LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g01 12/8 ts. 4-9
  • Go Tlhaloganya Ramatiki

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhaloganya Ramatiki
  • Tsogang!—2001
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela e Lelokololo le Bopegileng ka Yone
  • Ramatiki e e Bakang go Ruruga ga Malokololo
  • Ramatiki e e Senyang Mahihiri
  • Tsela Ya go E Alafa
  • Ramatiki—Bolwetse jo bo Golafatsang
    Tsogang!—2001
  • Tsholofelo ya Batho ba ba Tshwerweng ke Ramatiki
    Tsogang!—2001
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2001
  • Bolwetse Jwa Gout—Dilo Tse di bo Bakang
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2001
g01 12/8 ts. 4-9

Go Tlhaloganya Ramatiki

“BOSIGO FA KE YA GO ROBALA, KE LEBA MAOTO LE MATSOGO A ME A A GOLAFETSENG KE BO KE THUBEGA KA SELELO.”—MIDORI, JAPANE.

RAMATIKI e ntse e tshwenya batho ka makgolokgolo a dingwaga. Ditopo tse di omisitsweng tsa baswi kwa Egepeto di bontsha gore bolwetse jono ga bo bolo go nna teng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Go bonala fa mmatlisisi Christopher Columbus a ne a tshwerwe ke bolwetse jono. Mme le dimilionemilione tsa batho gompieno di tshwerwe ke jone bolwetse jono. Mme gone bolwetse jono jo bo golafatsang sekanakana ke eng?

Lefoko “ramatiki” le tserwe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “malokololo a a rurugileng” mme le dirisiwa fa go buiwa ka setlhopha sa malwetse a feta 100 a a amanang le ramatiki.a Malwetse ano a ka nna a se ka a ama malokololo fela, mme gape a ka ama le mesifa, marapo, mahihiri a a thata le ditshika tse di a tshegetsang. Mefuta mengwe ya ramatiki e ka senya letlalo la gago, dirwe tsa kafa teng le e leng matlho a gago tota. E re re tlotle thata ka malwetse a mabedi a a amanang thata le ramatiki—rheumatoid arthritis (RA [ramatiki e e bakang go ruruga ga malokololo]) le osteoarthritis (OA [ramatiki e e senyang mahihiri]).

Tsela e Lelokololo le Bopegileng ka Yone

Lelokololo ke mo marapo a mabedi a kopanang gone. Lelokololo le le ntshang mafura a a logetsang le dikologilwe ke lotha lo lo thata lo lo le sireletsang le go le tshegetsa. (Bona setshwantsho mo tsebeng 4.) Lotha lono lwa lelokololo mo teng ga lone lo na le lotha lo longwe lo lo ntshang mafura a a logetsang. Lotha lono lo ntsha seedinyana se se borekereke. Mo teng ga lotha lwa lelokololo, dintlha tsa marapo a mabedi di khurumeditswe ka thishu e e borethe e e kgonang go taologa e e bidiwang lehihiri le le seng thata. Seno se thusa marapo a gago gore a se ka a gwetlhana le go gotlhana. Gape lehihiri leno le le seng thata le thusa go monya kgatelelo, le sireletsa dintlha tsa marapo a gago mme le dira gore marapo a gago a kgone go amogela kgatelelo ka go tshwana.

Ka sekai, fa o tsamaya, o taboga, kgotsa o tlola, kgatelelo e e utlwalang mo dinokeng tsa gago le mo mangoleng e ka nna ya feta ya boima jwa mmele wa gago ka makgetlo a le manè go ya go a le robedi! Le fa gone mesifa le mahihiri a a thata a a fa gaufi e kgona go monya bogolo jwa kgatelelo eno, mahihiri a a seng thata a thusa marapo a gago go itshokela boima jono ka go pitlelega fela jaaka sepontšhe.

Ramatiki e e Bakang go Ruruga ga Malokololo

Mo kgannyeng ya motho yo o tshwerweng ke ramatiki e e bakang go ruruga ga malokololo (RA [rheumatoid arthritis]), thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e simolola ka go tlhasela malokololo a one. Ka lebaka lengwe le le sa tlhaloganyesegeng, disele di le dintsi thata tsa madi—go akaretsa le di-T-cell, tse di nang le seabe se segolo thata mo thulaganyong ya mmele ya go lwantsha malwetse—di itlhaganelela kwa marobeng a malokololo. Seno se fetola dilo di le dintsi mo dikhemikaleng tsa malokololo mme seo se dira gore malokololo a ruruge. Disele tse di ntshang mafura a a logetsang di ka nna tsa gola fela thata, di dira tlhagala e kgolo e e bidiwang pannus. Pannus eno le yone e ntsha diensaeme tse di kotsi tse di senyang lehihiri le le seng thata. Go tswa foo dintlha tsa marapo di ka nna tsa ngaparagana, di dira gore lelokololo le se ka la kgona go tsamaisiwa ka tshosologo—mme seno se baka le botlhoko jo bo ngomolang pelo. Fa seno se ntse se direga gape, ditshika, mahihiri a a thata, le mesifa e a koafala, e dira gore lelokololo le se ka la tlhomama mme le phetsege go sekae, mo gantsi go felelang motho wa teng a golafetse. Gantsi RA e ama malokololo ka tsela e e batlang e tshwana, e tlhasela magwejana, mangole le maoto. Mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa batho ba ba tshwarwang ke RA gape ba nna le dikgotonyana kgotsa dithurusa mo tlase ga letlalo. Ba bangwe ba nna le anemia le matlho le mometso o o omeletseng, o o botlhoko. Gape fa o na le RA o utlwa letsapa le le tseneletseng le matshwao a mangwe a mofikela, a a akaretsang go nna le korose le mesifa e e botlhoko.

Se RA e se dirang mo bathong ba ba farologaneng, tsela e e simololang ka yone, le lobaka lo e lo tsayang ga e tshwane gotlhelele mo bathong. Mo mothong yo mongwe botlhoko le go gagamala ga mesifa di ka nna tsa simolola ka iketlo tsa tsaya lobaka lwa dibeke di le mmalwa kgotsa le e leng dingwaga. Mo go yo mongwe, e ka nna ya simolola ka tshoganyetso fela. Mo bathong bangwe, RA e tsaya dikgwedi di le mmalwa mme e ba tlogele e sa baka tshenyo e e maswe go le kalo. Ba bangwe ba ka nna ba utlwa ditlhabi tse di botlhoko thata tse di ntseng di gakalela pele, e re morago ga moo di nyelele ba ikutlwe botoka. Mme mo balwetseng bangwe bolwetse jono bo ka tsaya dingwaga di le dintsi, bo ntse bo ba golafatsa bo sa kgaotse.

Ke bomang ba ba mo kotsing ya go tshwarwa ke RA? Dr. Michael Schiff o bolela gore “bo tshwara thata basadi ba ba mo dingwageng tsa bogareng.” Le fa go ntse jalo, Schiff o tswelela pele a tlhalosa gore “bo kgona go tshwara mongwe le mongwe wa dingwaga dingwe le dingwe go akaretsa le bana le banna.” Ba ba nang le ba losika ba ba nang le ramatiki eno e e bakang go ruruga ga malokololo, ba mo kotsing e kgolwanyane ya go tshwarwa ke ramatiki eno. Dipatlisiso di le mmalwa tse di dirilweng di bontsha gape gore motho yo o gogang, yo mokima, le yo o kileng a tshelwa madi le ene o mo kotsing e kgolwanyane.

Ramatiki e e Senyang Mahihiri

Western Journal of Medicine e bolela gore: “Osteoarthritis [Ramatiki e e senyang mahihiri] e tshwana fela le maemo a bosa—e ka utlwala mo dikarolong tse di farologaneng tsa mmele ka nako e le nngwe, gantsi o sa e lemoge, mme ka dinako dingwe e le e e tseneletseng thata.” Go farologana le RA, osteoarthritis (OA) yone ga se gantsi e anamelang kwa dikarolong tse dingwe tsa mmele mme e tlhasela thata lelokololo le le lengwe fela kgotsa a sekae. Jaaka fa lehihiri le le seng thata le ntse le jega ka iketlo, marapo a simolola go gotlhana. Fa e go tshwere o nna le matlhogelanyana a marapo a a bidiwang di-osteophyte. Go ka nna ga bopega dikgeleswanyana, mme lerapo le le kafa teng le nna thata le bo le simolola go golafala. Matshwao a mangwe a ka akaretsa go nna le marurugo mo malokololong, modumo wa go gwetlhana le go gotlhana mo malokololong a a nang le ramatiki, botlhoko jwa mesifa, mmogo le go gagamala ga mmele le go sa kgone go tsamaya.

Mo nakong e e fetileng, go ne go tsewa gore OA e bakwa fela ke go tsofala. Le fa go ntse jalo, bomankge jaanong ba fetotse tsela eno e ba ntseng ba leba dilo ka yone. The American Journal of Medicine e bolela jaana: “Ga go na sepe se se bontshang gore lelokololo le le itshiametseng sentle fela, le le utlwang fela kgatelelo e e tlwaelegileng e e diragalelang malokololo a mangwe otlhe, le tla felelwa ke maatla fa motho a ntse a tsweletse a tshela.” Mme he ke eng se se bakang ramatiki eno e e senyang mahihiri? Go ya ka makasine mongwe wa Boritane wa The Lancet “go ne ga kgakgauthanwa ka mafoko” fa go ne go dirwa boiteko jwa go tlhaloganya gore tota ke eng se se e bakang. Babatlisisi bangwe ba akantsha gore go ka nna ga simolola ka gore lerapo lengwe le senyege pele, jaaka gore le robege go le gonnye. Mme e re morago ga moo, ka ntlha ya go robega gole, go tswe matlhogelanyana a marapo mme mahihiri a a seng thata a simolole go koafala. Ba bangwe ba akanya gore OA e simolola mo lehihiring le le seng thata ka bolone. Ba re jaaka fa le simolola go senyega mme le kgoboga, kgatelelo e simolola go nna kgolwanyane mo lerapong le le sireleditsweng ke lehihiri leo. Go simolola go nna le diphetogo dingwe mo karolong eo jaaka fa mmele o ntse o leka go baakanya lehihiri le le senyegileng.

Ke bomang ba ba mo kotsing ya go tshwarwa ke ramatiki eno e e bidiwang OA? Le fa gone motho a ka se ka a tshwarwa ke OA fela ka gonne a tsofetse, gantsi fa motho a ntse a gola o senyegelwa ke mahihiri a a seng thata a mo malokololong. Ba bangwe ba ba mo kotsing ya go tshwarwa ke ramatiki eno e ka nna ya bo e le ba ba nang le mathata mangwe mo tseleng e malokololo a bone a kopanang ka yone kgotsa ba ba nang le mesifa e e bokoa ya maoto kgotsa ya dirope, ba maoto a bone a sa lekalekaneng, kgotsa ba marapo a bone a mokwatla a sa lebaganang sentle. Fa lelokololo le ka utlwa botlhoko ka ntlha ya kotsi nngwe e e diregileng mo go lone kgotsa ka ntlha ya go dira tiro nngwe e lelokololo lengwe le tlhokang go dirisiwa thata mo go yone le gone go ka nna ga baka ramatiki ya osteoarthritis. Fela fa lelokololo le simolola go senyega jalo, go nna mokima thata go ka gakatsa OA.

Dr. Tim Spector o bolela jaana: “Osteoarthritis ke bolwetse jo bo raraaneng thata jo bo nang le dilo di le dintsi tsa kafa ntle tse di bo bakang mme gape go ka direga thata gore o nne le jone ka ntlha ya go bo futsa mo mongweng wa losika.” Batho ba ba mo kotsing e kgolo ya go nna le OA ke batho ba ba mo dingwageng tse di mo magareng le basadi ba ba godileng ba go nnileng le mongwe mo losikeng lwa bone yo o kileng a nna le yone mo nakong e e fetileng. Go farologana le bolwetse jwa osteoporosis, pele ga o nna le OA, marapo a gago a a gola go na le gore a ngotlege. Babatlisisi bangwe ba bolela gore gape lelokololo le senyega ka gonne le sa bone okosejene ka tshosologo e bile le se na bitamine C le D tse di lekaneng.

Tsela Ya go E Alafa

Go alafa ramatiki gantsi go akaretsa go nwa ditlhare, go ikatisa, le go fetola mokgwa wa motho wa go tshela. Ngaka e e go alafang e ka nna ya simolola ka thulaganyo ya go ikatisa. E ka nna ya dirisa mefuta e e farologaneng ya go ikatisa ka go tshikinya mmele, go gagamatsa mesifa, ikatiso e e go tlhokang go dirisa mmele le mafatlha, le ikatiso ya go aga mesifa ya mmele kgotsa ya go tsholetsa dilo tse di bokete. Mekgwa eno ya go ikatisa e itshupile e kgona go tokafatsa matshwao a mantsi a bolwetse jono go akaretsa le go opa ga malokololo le go ruruga ga one, letsapa le le tseneletseng, go sa ikutlweng sentle le go tshwenyega thata mo maikutlong. O kgona go bona gore go ikatisa go molemo go le kana kang fa o leba le bone batsofe tota. Go ikatisa gape go ka thusa go dira gore marapo a se ka a latlhegelwa ke boima jwa one. Bangwe ba bolela gore motho a ka kgona go fokotsa botlhoko jwa ditlhabi ka go dirisa mefuta e e farologaneng ya go ikalafa ka go baya sengwe se se fisang kgotsa se se tsididi mo go leng botlhoko teng le ka go dirisa acupuncture.b

E re ka go fokotsa boima jwa mmele go ka thusa thata mo go fokotseng ditlhabi tsa mo malokololong, dijo tse o di jang e ka nna selo se segolo sa go laola ramatiki. Bangwe ba ile ba bolela gape gore dijo tse di nang le calcium e ntsi tse di jaaka merogo e e nang le matlhare a matala thata, maungo le tlhapi e e nnang mo metsing a a tsididi thata e e nang le mafura a mantsi a omega-3—mme o sa je dijo tse dintsi tse di tlhakantsweng ka dikhemikale go dira gore di se ka tsa bola ka bonako le tse di nang le mafura a a humileng thata—di ka se thuse fela mo go direng gore o fokotse mmele mme gape di thusa gore o se ka wa utlwalelwa thata ke botlhoko jwa ditlhabi. Jang? Bangwe ba bolela gore dijo tse di ntseng jalo di thibela malokololo a mmele gore a se ka a ruruga. Ba bangwe ba bolela gore go ja dijo tse di se nang nama, mashi, korong le merogo e e tshwanang le ditamati, ditapole, dipepere, go thusitse batho bangwe.

Mo mabakeng mangwe go akantshiwa mokgwa mongwe wa karo o o bidiwang arthroscopy (go dirisa didirisiwa tse di kgethegileng tsa kalafi go leba mo teng ga lelokololo). Fa go dirisiwa mokgwa ono go tsenngwa sedirisiwa mo teng ga lelokololo, go kgontsha moari go tlosa dithishu tse di ntshang diensaeme tse di kotsi. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono ga o thuse go le kalo, ka gonne gantsi lelokololo le ka boa la ruruga gape. Mokgwa o mongwe gape o e bile one o tseneletseng le go feta ke wa joint arthroplasty, oo mo go one lelokololo lotlhe (gantsi la noka kgotsa la lengole) le tlosiwang gotlhelele mme go tsenngwa la maitirelo. Mokgwa ono wa karo o ka bereka ka dingwaga di ka nna 10 go ya go di le 15 mme gantsi o thusa thata go fedisa ditlhabi.

Bosheng jaana, dingaka di ile tsa leka mekgwa e e seng bogale thata ya kalafi, e e tshwanang le go tshela ditlaleletsi dingwe mo lelokololong, mokgwa o mo go one seeledi sa hyaluronic se entelwang ka tlhamalalo mo lelokololong. Mokgwa ono o dirisiwa thata mo mangoleng. Go tsenya dilo tse di thusang go baakanya lehihiri le le seng thata (dieledi tse di sireletsang lehihiri le le seng thata) le gone go ile ga thusa go ya bokgakaleng jo bo rileng, go ya ka dipatlisiso dingwe tse di dirilweng kwa Yuropa.

Le fa gone go ise go bonwe seokobatsi sepe se se ka fodisang ramatiki, diokobatsi di le dintsi di fokotsa ditlhabi le go ruruga, mme tse dingwe di bontshitse gore di ka thusa go fokotsa lobelo lo bolwetse jono bo etegelang ka lone. Dipilisi tsa go okobatsa ditlhabi, mmogo le go dirisa kalafi ya corticosteroid, diokobatsi tsa nonsteroid anti-inflammatory (NSAID), diokobatsi tsa disease-modifying antirheumatic (DMARD), dipilisi tse di gatelelang tsela e masole a mmele a itwelang ka teng, dipilisi tse di amang tsela ya mmele ya go itwela mo malwetseng, le dipilisi tse di fetotsweng ka dijini go dira gore di tsenatsenane le tsela ya mmele ya go itwela mo malwetseng tsotlhe tseno ke dibetsa tse di dirisiwang go okobatsa ditlhabi tse di koafatsang tsa ramatiki. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga se ka ga itiragalela motlhofo fela gore o okobatse manokonoko a ditlhabi, ka gonne mefuta eno yotlhe ya diokobatsi e ka dira gore mmele o di tsibogele ka ditsela tse dingwe tse di masisi thata. Go leka go sekaseka melemo e o ka e bonang le dikotsi tse di ka nnang teng ke kgwetlho e kgolo thata mo molwetseng le mo ngakeng.

Batho ba ba ileng ba utlwa manokonoko a ramatiki ba ile ba itshokela jang bolwetse jono jo bo botlhoko?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gareng ga mefuta eno ya ramatiki go na le ramatiki e e senyang mahihiri (osteoarthritis), ramatiki e e bakang go ruruga ga malokololo (rheumatoid arthritis), ramatiki e e tlhaselang dikarolo tsotlhe tsa mmele (systemic lupus erythematosus), ramatiki e e bakang go ruruga ga malokololo mo baneng ba ba sa ntseng ba gola (juvenile rheumatoid arthritis), gout, bursitis, rheumatic fever, Lyme disease, ramatiki ya go ruruga ga marapo a magwejana (carpal tunnel syndrome), fibromyalgia, Reiter’s syndrome, le ramatiki e e tshwarang thata marapo a mokokotlo (ankylosing spondylitis).

b Tsogang! ga e buelele mokgwa ope wa kalafi, seokobatsi kgotsa wa karo. Molwetse mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go batlisisa le go sekaseka mabaka a kalafi le fa e le efe e a e tlhophang, a e sekaseka a theile mo kitsong e a nang le yone.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

BOKIMA, GO GOGA, LE FA MOTHO A KILE A TSHELWA MADI, TSENO DI KA DIRA GORE MOTHO A NNE MO KOTSING YA GORE A NNE LE “RHEUMATOID ARTHRITIS”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

MEKGWA E MENGWE YA KALAFI

Go akanngwa gore go dirisa dilo dingwe tsa kalafi go sireletsegile thata, e bile ga go bake mathata a mantsi jalo a go tsiboga ga mmele go feta go dirisa mekgwa e e tlwaelegileng ya kalafi. Dingwe tsa tsone ke type II collagen e e nowang, e babatlisisi bangwe ba bolelang gore e kgonne go fokotsa go ruruga ga malokololo le botlhoko jwa malokololo mo ramatiking ya rheumatoid arthritis (RA). Jang? Ka go kgoreletsa diporoteine tsa disele tse di bakang go ruruga le tse di senyang, e leng interleukin-1 le tumor necrosis factor α. Go bolelwa gore dikotla dingwe tsa tlholego le tsone di bontshitse gore di ka kgona go thibela tsone diporoteine tseno tse di senyang. Di akaretsa bitamine E, bitamine C, kalafi ya niacinamide, mafura a tlhapi a a nang le asiti e ntsi ya eicosapentaenoic le gammalinolenic, mafura a borage seed, le mafura a evening primrose. Kwa China, ka dingwaga di le dintsi jaanong go ntse go dirisiwa Tripterygium wilfordii Hook F, kalafi ya ditlhatshana. Go begwa gore e atlegile go isa bokgakaleng jo bo rileng go fokotsa manokonoko a rheumatoid arthritis.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LELOKOLOLO LE LE ITEKANETSENG

BURSA

MOSIFA

LEHIHIRI LE LE SENG THATA

LEHIHIRI LE LE THATA

LOTHA LWA LELOKOLOLO

LOTHA LO LO NTSHANG MAFURA A A LOGETSANG

MAFURA A A LOGETSANG

LERAPO

LELOKOLOLO LA RHEUMATOID ARTHRITIS

GA GO TLHOLE GO NA LE PHATLHA

GO SENYEGA GA LERAPO LE MAHIHIRI A A SENG THATA

LOTHA LO LO NTSHANG MAFURA A A LOGETSANG LO LO TSHWAETSEGILENG

LELOKOLOLO LA OSTEOARTHRITIS

DIKAROLWANA TSA LEHIHIRI LE LE SENG THATA TSE DI KGAOGANENG

GO SENYEGA GA LEHIHIRI LE LE SENG THATA

NTLHA YA LERAPO

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: Arthritis Foundation

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ramatiki e kgona go tshwara batho ba dingwaga dingwe le dingwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Thulaganyo ya go ikatisa le go ja ka tshwanelo e ka thusa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela