“O Tlile go Swa!”
JAAKA GO BOLETSE LEANNE KARLINSKY
Matsapa a me a go senka kalafi e e molemolemo e e dirwang kwantle ga madi kwa Spain
FA O ne o ka tsaya loeto go ya gongwe le gongwe mo lefatsheng, o ne o tla tlhopha go ya kae? Mo go nna karabo e ne e le motlhofo. Ke ruta Se-Spain kwa sekolong, mme nna le monna wa me e bong Jay le morwaake e bong Joel, re kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e go buiwang Se-Spain mo go yone kwa Galax, Virginia kwa U.S.A. Ka nako eo, ke ne ke eletsa go etela kwa Spain. Ka jalo o ka akanya fela gore ke ne ke itumetse jang fa batsadi ba me ba ne ba ithaopela go nkisa teng! Le fa gone monna wa me le morwaake ba ne ba sa kgone go tla le rona, keletso ya me e ne e tla tloga e direga fa nna le batsadi ba me re ne re tsena mo sefofaneng se se neng se ya ka tlhamalalo kwa Madrid. Fa re goroga teng ka April 21, re ne ra swetsa go tsamaya ka koloi go ya kwa Estella, torotswana nngwe kwa Navarre, kwa bokone jwa Spain. Ke ne ka nna kwa setulong se se kwa morago mme go ise go ye kae ke fa ke tshwerwe ke boroko.
Selo se ke se gopolang morago ga moo ke gore ke ne ke kaname mo tshimong, ke fatlhiwa ke letsatsi. ‘Ke fa kae? Ke fitlhile jang mono? A ke a lora?’ Fa ke ntse ke ipotsa dipotso tseno, ke ne ka itharabologelwa mme e le ka tsela e e botlhoko thata. Go ne go na le sengwe se se phoso e bile ke ne ke sa lore. Letsogo la seaparo sa me la molema le ne le gagogile mme ke ne ke sa kgone go tshikhinya matsogo kana maoto. Moragonyana, ke ne ka lemoga gore koloi ya rona e ne e thutse maparego a tshireletso a mo tseleng le gore koloi e ne ya nkgwela kwa ntle fa e ntse e pitikologela kwa tlase mo bokgokologelong jwa dimetara di le 20. Se se itumedisang ke gore go le nna go le batsadi ba me, ga re gakologelwe gore kotsi eno e diragetse jang.
Ke ne ka goa go kopa thuso mme mokgweetsi mongwe wa llori a itlhaganelela kwa go nna. A fologela kwa tlasenyana kwa koloing, kwa batsadi ba me ba neng ba le gone ba sa kgone go tswa. O ne a goa motho yo a neng a tsamaya le ene a re: “Bolelela ambulense gore e itlhaganele! Batho ba ba mo koloing ba gobetse thata!” Mme a boela kwa ke neng ke rapaletse teng ke sa kgone go tshikhinyega, mme ka maitlhomo a a siameng, a leka go nkotlolola leoto. Ke ne ka goa ka ntlha ya go utlwa botlhoko, e le gone ke lemogang kafa ke gobetseng thata ka teng.
Go ise go ye kae ke fa ke le mo kamoreng ya maemo a tshoganetso kwa bookelong jo bo gaufi jwa Logroño. Mapodise a ne a itsise Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong leo kwa ke neng ke le teng le se se diragetseng. Go ise go ye kae, ke fa batho ba le bantsi go tswa kwa diphuthegong tsa Estella le Logroño ba dikologile bolao jwa me, mmogo le Komiti ya Puisano le Dikokelo ya mo lefelong leo. Eleruri, mo matshwenyegong otlhe a me mo bookelong jono, Bakeresetemmogo le nna ba ke ba ratang ba ke neng ke ise nke ke kopane le bone pele ba ne ba iketleeditse e bile ba rata go ntlhokomela, motshegare le bosigo. Gape ba ne ba tlhokomela le batsadi ba me ka lorato, ba ba neng ba tokafala ka bonako gore ba ka gololwa mo bookelong beke morago ga kotsi eno.
Mo e ka nnang ka ura ya 1:00 a.m. ka Laboraro, dingaka di ne tsa tla go ara noka ya me e e neng e robegile. Ke ne ka bolelela ngaka gore ke ne ke sa batle go tshelwa madi.a O ne a dumalana le kopo ya me a okaoka, le fa gone a ne a mpolelela gore go ka direga gore ke swe. Karo eno e ne ya atlega, mme ka fitlhela go sa tlwaelega gore dintho tsa me di bo di sa tlhatswiwa, le gore ga ba ka ba tla moragonyana go tla go tlosa dibofo tse di leswe mme ba tsenye tse di phepa.
Ka Labotlhano madi a me a ne a le kwa tlase e bile a le mo go 4,7, mme ke ne ke sa tlhole ke na le maatla. Ngaka e ne ya dumela go dirisa mekgwa e mengwe ya kalafi—go entiwa ka erythropoietin (EPO), eo yone le aene le dilo tse di agang madi, di dirang gore motho a nne le disele tse khibidu tsa madi.b Ka nako eno, Jay le Joel ba ne ba setse ba gorogile. A bo go ne go le molemo jang ne go bona mogatsake le morwaake!
Mo e ka nnang ka 1:30 a.m., ngaka nngwe e ne ya bolelela Jay gore bookelo bo setse bo bone taelo ya kgotlatshekelo gore ba ntshele madi fa boemo jwa me bo ka nna maswe. Jay o ne a mmolelela gore ke eletsa gore ke se ke ka tshelwa madi le fa go ka nna jang. Ngaka ya araba ya re: “O tlile go swa he!”
Jay o ne a bua le Komiti ya Puisano le Dikokelo kaga gore ke isiwe kwa bookelong jo bongwe—jo bo tla tlotlang dikeletso tsa me. Ga se gore mongwe le mongwe mo bookelong jono o ne a le tlhogoethata. Ka sekai, ngaka nngwe e ne ya ntlhomamisetsa gore e tla dira bojotlhe jwa yone go dira gore ke alafiwe ka tlotlo yotlhe e e ntshwanetseng. Mme go ise go ye kae ke fa dingaka tse dingwe di nkgatelela. Ba ne ba mpotsa ba re: “A o batla go swa mme o tlogele lelapa la gago?” Ke ne ka ba tlhomamisetsa gore ke batla kalafi e e molemolemo e go sa dirisiweng madi mo go yone. Dingaka di ne di sa batle go nthusa. Mongwe wa bone o ne a bua jaana a sa kgathale: “O tlile go swa!”
Komiti ya Puisano le Dikokelo e ne ya bona bookelo kwa Barcelona jo bo neng jwa dumela go nkalafa kwantle ga madi. A bo jono e ne e le bookelo jo bo farologaneng jang ne le jwa ntlha! Kwa Barcelona baoki ba babedi ba ne ba ntlhapisa ka pepetletso mme ba dira gore ke ikutlwe ke phuthologile. Fa ba fetola dibofo tsa dintho tsa me, mooki mongwe o ne a fitlhela gore matsela a ke neng ke hapilwe ka one a ne a talafetse e bile a le thata ka ntlha ya madi a a omeletseng. O ne a re o ne a tlhabilwe ke ditlhong thata go bo baagikaene ba ne ba ntshwere ka tsela eno.
Morago fela ga moo ke ne ka newa kalafi e ke neng ke tshwanetse ka bo ke ne ka e newa kwa bookelong jo bo kwa Logroño. Ditlamorago e ne ya nna tse di itumedisang. Mo malatsing a le mmalwa fela ke fa dirwe tsa me tsa botlhokwa di sa tlhole di le mo kotsing mme le madi a me a tlhatlogetse go 7,3. Fa ke tloga mo bookelong, a ne a tlhatlogetse go 10,7. Fa ke ne ke tlhoka go dirwa karo e nngwe gape kwa bookelong jo bo kwa United States, a ne a setse a tlhatlogetse go 11,9.
Ke lebogela maiteko a dingaka le baoki ba ba ikeetleditseng go diragatsa dikeletso tsa balwetse ba bone, ba ka tswa ba dumalana le bone kana nnyaa. Fa badiri ba mo kokelong ba tlotla ditumelo tsa molwetse, ba alafa motho a feletse—mme ka go dira jalo ba naya motho yono kalafi e e molemolemo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a a theilweng mo Baebeleng.—Bona Genesise 9:4; Lefitiko 7:26, 27; 17:10-14; Duteronome 12:23-25; 15:23; Ditiro 15:20, 28, 29; 21:25.
b Gore a Mokeresete o tla amogela EPO kana nnyaa ke tshwetso ya motho ka boene.—Bona Tora ya Tebelo ya October 1, 1994, tsebe 31.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le monna wa me le morwaake
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Maloko a mabedi a Komiti ya Puisano le Dikokelo