata go lekeletsa dilo.
b. Ba ba sa rateng mekgele ya thuto kana ya semoya.
c. Ba ba iponang ba sa tshwane le batho ba bangwe.
d. Ba ba sa kgoneng go farologanya se se siameng le se se phoso.
e. Ba ba ikutlwang ba sa engwe nokeng ke batsadi ba bone le ba ditsala tsa bone di ba kgothaletsang go dirisa diokobatsi. Batlhatlhobi ba lemogile gore “boleng jwa kamano ya mosha le batsadi ba gagwe go bonala e le sone selo se se sireletsang thata kgatlhanong le go dirisa diokobatsi.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
O KA SIRELETSA BANA BA GAGO JANG?
a. Ka go nna le kamano e e gaufi thata le bone le ka go nna le puisano e e siameng le bone.
b. Ka go ba ruta go lemoga se se siameng le se se phoso.
c. Ka go ba thusa go nna le mekgele e e tlhomameng.
d. Ka go dira gore ba ikutlwe e le karolo ya lelapa le le nang le lorato le setšhaba se se ratanang.
e. Ka go ba ruta ka dikotsi tsa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Bana ba tlhoka go itse ka phepafalo gore ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go gana diokobatsi.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Motswedi: World Drug Report ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Diokobatsi tse di gapilweng kwa Gibraltar
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of Gibraltar Police
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ke ne ke na le seketswana se se tshwanang le seno se se tsamayang ka lobelo lo logolo se ke neng ke kgona go tshabela mapodise ka sone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of Gibraltar Police
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Godo-Foto