Moya wa go Ithaopa o Lere Masego
1. Dafide le Nehemia ba ne ba bontsha jang moya wa go ithaopa?
1 Fa Goliathe a ne a kgoba masole a Iseraele, ope fela wa masole o ne a ka nna a ithaopela go ya go lwa le ene. Go na le moo, go ne ga ithaopa mosimanyana fela wa modisa, yo o sa thapisediwang ntwa. (1 Sam. 17:32) Fa Bajuda ba ba kwa botshwarwa ba ne ba boela kwa Jerusalema mme ba palelwa ke go aga mabota sesha, motsholasenwelo wa kgosi ya Peresia e ne ya nna ene a ithaopang go tlogela maemo a gagwe a a tlotlegang kwa ntlong ya kgosi go ya kwa Jerusalema go ya go rulaganya tiro. (Neh. 2:5) Jehofa o ne a segofatsa banna bano ka bobedi, Dafide le Nehemia, ka ntlha ya moya o ba ileng ba o bontsha.—1 Sam. 17:45, 50; Neh. 6:15, 16.
2. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go bontsha moya wa go ithaopa?
2 Gompieno, moya wa go ithaopa o a tlhaela mo lefatsheng. Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ batho ba nna ba tshwaregile ka metlha, mme ba le bantsi ke “baithati.” (2 Tim. 3:1, 2) Go motlhofo gore motho a nne a tshwaregile ka dilo tse a di ratang a bo a tlhokomologa go ithaopela go thusa ba bangwe fa go tlhokega. Le fa go ntse jalo, rona Bakeresete, re batla go etsa Jesu, yo o neng a tsaya matsapa a go thusa ba bangwe. (Joh. 5:5-9; 13:12-15; 1 Pet. 2:21) Re ka bontsha moya wa go ithaopa jang, mme gone re tla amogela masego afe?
3. Go nna le moya wa go ithaopa go thusa jang mo dipokanong tsa phuthego?
3 Mo Boemong Jwa Bakaulengwe ba Rona: Re ka abela ba bangwe ‘mpho ya semoya’ ka go ithaopa go akgela fa go tlhokega gore bareetsi ba nne le seabe mo dipuong tsa dipokano. (Bar. 1:11) Go akgela go tlotla Jehofa, go dira gore boammaaruri bo nwelelele thata mo megopolong ya rona le mo dipelong tsa rona mme seno se dira gore re itumelele dipokano. (Pes. 26:12) Gape re ka nna ra ithaopela go neela puo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo fa go tlhokega moithaopi. Seno se tla re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta.
4. Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka bontshang moya wa go ithaopa ka tsone?
4 Bakaulengwe ba ka bontsha moya wa go ithaopa ka go dira ka natla go tshwanelegela go sikara maikarabelo mo phuthegong. (Isa. 32:2; 1 Tim. 3:1) Rotlhe re ka thusa gore dikopano tse dinnye le tse dikgolo di tsamaye ka thelelo ka go ithaopa go bereka mo mafapheng a a farologaneng. Fa re ithaopa go bereka le molebedi yo o etang mo bodireding kgotsa go mo abela dijo, seno se felela ka go ‘kgothatsana.’ (Bar. 1:12) Fa re ithaopa go thusa basimane ba ba se nang borre, batlholagadi, balwetse le ba ba bokoa, bommè ba ba nang le bana ba bannye le batho ba bangwe mo phuthegong, re a itumela mme Jehofa o tla re amogela.—Dia. 19:17; Dit. 20:35.
5. Ke dilo dife tse di amanang le Holo ya Bogosi tse di tlhokang baithaopi ba ba ka thusang ka go rata?
5 Tsela e nngwe e re ka ithaopang ka yone ka nako ya rona le maiteko ke go thusa go phepafatsa le go tlhokomela Holo ya Bogosi. Mo godimo ga moo, ka gonne batho ba le bantsi ba amogela boammaaruri, go tlhokega Diholo tsa Bogosi di le dintsi tse disha le baithaopi go di aga. Banyalani bangwe ba ne ba ithaopa go thusa Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo la bone le fa banyalani bano ba ne ba se na bokgoni mo tirong ya go aga. Kgabagare, banyalani bano ba ne ba thapisiwa mme gone jaanong ba thusa ka tiro ya go baya setena. Mosadi a re: “Go bereka mmogo le ba bangwe go dirile gore re nne ditsala tse di atamalaneng. Kwa bofelong jwa letsatsi, re lapile mme re lapologetswe semoyeng.”
6. Ke ka ntlha yang fa bodiredi e le tiro e e botlhokwa thata ya go ithaopa e re ka e dirang?
6 Ka go Rera: Tiro e e botlhokwa thata ya go ithaopa e re ka e dirang gompieno ke tiro ya go rera ka Bogosi. Fa batho ba thusiwa go tlhaloganya le go dirisa kgakololo ya Baebele, ba nna le boikaelelo mo botshelong le nonofo ya go fenya mekgwa e e sa siamang. Ba ithuta tsholofelo e e mo Baebeleng e e gomotsang ka isagwe. Ka go ba ruta Baebele, re dira tiro ya go ithaopa e e itumedisang e e ba solegelang melemo go ya go ile. (Joh. 17:3; 1 Tim. 4:16) Gongwe maemo a rona a ka re letla go nna le seabe se segolo mo tirong eno ka go tsaya bobulatsela jo bo thusang kgotsa jwa ka metlha, ka go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone kgotsa ka go ithuta puo e nngwe.
7. Ke ka ntlha yang fa go ithaopa e le selo se se botlhokwa thata gompieno?
7 Kgosi Dafide o ne a bolelela pele gore ka nako e Mesia a neng a tla simolola go busa ka yone, batho ba Modimo ba ne ba tla “ithaopa ka go rata.” (Pes. 110:3) E re ka Jehofa a akofisa thobo ya bofelo ya semoya, go na le tiro e ntsi e re ka ithaopelang yone. (Isa. 60:22) A o rile: “Ke fano! Roma nna”? (Isa. 6:8) Ruri fa re bontsha moya wa go ithaopa, re itumedisa Jehofa e bile re bona melemo e megolo.