LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/08 ts. 4-7
  • A Bothata Jwa Bokebekwa bo ka Fedisiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bothata Jwa Bokebekwa bo ka Fedisiwa?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Dikebekwa ka Ntlha ya Mabaka Mangwe Kgotsa ka go Rata?
  • Bokebekwa bo Simologa mo Tlhaloganyong
  • Batho ba ka Fetoga!
  • Maatla A go Ja “Dijo” Tse di Siameng
  • Modimo o Kutlwelobotlhoko
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Bokebekwa Jo Bo Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Bokebekwa Jaanong Bo Gaufi le go Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Fa Go ne Go se Na Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 2/08 ts. 4-7

A Bothata Jwa Bokebekwa bo ka Fedisiwa?

“Dipatlisiso di bontshitse gore batho ba ba dirileng bokebekwa go feta gangwe, tota le fa ba tswa mo kgolegelong ba nna ba tswelela ka bokebekwa, mme tshenyo eno ga e ka ke ya lekanngwa ka madi ape, e bile e tla tswelela go nna e e boitshegang.”—Inside the Criminal Mind, ka Dr. Stanton E. Samenow.

GO SA kgathalasege gore o nna kae mo lefatsheng, go lebega fa letsatsi lengwe le lengwe le tlisa mofuta mongwe wa bokebekwa jo bo tsitsibanyang mmele. Ka jalo, go a utlwala go ipotsa jaana: A maiteko a a dirwang a go gagamatsa dikotlhao tsa katlholelo ya lobaka lo loleele mo kgolegelong, le tse dingwe a a dira? A kgolegelo e ka fetola dikebekwa? Se se botlhokwa le go feta ke gore, A setšhaba se sekaseka modi wa bothata jwa bokebekwa?

Malebana le maiteko a gompieno a a dirwang, Dr. Stanton E. Samenow o kwala jaana: “Fa sekebekwa se sena go nna mo kgolegelong, se simolola go nna botlhale le go feta le go nna kelotlhoko thata, mme gone se tswelela ka botshelo jwa sone jwa go tsietsa le go dira bokebekwa. Dipalopalo di bontsha fela palo ya dikebekwa tse di boelang gape mo bokebekweng mme di bo di tshwarwa [gape] ka ntlha ya go sa nne kelotlhoko.” Tota e bile dikgolegelo ke diyunibesithi tsa dikebekwa, ka go sa lemoge, di thusa dikebekwa gore di lootse bokgoni jwa tsone jwa bophologolo.—Bona lebokoso “‘A ke Dikolo Tsa Bokebekwa’?” mo tsebeng ya 7.

Mo godimo ga moo, bokebekwa jo bontsi ga bo otlhaelwe, seno se dira gore dikebekwa di akanye gore bokebekwa bo a duela. Kakanyo e e ntseng jalo e ba dira gore ba nne pelokgale le go feta, gape ba ikemisetse le go feta. Kgosi nngwe e e botlhale e ne ya re: “Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.”—Moreri 8:11.

A ke Dikebekwa ka Ntlha ya Mabaka Mangwe Kgotsa ka go Rata?

A bokebekwa ke jone fela tsela e batho bangwe ba ka itshedisang ka yone? Samenow o dumela jaana: “Ke ne ke akanya gore bokebekwa ke mokgwa o o tlwaelegileng, gongwe e bile le o o amogelesegang ka ntlha ya lehuma la go ja ntša, go sa tlhomamang le go itlhoboga go go leng mo matshelong a dikebekwa.” Le fa go ntse jalo, morago ga gore a dire dipatlisiso tse di tseneletseng o ne a fetola mogopolo wa gagwe. O ne a swetsa ka gore, “dikebekwa di itlhophela go dira bokebekwa. Bokebekwa . . . bo ‘bakiwa’ ke tsela e [motho] a akanyang ka yone, e seng ke tikologo e a leng mo go yone.” Samenow o oketsa ka gore: “Tsela e motho a itshwarang ka yone e tlhotlhelediwa ke se a se akanyang. Re akanya ka ditiro tsa rona, pele ga re di dira fa re ntse re di dira, le morago ga gore re di dire.” Ka jalo, go na le gore a tseye gore dikebekwa di diretswe bosula bongwe, o ne a swetsa ka gore “ke bone ba ba direlang batho bosula ka ntlha ya gore ba itlhophetse ka go rata tsela ya bone ya botshelo.”a

Kgangkgolo ke “se ba se tlhophileng.” Tota e bile, setlhogo se segolo sa bosheng jaana mo lokwalodikgannyeng lwa kwa Borithane se ne se re: “Bokebekwa ke Tiro e e Itlhophetsweng ke Makau a a Nnang mo Ditoropong a a Batlang go Tokafatsa Maemo a Bone.” Batho ba kgona go itlhophela se ba se batlang e bile ba ka kgona go itlhophela tsela e ba batlang go e latela, tota le kafa tlase ga maemo a a boima. Gone ke boammaaruri gore dimilione tsa batho di itshokela ditiro tsa go sa tshwarwe sentle le botlhoki, kgotsa ba tshela mo malapeng a a tlhakatlhakaneng; mme le fa go ntse jalo ga ba nne dikebekwa. Samenow a re: “Batho ga ba nne dikebekwa ka gonne ba nna mo lefelong le le sa siamang, ba na le batsadi ba ba se nang bokgoni, . . . kgotsa ka ntlha ya botlhokatiro mme dikebekwa di dira jalo ka go rata. Bokebekwa bo mo megopolong ya batho e bile ga bo bakwe ke maemo a setšhaba.”

Bokebekwa bo Simologa mo Tlhaloganyong

Baebele e bontsha gore motho o tlhotlhelediwa ke se a se akanyang, e seng ke maemo a gagwe. Jakobe 1:14, 15 ya re: “Mme mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.” Fa motho a akanya dilo tse di bosula, o godisa dikeletso tse di phoso. Mme tseno kwa bofelong di ka dira gore motho a dire ditiro tse di kotsi. Ka sekai, go leba ditshwantsho tse di hepisang go sekae, go ka dira gore motho a rate go tlhakanela dikobo mme seno kwa bofelong sa dira gore a batle go kgotsofatsa keletso ya gagwe, gongwe a dira jalo ka tsela e e sa siamang.

Ntlha nngwe e e tshwanetseng go elwa tlhoko ke mokgwa wa lefatshe wa go rata go baya dikgatlhego tsa motho kwa pele ga tsa ba bangwe, go rata madi, go rata menate, le go rata go ikgotsofatsa ka bonako. Malebana le dinako tsa rona Baebele e boleletse pele jaana: “Mo metlheng ya bofelo . . . , batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, [le] barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-5) Se se utlwisang botlhoko ke gore, lefatshe le rotloetsa mekgwa eno ka difilimi, metshameko ya dibidio, dibuka, le batlhomasekao ba ba sa siamang mme tseno di dira gore bokebekwa bo oketsege.b Le fa go ntse jalo, batho ga ba a tshwanela go itetla go tlhotlhelediwa ke mekgwa eno. Tota e bile, batho ba ba kileng ba wela mo mekgweng eno, ba ile ba fetola tsela e ba akanyang ka yone le e ba tshelang ka yone.

Batho ba ka Fetoga!

Fa motho e kile ya bo e le sekebekwa, ga go reye gore o tla nnela sekebekwa ruri. Buka ya Inside the Criminal Mind e bolela gore fela jaaka motho a itlhophetse go nna sekebekwa, ka jalo a ka nna “gape a itlhophela go fetola botshelo jwa gagwe mme a ithuta go tshela botshelo jo bo siameng.”

Maitemogelo a bontshitse gore batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng ba ka kgona go fetola ditsela tsa bone.c Se se tlhokegang ke go ikaelela go fetola mekgwa, dilo tse di mo tlhotlheletsang le tsela e a akanyang ka yone, e le gore e tsamaisane le melao e e sa fetogeng ya Mmopi, e seng melao e e fetofetogang ya batho. Mme e bile, ke mang yo o ka re itseng botoka go feta Mmopi? Mo godimo ga moo, a Modimo ga a na tshwanelo ya go re bolelela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang? E le go re itsise ka melao ya gagwe, o tlhotlheleditse batho ba ba mmoifang ba ka nna 40 gore ba kwale se gompieno re se itseng e le Baebele e e Boitshepo—buka e e gakgamatsang e ka tshwanelo e ka bidiwang buka e e kaelang batho go tshela botshelo jo bo tletseng ka boitumelo le maikaelelo.—2 Timotheo 3:16, 17.

Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira diphetogo tse di tlhokegang gore o itumedise Modimo, ka gonne re lwa le mekgwa e e mo go rona ya boleo. Tota e bile, mokwadi mongwe wa Baebele o ne a tlhalosa maikutlo a a lwantshanang a a mo teng ga gagwe a re ke ‘ntwa’! (Baroma 7:21-25) O ne a kgona go fenya ntwa eno ka gonne o ne a sa ikaega ka maatla a gagwe, mme o ne a ikaegile ka maatla a Modimo, yo Lefoko la gagwe le ‘tshelang e bile le nayang maatla.’ —Bahebera 4:12.

Maatla A go Ja “Dijo” Tse di Siameng

Gore mebele ya rona e itekanele, e tlhoka dijo tse di siameng. Gape dijo tseo di tlhoka go tlhafuniwa sentle le go silwa, e leng selo se se tlhokang nako le matsapa. Fela jalo le rona, gore re nne re itekanetse semoyeng re tlhoka go “tlhafuna” mafoko a Modimo e le gore a tle a nwelelele mo megopolong le mo dipelong tsa rona. (Mathaio 4:4) Baebele ya re: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno . . . , mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.”—Bafilipi 4:8, 9.

Ela tlhoko gore re tshwanetse go ‘tswelela re akanya’ ka dikgopolo tsa Modimo fa e le gore re batla gore mekgwa ya bogologolo e tseelwe sebaka ke e mesha. Re tlhoka go itshoka, ka gonne kgolo ya semoya ga e nne teng ka bonako.—Bakolosa 1:9, 10; 3:8-10.

Akanya ka sekai sa mosadi mongwe yo o neng a sotlwa ka tlhakanelodikobo fa a ne a le monnye; o ne a simolola go dirisa diokobatsi, bojalwa, le motsoko; mme jaanong o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong ka ntlha ya mefuta e e farologaneng ya bokebekwa. Fa a le kwa kgolegelong o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a dirisa se a se ithutang. Diphelelo e ne ya nna dife? Ka iketlo o ne a tlogela mekgwa ya gagwe mme a apara botho jo bosha jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Gone jaanong ga a tlhole a le lekgoba la megopolo e e bosula le boitsholo jo bo leswe. Lengwe la makwalo a a a ratang a Baebele ke 2 Bakorintha 3:17, le le reng: “Jaanong Jehofa ke Moya; mme koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” Ee, le fa a le mo kgolegelong, o itumelela kgololesego e pele a neng a se na yone.

Modimo o Kutlwelobotlhoko

Jehofa Modimo ga a tlhoboge batho ka bonako.d Morwa Modimo e bong Jesu Keresete o ne a re: “Ke tlile go biletsa, e seng batho ba ba siameng, mme baleofi kwa boikwatlhaong.” (Luke 5:32) Gone ke boammaaruri gore go tshela ka melao ya Baebele e ka nna kgwetlho. Mme gone, katlego e bonwa ke batho ba ba itshokang le ba ba anaanelang thuso ya Modimo, go akaretsa le tshegetso e e lorato ya Bakeresete ba ba ratang dilo tsa semoya. (Luke 11:9-13; Bagalatia 5:22, 23) Go fitlhelela seno, Basupi ba ga Jehofa ba etela dikgolegelo gangwe le gape mo lefatsheng lotlhe gore ba tle ba tshwarele banna le basadi ba ba dirileng ditlolomolao tse di farologaneng dithuto tsa mahala tsa Baebele.e Mo dikgolegelong di le mmalwa, Basupi ba tshwara dipokano tsa Bokeresete beke le beke.—Bahebere 10:24, 25.

Le fa gone batho ba ba neng ba dirile bokebekwa ba fetotse ditsela tsa bone e bile e le Bakeresete ba boammaaruri, Baebele e bua e sa fitlhe sepe ka “go oketsega ga go tlhoka molao.” (Mathaio 24:12) Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, polelelopele eo ke karolo e kgolwane ya boporofeti jo bo nang le dikgang tse di molemo thata.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bolwetse jwa tlhaloganyo e ka nna lengwe la mabaka a a dirang gore batho ba dire bokebekwa bongwe, bogolo jang mo dinageng tse batho ba ba lwalang tlhaloganyo ba tlogetsweng fela go itsamaela mo mebileng le go kgona go nna le dibetsa. Le fa go ntse jalo, kgang eno e e raraaneng ga se yone e go buiwang ka yone mo setlhogong seno.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka setlhogo se se buang ka bokebekwa, bona Tsogang! ya March 8, 1998, ditsebe 3-9, “Lefatshe Le le Se Nang Bokebekwa—Leng?” le Tsogang! ya August 8, 1985 kafa tlase ga setlhogo se se reng “A go Tla Nna le Nako e Mebila ya Rona e Tla Bong E se Na Bokebekwa?” ditsebe 3-12 ka Seesemane.

c Makasine ono le o o tsamaisang le one, Tora ya Tebelo, gantsi di nnile tsa bega ka batho ba ba ileng ba tlhotlhelediwa ke boammaaruri jwa Baebele mme ba tlogela botshelo jwa bone jwa bokebekwa. Bona Tsogang! ya July 2006, ditsebe 11-13, le ya October 8, 2005, ditsebe 30-1, gape le Tora ya Tebelo ya January 1, 2000, ditsebe 4-5; October 15, 1998, ditsebe 27-9; le ya February 15, 1997, ditsebe 21-4.

d Bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng: A Modimo o Itshwarela Maleo a a Masisi?” se se mo tsebeng ya 10.

e Bona lebokoso le le reng “Go Thusa Batshwarwa mo Semoyeng,” mo tsebeng ya 9.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 5]

Dimilione tsa batho ba ba itshokelang lehuma ga ba dire bokebekwa

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

“BA BOELA GAPE MO KGOLEGELONG MO LOBAKENG LWA DINGWAGA TSE PEDI”

Fa le bua ka setlhogo seno, lokwalodikgang lwa The Times la kwa London, kwa Engelane, lo ne lwa bega gore kwa Boritane batho ba ba fetang diperesente di le 70 ba ba atlholetsweng go thuba mo matlong le bogodu, ba boa ba golegwa gape mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi. Bokebekwa jo bontsi bo dirwa ke batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, e re ka ba batla madi a go reka diokobatsi tse di ba gobatsang.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

A KE “DIKOLO TSA BOKEBEKWA”?

Porofesa John Braithwaite o ne a kwala jaana mo go UCLA Law Review: “Dikgolegelo ke dikolo tse go ithutiwang bokebekwa mo go tsone.” Mo bukeng ya gagwe ya Inside the Criminal Mind, Dr. Stanton E. Samenow a re, “bontsi jwa dikebekwa di ithuta ka maitemogelo,” mme ga di ithute dilo tse setšhaba se batlang gore di di ithute. O ne a kwala jaana: “Fa motho a le mo kgolegelong o nna le nako e ntsi ya go ithuta kafa a ka nnang sekebekwa se se botoka ka gone . . . Bangwe ba bone e nna dikebekwa tse di atlegileng, ba tsenelela tota mo bokebekweng mme ba bo ba nna botlhale tota gore ba se ka ba tshwarwa.”

Mo kgaolong nngwe ya buka ya gagwe, Samenow o kwala jaana: “Kgolegelo ga e dire gore dikebekwa di fetole botho jwa tsone. Le fa sekebekwa se ka tswa se le mo mebileng kgotsa kwa kgolegelong, se ka dira dikgolagano le ba bangwe, se ithuta matlhale a masha a go dira bokebekwa mme se bo se fetisetsa matlhale ano kwa go ba bangwe.” Sekebekwa sengwe sa mosha se tlhalosa jaana: “Go tsenngwa mo kgolegelong go dirile gore ke kgone go ruta ba bangwe bokebekwa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela