LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g05 4/8 ts. 31
  • “A Magolegwa a ka Fetolwa?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Magolegwa a ka Fetolwa?”
  • Tsogang!—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Fetotse Boikutlo Jwa me ka Basupi ba ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A Tota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?
    Tsogang!—2001
  • Dikgolegelo di mo Mathateng
    Tsogang!—2001
  • Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2005
g05 4/8 ts. 31

“A Magolegwa a ka Fetolwa?”

Eno ke potso e e neng ya tlhaga mo tsebeng e e kafa ntle ya makasine wa Tsogang! wa May 8, 2001. Babadi ba le bantsi ba ile ba tlhalosa kafa ba neng ba anaanela ditlhogo tse di neng di bua ka kgang eno, gape di akaretsa pego ya thulaganyo ya go ruta e e theilweng mo Baebeleng e Basupi ba ga Jehofa ba e dirisang kwa kgolegelong e e kwa Atlanta, Georgia, U.S.A. Fa tlase fano go na le dikarolo dingwe tsa makwalo a mantsi a re a amogetseng.

◼ “E re ka ke ne ke le mogolegwa dingwaga tse robedi tse di fetileng, ke ile ka bona gore selo se se thusang tota ke tiro ya go ruta e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang kwa dikgolegelong. Fa ke ne ke sa ntse ke le kwa kgolegelong ya kwa Atlanta, ke ne ka nna le tshiamelo ya go bereka le batho ba le batlhano ba ba umakilweng mo makasineng wa lona. Ke ne ke anaanela thata lorato le kemo nokeng ya bone. Ke leboga bakaulengwe ba ba tshwanang le bano, ba ba bontshang lorato mo bathong ba ba tshwanang le rona ba re ileng ra dira phoso mme re leka go e baakanya le gore re nne batho ba ba botoka.”—R. J.

◼ “Gone jaanong ke mo kgolegelong, mme bakaulengwe ba Holo ya Bogosi e e mo lefelong la rona ba ile ba dira thulaganyo e e molemo ya go tla go re ruta. Ka ntlha ya seo, mogolegwa yo mongwe o ile a kolobediwa, mme nna, e re ka ke ne ke kgaotswe mo phuthegong ya Bokeresete, gone jaanong ke buseditswe mo phuthegong. Go na le ba le bantsi ba bangwe ba ba ithutang Baebele. Go a kgothatsa go itse gore re na le seabe mo tirong eno ya go ruta ya lefatshe lotlhe. A bo go itumedisa jang go direla Jehofa, go sa kgathalesege gore re kwa kae!”—J. M.

◼ “Ka 1970, ke ne ka ya kgolegelong ka ntlha ya molato o ke sa o dirang. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le 14 mo kgolegelong. Fa ke ntse ke le kwa kgolegelong, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgatlhwa thata ke kafa ba ikanyegang ka teng le kafa ba amegang ka ba bangwe ka teng. Fa ke sena go gololwa, ke ne ka tswelela ke ithuta mme ke ile ka kolobediwa ka bonako morago ga foo. Ka dinako tse dingwe, ke sa ntse ke ikutlwa ke kgobega marapo le go galefa ka ntlha ya tshiamololo e ke e diretsweng. Mme ke nna ke ikgakolola gore gautshwane, Jehofa o tla fedisa tshiamololo yotlhe le go boga. Magolelwa a ka kgona go fetolwa fa ba latela ditaelo tse di mo Baebeleng. Mme gape ba tshwanetse go anaanela thata maiteko a mogolo a bakaulengwe ba rona, ba ba dirisang nako ya bone go ba thusa. Nna ke a itse gore ke anaanela seo!”—R. S.

◼ “Fa ke fitlha mo kgolegelong ke ne ke goga motsoko, ke dirisa diokobatsi, ke dirisa puo ya matlhapa e bile ke sa tlotle molaodi ope. Mme gape ke ne ke le leloko la segongwana sengwe sa dinokwane. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, ke ne ke kgaotswe mo phuthegong ya Bokeresete. Gone jaanong ke buseditswe mo phuthegong mme ke gatela pele sentle. Ka ntlha ya boammaaruri, ke ikutlwa e kete ke setse ke golotswe!”—I. G.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela