Fa Lo Na Le Molato Wa Lekgetho, Duelang Lekgetho”
“MO LEFATSHENG leno ga go na sepe se o ka tlhomamisegang ka sone fa e se loso le go duela lekgetho.” Go ne ga bua jalo radipolotiki le motlhami wa Moamerika wa lekgolo la bo18 la dingwaga e bong Benjamin Franklin. Mafoko ano a gagwe a a tlholang a umakiwa, a ne a sa bontshe fela gore makgetho ga a ka ke a tilwa mme le ka tsela eo batho ba nnang mo tlalelong ka ntlha ya go duela makgetho ka yone. Mo bathong ba le bantsi, go duela makgetho ga go itumedise fela jaaka go swa.
Lefa go duela makgetho e le selo se se sa itumediseng jaana, gone ke boikarabelo jo Bakeresete ba boammaaruri ba bo tsayang masisi thata. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bokeresete kwa Roma jaana: “Neelang mongwe le mongwe se lo leng molato le ene ka sone: Fa lo na le molato wa lekgetho, duelang lekgetho; Fa lo na le molato wa sehuba, ntshang sehuba; fa lo na le molato wa poifo, neelang poifo, fa lo na le molato wa tlotlo, neelang tlotlo.” (Baroma 13:7, New International Version) Mme Jesu Keresete o ne tota a raya makgetho fa a ne a re: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo dilo tse e leng tsa Modimo.”—Mareko 12:14, 17.
Jehofa o ile a letla gore “babusi ba bagolo” ba puso ba nne teng e bile o batla gore batlhanka ba gagwe ba ineele mo go bone ka selekanyo se se rileng. Ke ka ntlha yang he, fa Modimo a gatelela gore baobamedi ba gagwe ba duele makgetho? Paulo o umaka mabaka a le mararo a konokono: (1) “bogale” jwa “babusi ba bagolo” fa ba otlhaya batlolamolao; (2) segakolodi sa Mokeresete, seo se se kitlang se nna phepa fa a tsietsa ka makgetho a gagwe; (3) tshwanelo ya go duela ‘badiredi bano ba tirelo’ go bo ba re direla dilo e bile ba boloka selekanyo se se rileng sa thulaganyo. (Baroma 13:1-7) Batho ba le bantsi ba ka nna ba bo ba sa rate go duela makgetho. Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo ba ka se ke ba rate le go nna mo nageng e go senang mapodisi kana batimamolelo, go sena ditsela tse di siameng, dikolo tsa botlhe e bile go sena thulaganyo epe ya go tsamaisa poso. Rramelao wa Moamerika e bong Oliver Wendell Holmes o kile a tlhalosa seno jaana: “Makgetho ke selo se re se duelelang go tshela botshelo jo bo tlhabologileng.”
Go duela makgetho ga se selo se sesha mo batlhankeng ba Modimo. Baagi ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba duela mofuta mongwe wa lekgetho go tshegetsa dikgosi tsa bone, mme bangwe ba babusi bao ba ne ba rwadisa batho bokete ka go ba duedisa makgetho a a feteletseng. Bajuta gape ba ne ba duela dihuba le makgetho go babusi ba dinaga di sele tse di neng di ba busa, jaaka Egepeto, Peresia le Roma. Ka jalo, Bakeresete mo nakong ya ga Paulo ba ne ba itse sentle gore o ne a bua ka ga eng fa a ne a umaka go duelwa ga makgetho. Ba ne ba itse gore a e ka ne e le gore makgetho ano a ne a utlwala kana nnyaa le gore go sa kgathalesege gore puso e ne e tla dirisa madi ano ka tsela e e ntseng jang, ba ne ba tshwanetse go duela lekgetho lepe fela leo ba neng ba patelesega go le duela. Ke selo se se tshwanang le mo Bakereseteng ba gompieno. Lefa go ntse jalo, ke melaometheo efe e e ka re nayang kaelo fa re ntse re duela makgetho a rona mo dinakong tse di thata tseno?
Melaometheo E Metlhano Go Re Kaela
Nna le thulaganyo. Re direla e bile re etsa Jehofa yo e leng gore “ga se Modimo wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso fela.” (1 Bakorinthe 14:33; Baefeso 5:1) Go nna le thulaganyo go botlhokwa fa go tla mo go dueleng makgetho. A o na le direkoto tse di feletseng, tse di tlhomameng e bile di rulagantswe sentle? Gantsi ga go tlhokege gore o nne le thulaganyo ya go faela e e turang. O ka nna wa nna le fouletara e le nngwe e e tshwailweng go tsenya mofuta mongwe le mongwe wa direkoto tsa gago (jaaka dirasiti tse di nang le melato ya gago e e farologaneng). Go ka nna ga bo go lekane go tsenya difouletara tseno mo go tse dingwe tse dikgolwanyane o di baya go ya ka dingwaga tsa tsone. Mo dinageng di le dintsi go batlega gore motho a beye difaele tseno lobaka lwa dingwaga tse di rileng gore di nne teng fa puso e ka swetsa gore e batla go tlhatlhoba direkoto tsa dingwaga tse di fetileng. Ka jalo o se ka wa latlha sepe go fitlha o tlhomamisega gore ga o tlhole o se tlhoka.
Ikanyege. Paulo o ne a kwala jaana: “Lo re rapelele, gonne re a tlhomamisa fa re na le segakolodi se se siameng; re eletsa go tshela ka go tlhoka matsoketsane mo dilong tsotlhe.” (Bahebere 13:18) Go tlhoafalela go nna batho ba ba ikanyegang go tshwanetse ga kaela tshwetso nngwe le nngwe e re e dirang fa re duela makgetho a rona. Sa ntlha, re tshwanetse go akanyetsa lekgetho le re tshwanetseng go le duela mo mading a re a amogelang a re tshwanetseng go a bega kwa pusong. Mo dinageng di le dintsi, madi a a oketsegileng ao batho ba a amogelang—go tswa mo merokotsong, mo ditirong tse di kwa thoko, le go tswa mo dilong tse ba di rekisitseng—a tshwanetse go duelelwa lekgetho fa a setse a feta selekanyo se se rileng. Mokeresete yo o nang le “segakolodi se se siameng” o tla batla go itse gore mo nageng eo a nnang mo go yone, o tshwanetse go duelela lekgetho mo mading afe ao a a amogelang le gore madi ao a tshwanetse go nna bokae mme a bo a duela lekgetho leo.
Sa bobedi go na le kgang ya madi a ditshenyegelo ao motho a ka a fokotsang. Gantsi puso e letla batho ba ba duelang lekgetho go fokotsa ditshenyegelo tse di rileng mo mading ao ba a amogelang ao ba tshwanetseng go a duelela lekgetho. Mo lefatsheng leno le le sa ikanyegeng, batho ba le bantsi ba bona go se molato go “itlhamela dilo” kana “go nna mathaithai” fa ba tshwanetse go kopa diphokoletso tseno. Go bolelwa fa monna mongwe kwa United States a ne a rekela mosadi wa gagwe jase ya bobowa e e jang madi a le mantsi mme a e kgwagetse kwa a berekang teng ka letsatsi le lengwe fela gore a tle a goge ditshenyegelo tsa yone jaaka mofuta mongwe wa “mekgabisa” ya kwa a berekang teng! Yo mongwe ene o ne a leka go tsaya ditshenyegelo tsa lenyalo la ga morwadie jaaka ditshenyegelo tsa kgwebo. Mme yo mongwe gape o ne a leka go ntsha ditshenyegelo tsa fa mosadi wa gagwe a ne a tsamaile le ene mo loetong la gagwe go ya kwa Botlhabakgakala ka dikgwedi di le dintsi, le mororo a ne a etse fela go ya go eta le go ijesa monate. Go bonala fa dikgang tseno di sa fele. Fa re bua sentle fela, go re sengwe ke tshenyegelo ya kgwebo fa ruri e se yone ke mofuta mongwe wa maaka—selo se Modimo wa rona, Jehofa, a se tlhoileng tota.—Diane 6:16-19.
Nna botlhale. Jesu o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe go nna “botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi.” (Mathaio 10:16) Kgakololo eo e ka nna ya dira tota le mo go dueleng makgetho a rona. Batho ba le bantsi gompieno, segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologileng, ba duela feme e e baakanyang diakhaonte tsa dikgwebo kana mongwe wa porofeshenale gore ba ba thuse go bona gore ba tshwanetse go duela bokae mo lekgethong la bone. Ba tla saena fela diforomo mme ba romele tšheke. Eno ke nako e e siameng ya go latela kgakololo e e mo go Diane 14:15: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.”
Batho ba le bantsi ba ba duelang lekgetho ba ile ba tsena mo mathateng le puso ka go bo ba ‘dumela lefoko lengwe le lengwe’ leo akhaontente mongwe yo o sa ikanyegeng kana motho yo o baakanyang lekgetho yo o senang maitemogelo, a le ba bolelelang. A bo go le botoka jang ne go nna bonokopela! Nna kelotlhoko ka dikgato tse o di tsayang ka go bala makwalo ape fela pele o a saena. Fa gongwe sengwe se se kwadilweng kana se se sa kwalwang se lebega se go belaetsa, dira gore o se tlhalosediwe—le gone se boaboelediwe fa go tlhokega—go fitlha o kgotsofetse gore selo seo se boammaaruri e bile se kafa molaong. Gone ke boammaruri gore, mo dinageng di le dintsi melao ya lekgetho e setse e raraane le go feta, mme lefa go ntse jalo, go tla bo go le botlhale go dira gore o tlhaloganye sentle sengwe le sengwe se o tla bong o se saenela. O ka nna wa fitlhela gore mo mabakeng a mangwe Mokeresete yo o tlwaelaneng le melao ya lekgetho o ka go fa lesedi lengwe. Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o dirisanang le makgetho e bile e le mmueledi o ne a re: “Fa akhaontente ya gago e akantsha sengwe se se utlwalang se le molemo ka tsela e e gakgamatsang, kooteng he ga se boammaaruri!”
Nna le maikarabelo. “Mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi Paulo. (Bagalatia 6:5) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya maikarabelo a go nna motho yo o ikanyegang le yo o utlwang molao fa go tla mo go dueleng makgetho. Eno ga se kgang eo mo go yone bagolwane ba phuthego ba tla disang letsomane le le mo tlhokomelong ya bone. (Bapisa 2 Bakorinthe 1:24.) Bagolwane ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa makgetho, ba dira jalo fela fa ba lemogile gore go dirilwe phoso e e masisi, gongwe e le selo se se tlhabisang ditlhong mo bathong. Ka tlwaelo eno ke kgang eo mo go yone Mokeresete ka boene a nnang le maikarabelo a go dirisa segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng sentle go latela melaometheo ya Dikwalo. (Bahebere 5:14) Seno se akaretsa gore motho a lemoge gore fa a saena foromo ya lekgetho—go sa kgathalesege gore e baakantswe ke mang—e ka nna ya bo e kwadilwe gore kafa molaong o ile a bala foromo eo e bile o dumela gore se se kwadilweng mo go yone se boammaaruri.a
Nna motho yo o se nang molato. Balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna batho ba ba “se nang molato” gore ba tle ba tshwanelegele maemo a bone. Le phuthego yotlhe ka mo go tshwanang e tshwanetse go nna e sena molato mo matlhong a Modimo. (1 Timotheo 3:2; bapisa Baefeso 5:27.) Ka jalo ba leka go ipoloka ba na le leina le lentle mo bathong le e leng fa go tla mo go dueleng makgetho. Jesu Keresete ka boene o ne a nna sekao mo go seno. Morutwa wa gagwe Petere o ne a bodiwa fa Jesu a ne a duela lekgetho la tempele, e leng diterakema tse pedi fela. Tota Jesu o ne a sa tshwanela go duela lekgetho, e re ka tempele e ne le ntlo ya ga Rraagwe, e bile go se na kgosi epe e e ka duedisang morwawe lekgetho. Tota le Jesu o ne a rialo; mme le fa go ntse jalo o ne a duela lekgetho leo. E bile o ne a dira le kgakgamatso go bona madi ao a neng a a tlhoka! Ke ka ntlha yang fa a ne a duela lekgetho leo tota a neng a sa patelesege go le duela? Jaaka Jesu ka boene a ile bua, e ne e le gore “re se ba kgopise.”—Mathaio 17:24-27.b
Boloka Leina Le Le Tlotlang Modimo
Ka mo go tshwanang, gompieno Basupi ba ga Jehofa ga ba batle go kgopisa batho ba bangwe. Ga go gakgamatse he, gore lefatshe ka bophara, ba itsiwe jaaka batho ba ba ikanyegang ba ba duelang makgetho a bone. Ka sekai lokwalodikgang lwa Sepanishe lwa El Diario Vasco lo ne lwa bega ka tsela eo batho ba le bantsi ba kwa Spain ba tilang go duela lekgetho ka teng mme lwa akgela jaana: “Batho ba ba farologaneng fela [ke] Basupi ba ga Jehofa. Fa ba reka kana ba rekisa, tlhotlhwa ya [thoto] eo ba e begang ke ya boammaaruri jo bo feletseng.” Ka tsela e e tshwanang lokwalodikgang lwa kwa United States lwa San Francisco Examiner le ne la bega jaana ka dingwaganyana tse di fetileng: “O ka nna wa tsaya [Basupi ba ga Jehofa] jaaka baagi ba ba tlhomang sekao. Ba duela makgetho ka tlhagafalo, ba tlhokomela ba ba lwalang, ba lwantsha go sa itse go bala.”
Ga go na Mokeresete ope wa boammaaruri yo o tla batlang go dira sengwe se se ka senyang leina le lentle le a le itiretseng ka maiteko a mogolo jaana. Fa o tshwanetse go dira tshwetso, a o tla tlhopha sengwe se se ka nnang sa dira gore batho ba go itse jaaka motho yo o tsietsang mo lekgethong e le fela gore o tle o kgone go boloka madi a sekaenyana? Nnyaa. Tota ruri o tla tlhopha go latlhegelwa ke madi go na le gore o leswafatse leina le lentle le o le itiretseng mme o senye mekgwa e mentle ya gago le go tsenya kobamelo ya gago go Jehofa mo kotsing.
Gone ke boammaaruri gore, ka nako e nngwe o ka nna wa latlhegelwa ke madi fa o ipoloka o le motho yo batho ba mo itseng gore o siame e bile o a ikanyega. Mofilosofi wa bogologolo wa Mogerika e bong Plato o ne a akgela jaana makgolo a dingwaga a a 24 a a fetileng: “Fa go tla mo go dueleng lekgetho le le duelwang mo mading a a amogelwang, motho yo o siameng o tla duela go feta mme yo o sa siamang o tla duela a a kwa tlase mo mading a a lekaneng ao ba a amogelang.” O ne o ka nna a oketsa ka gore motho yo o siameng ga a ke a ikwatlhaela tlhotlhwa e a e duelelang go nna tshiamo. Go itsiwe gore o motho wa mofuta oo go tshwanela madi ao o ileng wa a duela. Seno tota se boammaaruri ka Bakeresete. Go nna le leina le lentle mo bathong ke selo se se botlhokwa mo go bone ka gonne seno se tlotla Rraabone wa selegodimo mme se ka thusa go gogela ba bangwe go latela tsela ya bone ya botshelo le go latela Modimo wa bone, Jehofa.—Diane 11:30; 1 Petere 3:1.
Mme sa botlhokwa, Bakeresete ba boammaaruri ba tseela kamano ya bone le Jehofa kwa godimo. Modimo o bona sengwe le sengwe se ba se dirang, mme ba batla go mo itumedisa. (Bahebere 4:13) Ka jalo ba tila go raelwa gore ba tsietse puso. Ba lemoga gore Modimo o rata batho ba ba ikanyegang le ba ba itshwarang sentle. (Pesalema 15:1-3) Mme e re ka ba batla go itumedisa pelo ya ga Jehofa, ba duela makgetho otlhe ao ba tshwanetseng go a duela.—Diane 27:11; Baroma 13:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Seno se ka nna sa tlhagisa bothata mo Bakereseteng ba ba tshwanetseng go tlatsa setatemente sa lekgetho le molekane yo o sa dumeleng. Mosadi wa Mokeresete o tla tlhagafalela go boloka tekatekanyo fa gare ga molaomotheo wa botlhogo le maikarabelo a go latela melao ya ga Kaesare ya go duela lekgetho. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse gore a lemoge gore o ka nna a tsena mo mathateng le molao fa a ka saena foromo e e kwadilweng maaka.—Bapisa Baroma 13:1; 1 Bakorinthe 11:3.
b Go a kgatlhisa go bona gore Mathaio ke yone fela Efangele eo e ileng ya bega ka ga tiragalo eno mo botshelong jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. E re ka le ene a kile a tsaya makgetho ka boene, ga go belaetse gore Mathaio o tshwanetse a bo a ne a tseegile maikutlo ke moya o Jesu a ileng a o bontsha mo kgannyeng eno.