LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g01 8/8 ts. 13-15
  • Thuso e ka Bonwa Gongwe le Gongwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso e ka Bonwa Gongwe le Gongwe
  • Tsogang!—2001
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Boithaopo bo Tlhalosiwang ka Teng
  • Dipalo Tse di Oketsegang —Tlhokego e e Oketsegang
  • Go Bontsha Lorato ka Ditiro—Namane e Tona ya Tiro ya go Namola
    Tsogang!—2002
  • Moya wa go Ithaopa o Lere Masego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Baithaopi mo Tirong
    Tsogang!—2001
  • A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2001
g01 8/8 ts. 13-15

Thuso e ka Bonwa Gongwe le Gongwe

BAXTER, moithuti mongwe wa sekolo se segolo yo o nang le dingwaga di le 15, o na le tsela e e kgatlhang e a dirisang motshegare wa Matlhatso mangwe le mangwe a gagwe ka yone. O etela setlhopha sa batho ba ba godileng, a ba leletsa mmino e bile a dira gore botlhe ba opele jaaka khwaere kwa legaeng la bone la bagodi. Morutabana wa ga Baxter o bolela jaana: “O natefisa botshelo jwa banni ba koo.” Lucille, yo o nang le dingwaga di le 78, le ene o dira tiro ya bopelonomi e e tshwanang. O abela batlhoki dijo gape o etela balwetse ba ba jewang ke bodutu kwa sepatela. Tsala ya ga Lucille e bolela jaana ka ene: “Fa go tlhokega gore a thuse mme a kgona go thusa, o a thusa.”

Kafa Boithaopo bo Tlhalosiwang ka Teng

Batho ba le bantsi thata mo lefatsheng lotlhe ba leba dilo ka tsela eno ya gore, ‘Thusa fa thuso ya gago e tlhokega.’ Ba thusa kwa mafelong a kago le mo diofising, kwa difeketiring, kwa magaeng a go tlhokomela batsofe, kwa mafelong a go tlhokomela batho ba ba sotlegang, kwa dikampeng tsa batshabi, kwa mafelong a batho ba ba se nang magae, kwa maphateng a molelo, kwa mafelong a go thusa batho ba ba wetsweng ke mathata, kwa mafelong a go tlhokomela diphologolo tse di latlhegileng le a mangwe. Ba ka bonwa mo e ka nnang gongwe le gongwe fela! Ba dirisa bokgoni jwa bone go dira ditiro tse di farologaneng, go simolola ka go agelana matlo go ya go go kokoanya matlole le go simolola ka go tlhokomela bana ba ba latlhilweng go fitlha mo go tlhokomeleng ba ba lwalang thata. Ke baithaopi—batho ba ba thusang batho ba ba tlhokang.

Tiro ya boithaopo e tlhalosiwa go twe ke “kakanyo e ntle fa e diragadiwa.” E akaretsa dilo tse di tshwanang le go itlama go dira sengwe, moya wa go intsha setlhabelo, go dira sengwe mme o sa lebelela go duelwa le go bontsha mowa wa go akanyetsa batho ba bangwe. Baithaopi bangwe ba babedi ba nako e telele ba bolela gore “tirelo ya boithaopo” ke “go ineela go dirisiwa: go dirisa nako ya rona, diatla tsa rona le maoto a rona, megopolo ya rona, bokgoni jwa rona jwa go thusa motho yo mongwe, bokgoni jwa rona jwa go rarabolola mathata, le kitso ya rona.” Go a kgatlha gore go abela ba bangwe ka tsela e e ntseng jalo go solegela le bone baithaopi molemo.—Bona lebokose la “Baithaopi le Bone ba Solegelwa Molemo.”

Dipalo Tse di Oketsegang —Tlhokego e e Oketsegang

Kwa United States, batho ba go akanyediwang gore ba fitlha go dimilione di le 100 ba dira tiro ya boithaopo—mme palo ya bone e ntse e a oketsega. Kathleen Behrens, yo e leng motsamaisimogolo wa mokgatlho wa boithaopi wa New York Cares, bosheng jaana o ne a bolelela Tsogang! a re: “Mokgatlho wa rona o ntse o oketsega ka lobelo lo logolo.” Mo ngwageng o o fetileng fela, re ne re na le baithaopi ba feta 5 000 ba basha ba ba neng ba ikwadisa mo thulaganyong ya rona.” Ditlhopha tsa baithaopi tsa Yuropa le tsone di oketsega ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, kwa Fora, palo ya baithaopi e ntse e oketsega ka diperesente di le 6 ngwaga le ngwaga mo dingwageng di le masome a mabedi tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga go tlhole go tlhokega baithaopi ba ba oketsegileng. Go fapaana le seo, United Nations Volunteers (kemedi nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng) e bolela gore boemo jono fa bo sekasekwa mo lefatsheng lotlhe bo senola gore “go tlhokega tirelo e e oketsegileng ya baithaopi gompieno go feta le fa e le leng pele.” Mookamedi wa musiamo mongwe o bolela jaana: “Baithaopi ba botlhokwa thata mo go rona.”

Mme le fa go ntse jalo, seno se bonala se ikganetsa. Le fa gone batsamaisi, bomanejara le bakaedi ba ba berekang le baithaopi ba akanya gore batho bano “ba botlhokwa thata,” tiro e ntsi e baithaopi ba e dirang ga e bonwe. Go fetola boemo jono, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la swetsa ka gore le dirise ngwaga wa 2001 go nna nako ya go isa tlhokomelo mo badiring ba baithaopi. Lebokose le le reng “Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Baithaopi” le tlhalosa mengwe ya mekgele e lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le solofelang go e fitlhelela.

Go ntse go le jalo, go na le diphetogo tse di diragalang mo tirong ya boithaopo tse di dirang gore e nne kgwetlho mo baithaoping le mo go ba ba tsamaisang tiro ya bone. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le batho ba le bantsi go dikologa lefatshe ba ba batlang go thusa ba bangwe. Ba rotloediwa ke eng go dira jalo? Ba fitlhelela eng? Mme ba ka ama botshelo jwa gago jang?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

Baithaopi le Bone ba Solegelwa Molemo

Michael, yo e leng moithaopi wa nakwana o bolela jaana: “Go dira maiteko a go thusa ba bangwe go ntliseditse tuelo e kgolo le e e monate go feta e nka bong ke e fitlheletse fa ke ne ke tlhomile mogopolo fela mo kgwebong ya me.” Michael ga se ene fela a ikutlwang jalo. Sharon Capeling-Alakija, yo e leng motsamaisimogolo wa Baithaopi ba Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o bolela jaana: “Mo lefatsheng lotlhe batho ba ba . . . ithaopang ba itse sentle gore ba solegelwa molemo go le kana kang ke se ba se dirang.” Dr. Douglas M. Lawson, moitse wa tiro ya boithaopo, o tlhomamisa gore babatlisisi ba tlhokometse gore “gantsi fa motho a sena go ithaopa diura di sekae fela, tsela e mmele wa gagwe o itshwarang ka yone le go itekanela sentle ga tlhaloganyo ya gagwe di a tokafala, mo e leng gore go ithaopa go bidiwa ‘Boitumelo jo Bogolo Jwa Mothusi.’” Mme “boitumelo jo bogolo jono jwa mothusi” ga se boikutlo jo motho a nnang le jone ka nakwana fela bo bo bo iphetela ka bonako. Babatlisisi kwa Yunibesithing ya Cornell, kwa United States, ba ne ba batlisisa ka setlhopha sengwe sa batho ka dingwaga tse di fetang 30 mme ba tlhokomela gore “ba ba neng ba dira tiro ya go ithaopa ba ne ba itumetse thata e bile ba itekanetse go feta ba ba sa direng tiro ya go ithaopa.” Go a kgatlha go bo Baebele e bolela jaana: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35; Diane 11:25.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Baithaopi

Ka November 20, 1997, Kokoanotheomolao ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya bolela gore ngwaga wa 2001 ke “Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Baithaopi,” (International Year of Volunteers [IYV 2001]). Go ya ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, go na le maikaelelo a le manè a a tshwanetseng go fitlhelelwa mo ngwageng ono.

Go fiwa tlhokomelo e e oketsegileng Dipuso di kgothalediwa go lemoga botlhokwa jwa baithaopi ka go ithuta le go kwala se ba se fitlhelelang le go ba naya dimpho fa ba dirile ditiro dingwe tse di tlhomologileng tsa boithaopo.

Go tlhofofaletsa baithaopi dilo mo go golwanyane Dinaga di kgothalediwa go kgothaletsa boithaopo, ka sekai, ka go amogela gore motho a ka dira tirelo nngwe ya boithaopo fa a sa batle go ya bosoleng kgotsa ka go letla gore ditiro dingwe tsa boithaopo di se ka tsa duelelwa makgetho.

Thulaganyo ya go fetisa tshedimosetso Metswedi ya tshedimosetso e kopiwa gore e thuse ka mo go oketsegileng go itsise phatlalatsa ditiro tsa boithaopo tse di dirilweng ka katlego. Ka tsela eo, ditiro tse di ntseng jalo di ka dirwa gape le kwa mafelong a mangwe, “go bo go sa tlhokege gore lefelo lengwe le lengwe le itirele dithulaganyo tsa lone tse disha.”

Go buelelwa Mekgatlho ya baithaopi e kgothalediwa go dira dipontsho gore di itsise batho ka melemo e setšhaba se e bonang ka ntlha ya tiro ya boithaopo.

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le solofela gore IYV 2001 e tla felela ka gore batho ba ba oketsegileng ba kope thuso ya baithaopi, gore batho ba ba oketsegileng ba nne baithaopi, le gore mekgatlho ya baithaopi e tshegetswe ka madi le go newa mafelo a a oketsegileng gore e kgone go lebana le dilo tse di ntseng di oketsega tse setšhaba se tlhokang go di direlwa. Dipuso di le 123 di kopanetse go tshegetsa maikaelelo a maitlamo ano a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela