A o Tshwanetse go Duela Lekgetho?
“Duela mongwe le mongwe se o mo kolotang sone: Fa o kolota lekgetho, le duele; fa o kolota lotseno, lo duele; fa o kolota mongwe tlotlo, mo tlotle; fa o kolota mongwe poifo, mmoife.”—Baroma 13:7, New International Version.
E RE ka madi a lekgetho a ntse a oketsega, go ka bonala go le thata go amogela kgakololo e e fa godimo. Le fa go ntse jalo, mafoko ao ke a a builweng ke moaposetoloi Paulo, e bile a kwadilwe mo Baebeleng. Ga go pelaelo gore wena o tlotla Baebele. Mme o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A tota Bakeresete ba tshwanetse gore ba duele makgetho otlhe—go akaretsa le a bangwe ba ka tsayang gore a mantsi kgotsa ga a siama?’
Akanya ka kgakololo e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe. O ne a itse gore Bajuda ba gaabo ba ne ba ila thata makgetho a a neng a tlhomilwe ke Roma. Le fa go ne go le jalo, Jesu o ne a rotloetsa jaana: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Se se kgatlhang ke gore Jesu o ne a buelela gore puso e e neng e tlile go mmolaya mo bogautshwaneng e duelwe lekgetho.
Morago ga dingwaga di le mmalwanyana, Paulo o ne a ntsha kgakololo e e nopotsweng kwa tshimologong. O ne a rotloetsa gore makgetho a duelwe le fa madi a mantsi a lone a ne a dirisediwa go tlamela sesole sa Roma le go tshegetsa botshelo jo bo sa siamang le jo bo manobonobo jwa babusi ba Baroma. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a rialo le mororo batho ba ne ba sa rate go duela lekgetho?
Balaodi ba Bagolo
Akanyetsa se mafoko a ga Paulo a se kayang. Mo go Baroma 13:1, o ne a kwala jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.” Ka nako ya fa setšhaba sa Iseraele se ne se na le babusi ba ba boifang Modimo, go ne go le motlhofo go leba go tlamela setšhaba ka madi e le boikarabelo jo ba nang le jone mo setšhabeng le mo bodumeding. A mme Bakeresete ba ne ba na le boikarabelo jo bo tshwanang fa babusi e ne e le baobamedi ba medingwana ba ba sa dumeleng? Ee, ba ne ba na le jone! Mafoko a ga Paulo a bontsha gore Modimo o neile babusi “taolo” ya go busa.
Dipuso di dira ka natla gore dilo di tsamaye ka tolamo. Seno se naya Bakeresete sebaka sa go tsweletsa pele ditiro tsa bone tse dintsi tsa semoya. (Mathaio 24:14; Bahebera 10:24, 25) Ka jalo Paulo o ne a bua jaana malebana le babusi ba ba leng gone ba puso: “Ke modiredi wa Modimo mo go lona gore lo bone molemo.” (Baroma 13:4) Paulo ka boene o ne a itetla go bona tshireletso e puso ya Roma e neng e tla mo e naya. Ka sekai, fa a ne a tlhaselwa ke segopa, o ne a namolwa ke masole a Roma. Moragonyana o ne a ikuela go tsamaiso ya boatlhodi ya Roma gore a tle a kgone go tswelela e le morongwa.—Ditiro 22:22-29; 25:11, 12.
Ka jalo Paulo o ne a ntsha mabaka a mararo a go duela lekgetho. La ntlha, o ne a bua ka “tšhakgalo” ya dipuso fa di otlhaya batho ba ba tlolang molao. La bobedi, o ne a tlhalosa gore segakolodi sa motho yo o boifang Modimo se tla amega fa ka tsietso a tila go duela lekgetho. La bofelo, o ne a bontsha gore makgetho a duelela fela ditiro tse dipuso, tse e leng “batlhanka setšhabeng,” di di direlang batho.—Baroma 13:1-6.
A Bakeresete mmogo le Paulo ba ne ba tsaya mafoko a gagwe tsia? Go bonala jalo, ka go bo mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga yo o ipolelang gore ke Mokeresete e bong Justin Martyr (mo e ka nnang ka 110 go ya go 165 C.E.) o ne a re Bakeresete ba ne ba “iketleeleditse thata go feta batho botlhe” go duela makgetho a bone. Gompieno, fa dipuso di batla dituelo, e ka ne di batla gore re di neye nako kgotsa madi, Bakeresete ba tswelela ba ikoba ka go rata.—Mathaio 5:41.a
Gone mme, Bakeresete ba gololesegile gore ba dirise ditshono tse di leng gone tse di dumelelwang ke molao tsa gore ba fokoletswe makgetho kafa molaong. Mo mabakeng a mangwe, ba ka ne ba le mo boemong jwa gore ba dirise ditshono tsa go se duedisiwe lekgetho tse di newang batho ba ba thusang mekgatlho ya bodumedi ka go e ntshetsa meneelo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha gore ba utlwa Lefoko la Modimo ka go se tile go duela lekgetho. Ba duela makgetho a bone, ba letlelela balaodi gore ba tseye boikarabelo jotlhe jwa kafa ba dirisang madi ka gone.
Go duedisiwa makgetho a a kwa godimo ke e nngwe ya ditsela tse “motho a laotseng motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko” ka yone. (Moreri 8:9) Basupi ba ga Jehofa ba gomodiwa ke tsholofetso ya Baebele ya gore go ise go ye kae tshiamiso e tla nna gone mo go botlhe mo pusong ya Modimo—puso e e se kitlang e imetsa batho ka makgetho a a gatelelang.—Pesalema 72:12, 13; Isaia 9:7.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgakololo ya ga Jesu ya go duela “Kaesara dilo tsa ga Kaesara” e ne e sa reye fela go duela makgetho. (Mathaio 22:21) Critical and Exegetical Hand-Book to the Gospel of Matthew, ka Heinrich Meyer e tlhalosa jaana: “[Dilo tsa ga Kaesara] . . . ga re a tshwanela go di tlhaloganya fela e le lekgetho le le ntshiwang ke setšhaba mme ke sengwe le sengwe se Kaesara a neng a na le tshwanelo ya sone ka ntlha ya puso ya gagwe e e kafa molaong.”
[Mafoko a a mo go tsebe 11]
Bakeresete ba motlha wa pele ba ne ba “iketleeleditse thata go feta batho botlhe” go duela makgetho a bone.—JUSTIN MARTYR
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Bakeresete ba boammaaruri ba ikobela melao ya lekgetho
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Jesu o ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
© European Monetary Institute