LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/08 ts. 22-23
  • Borogo jo bo Ileng Jwa Nna Jwa Agiwa Sesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Borogo jo bo Ileng Jwa Nna Jwa Agiwa Sesha
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipolane Tse Disha
  • Botshelo mo Borogong Jono
  • Ka Nako ya Masetlapelo
  • Tower Bridge—Tsela ya go Tsena Kwa London
    Tsogang!—2006
  • Ke ne Ka Tlhopha Tiro e e Botoka
    Tsogang!—2010
  • Lefelo le le Tla go Galaletsang
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Pont du Gard Ke Senna Foo
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 1/08 ts. 22-23

Borogo jo bo Ileng Jwa Nna Jwa Agiwa Sesha

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BULGARIA

KWA bokone bogare jwa Bulgaria go na le borogo jo bo ruletsweng jwa Lovech jo bo ralalang Noka ya Osŭm. Fela jaaka batho ba ba bo dirisang, borogo jono jo bo kgatlhang bo na le hisitori e e kgatlhang.

Motho wa ntlha yo o neng a bua ka borogo jono e ne e le moithutajeoloji wa kwa Austria e bong Ami Boué yo o tsholetsweng kwa Hamburg, mme a ile a nna dingwaga di se kae kwa Paris, yo o neng a etela Lovech mo nakong ya karolo ya ntlha ya lekgolo la bo19 la dingwaga. O ne a kwala ka “borogo jo bo agilweng ka maje, jo bo tletseng ka mabenkele a mannye e bile bo kgabisitswe ka one.” Ee, borogo jono jo bo sa tlwaelegang e ne e le karolo ya thulaganyo ya dipalangwa ya kwa Lovech, e e neng e golaganya dikarolo tse pedi tsa toropo, mme gape e le marekisetso! Ka ntlha ya seo, e ne e le letshwao le legolo la batho ba koo.

Kwa tshimologong, borogo jono jo bo ruletsweng jwa kwa Lovech bo ne bo sa agiwa ka maje, mme bone bo agilwe ka logong. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di feta, borogo jono bo ile jwa senngwa ke merwalela mme jwa tshwanelwa ke gore bo agiwe sesha. Kgabagare ka 1872, borogo jono bo ne jwa gogolwa gotlhelele, mme batho ba toropo eo ba se ka ba tlhola ba kgona go fetela kwa karolong e nngwe ya toropo.

Go ne go se kitla go nna motlhofo go baakanya borogo jono. Ka jalo, moagi yo o tumileng wa Mo-Bulgaria e bong Kolyo Ficheto o ne a hiriwa gore a dire dipolane le go aga borogo jo bosha jo bo nonofileng thata.

Dipolane Tse Disha

Ficheto o ne a swetsa go latela tsela ya ntlha mme a dira polane ya borogo jo bo ruletsweng jo bo nang le mabenkele a mannye mo teng ga jone. Go tshegetsa borogo jono jo bo boleele jwa dimetara di le 84 mme bo le bophara jwa dimetara di le lesome, o ne a oketsa ka dipilara tse di motopo. Dipilara tseno tse di bogodimo jwa dimetara di le tlhano, tse dintlha tsa tsone tse di tshesane di neng di lebane le kwa metsi a tswang teng, di ne di na le sebopego se se sa tlwaelegang. Go tswa mo bogareng go ela kwa godimo dipilara tseno di ne di bulegile go dira gore metsi a kgone go feta mo go tsone. Mo godimo ga dipilara tseno, Ficheto o ne a tsenya ditlhomeso le mapolanka a logong lo lo thata kwa moakere. Karolo e e setseng ya borogo, go akaretsa le mabenkele a le 64 a a agilweng mo matlhakoreng oomabedi a borogo, e ne e agilwe ka logong lwa monyena. Marulelo a teng le one a ne a agilwe ka logong lwa monyena mme a apesitswe ka masenke.

Selo se sengwe gape se se kgatlhang ka polane eno ya ga Ficheto, e ne e le gore o ne a batla go golaganya ditlhomeso tsa borogo jono ka dithibo tsa logong le dikurufu tsa logong go na le gore a dirise dilo tsa tshipi le dipekere tse di kokotelwang. Mmila o ne wa alwa ka logong le maje mme mo godimo ga tsone ga tshelwa kerabole. Fa go le motshegare, go ne go na le lesedi la tlholego le le tsenang ka difensetere le maroba a mannye a a fa thoko. Mme maitseboa, gone go tshubiwa mabone a lantere a a dirisang gase. Go dira polane le go aga borogo jo bosha jono go ile ga tsaya dingwaga di le tharo gore tiro e wediwe [1].

Botshelo mo Borogong Jono

Botshelo bo ne bo ntse jang mo borogong jono? Ela tlhoko kafa mongwe yo o iponetseng ka matlho a tlhalosang ka teng: “Barekisi, bafeti ka tsela le babogedi, ba gantsi ba neng ba sa tshwenngwe ke koloi, kara ya dipitse kgotsa tonki e e rweleng dilo, ba ne ba oketsa modumo o o neng o dirwa ke batho ba ba berekang ka masenke, le go goa ga barekisi, ba ba buelelang dilo tsa bone ka mantswe a a kwa godimo. Go ne go na le dilo tse di dirwang kafa tlase ga borogo jono. Mabenkele a mantsi a mannye a mebala e e galolang, a a nang le wulu, dibaga le dilo tse dingwe tse di farologaneng, tse ka tsone go neng go dirwa dilo tse di rileng e bile go na le mekgwa e di dirwang ka yone.”

Kwantle ga gore batho ba reke fela mo borogong jono jo bo ruletsweng, ba ne ba kokoana koo go itlosa bodutu, e re ka bontsi jwa boramabenkele gape e ne e le borammino. Motho yo o boneng dilo tseno yo o umakilweng pelenyana o ile a re: “Kwa lefelong le go beolwang meriri gone, go na le babeodi ba moriri ba le batlhano kgotsa ba le barataro ba mo godimo ga go nna babeodi e leng borammino ba ba nang le bokgoni, ba ba tshamekang thata ka diletswa. Gantsi ba ne ba nna le nako ya go tshameka mmino mme batho ba ba tlang go reka ba ne ba itumelela go ba leta go fitlhela ba fetsa.” Morago ga ntwa ya lefatshe ya ntlha, bangwe ba babeodi bano ba meriri ba ile ba nna bangwe ba batho ba ba ileng ba simolola setlhopha sa mmino sa Barber’s Orchestra.

Ka Nako ya Masetlapelo

Mo e ka nnang dingwaga di le 50, borogo jo bo ruletsweng jo bo neng bo agilwe ke Ficheto bo ne jwa kgona go emelana le merwalela, dintwa le mathata a mangwe. Mme mo bosigong jwa August 2/3, 1925, go ne ga bonala dikgabo tse dikgolo tsa molelo gaufi le Lovech, fa borogo jono jo bontle bo ne bo sha lore. Go diragetse eng? Go fitlha gompieno ga go na ope yo o tlhomamisegang gore a e ne e le ka ntlha ya go sa nne kelotlhoko kgotsa a lefelo leo le ile la fisiwa ka boomo fela. Le fa go ka tswa go diragetse eng, Lovech e ne ya boa gape e se na borogo jo bo e golaganyang le karolo e nngwe ya toropo.

Ka 1931 go ne ga wediwa borogo jo bosha jo bo ruletsweng jo bo nang le mabenkele a mannye le madirelo a a neng a le fa thoko a mmila [2]. Le fa go ntse jalo, go na le gore borogo jono bo agiwe ka logong le maje, moagi yo mosha o ne a dirisa tshipi le samente. Polane yotlhe e ne e farologane thata le ya ga Ficheto. Marulelo e ne e le a galase, mme karolo e e fa gare ya borogo e ne e se na mabota fa thoko. Ka 1981/82, borogo jono bo ne jwa agiwa go ya ka polane ya ga Ficheto ya ntlha [3].

Borogo jo bo ruletsweng jwa Lovech ke letshwao la toropo eo e bile ke bosupi jwa gore moagi wa jone o ne a na le bokgoni. Gompieno borogo jono jo bo tletseng ka mabenkele bo sa ntse bo kgatlha batho le baeti fa ba ntse ba tsamaya mo go jone.

[Mmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

BULGARIA

SOFIA

Lovech

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

Photo 2: From the book Lovech and the Area of Lovech

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela