LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/08 ts. 8-9
  • Gautshwane Bokebekwa “Bo Tla Bo bo bo Seyo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gautshwane Bokebekwa “Bo Tla Bo bo bo Seyo”
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshela mo Metlheng ya Bofelo
  • “Basiami ba Tla Rua Lefatshe”
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • A Tota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?
    Tsogang!—2001
  • A Tharabololo ke Yone e Bakang Bothata?
    Tsogang!—2001
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 2/08 ts. 8-9

Gautshwane Bokebekwa “Bo Tla Bo bo bo Seyo”

“Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.”—PESALEMA 37:10.

MMOPI wa rona, Jehofa Modimo o rata popo ya gagwe e leng batho thata; ga se gore ga a re kgatlhegele jaaka bangwe ba dumela. (Pesalema 11:4, 5) Mo godimo ga moo, o kgona go bona bokebekwa bongwe le bongwe le tlolomolao nngwe le nngwe e e diregang, go akaretsa le e batho ba sa e boneng. “Matlho a ga Jehofa a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.” (Diane 15:3) Ka jalo, tlhomamisega gore ruri baikepi ba mo “lefelong le le boreledi.”—Pesalema 73:12, 18.

Le fa go ntse jalo, ba ba se nang molato le ba ba siameng, le fa ba ka tswa ba humanegile e bile ba tshwarwa makgwakgwa ke ba bangwe, bone ba na le isagwe e e itumedisang. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Lebelela motho yo o se nang molato mme o nne o lebile motho yo o thokgameng, gonne isagwe ya motho yoo e tla nna le kagiso.” (Pesalema 37:37) Mafoko ao a ka re gomotsa thata gompieno, ka gonne re na le tsholofelo ya go bona a diragadiwa mo lefatsheng ka bophara mo bogautshwaneng.

Re Tshela mo Metlheng ya Bofelo

Dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, barutwa ba ga Jesu Keresete ba ne ba mmotsa potso e e neng e tla diragadiwa mo nakong e e tlang. “Re bolelele, mme sesupo e tla nna eng sa . . . bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—(Mathaio 24:3) Karabo ya ga Jesu e kwadilwe ka botlalo mo Baebeleng mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21. Dipego tseno tsa Diefangele di tlhalosa metlha ya bofelo ya lefatshe la gompieno e e nang le dintwa, ditlala, malwetse, dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, le go oketsega go gogolo ga tlolomolao.

Maemo a a maswe a Jesu a neng a a bolelela pele a ne a simologa ka 1914. Jaaka mokwalahisitori Eric Hobsbawm a ne a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Age of Extremes, gore lekgolo la bo20 la dingwaga “e nnile lekgolo le le tletseng ka dipolaano go feta lepe le le kileng la nna teng.”

Fa e bua ka go oketsega ga bosula Baebele e tlhalosa jaana: “Fa baikepi ba tlhoga jaaka dimela le botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tlhagisa dithunya, ke gore ba tle ba nyelediwe ka bosaengkae.” (Pesalema 92:7) Ee, bosupi bo bonala sentle: Go anama ga tlolomolao jaaka e kete ke go tlhoga ga dijalo—tota ke bosupi jwa gore baikepi ba gomagomelwa ke go fedisiwa! A mme tseo ga se dikgang tse di molemo?—2 Petere 3:7.

“Basiami ba Tla Rua Lefatshe”

Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” Mofuta mongwe le mongwe wa bokebekwa le tshiamololo e tla nna dilo tse di fetileng. Ka jalo, dilo tsotlhe tse di amanang le bokebekwa di tla bo di seyo: dialamo tsa tshireletso, dilotlolo, dikgotlatshekelo, babueledi, mapodisi, le dikgolegelo. Baebele e re solofetsa jaana: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17.

Ee ruri, lefatshe le tla nna le diphetogo tse di iseng di ko di diragale pele mme le batho ba tla itumelela maemo ao. (Isaia 11:9; 2 Petere 3:13) Eo ke tsholofelo e e utlwalang e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone mme e bile ba go laletsa gore o e itlhatlhobele ka bowena gore e tla diragala mo bogautshwaneng. Gakologelwa gore Yo o tlhotlheleditseng Dikwalo tse di Boitshepo ‘ga a ka ke aka.’—Tito 1:2.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

GO THUSA BATSHWARWA MO SEMOYENG

Mo dingwageng tse di fetileng Basupi ba ga Jehofa kwa United States, ba amogetse makwalo go tswa go batho ba le 4 169, ba ba kwa dikgolegelong, maokelong, le kwa ditheong tse di thusang batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi. Batshwarwa bangwe ba ne ba kopa dibuka tsa Baebele; ba bangwe bone ba kopile go tshwarelwa dithuto tsa mahala tsa Baebele. Basupi ba ba tshwanelegang ba ile ba tsibogela dikopo tseo. Tota e bile, lefatshe ka bophara Basupi ba etela dikgolegelo gangwe le gape e le gore ba tshwarele bagolegwa dithuto tsa Baebele, e ka tswa e le banna kgotsa basadi ba ba ileng ba kopa thuso ya semoya. Bontsi jwa batshwarwa bano ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone, ba kolobediwa go nna Bakeresete, mme ba tswelela go nna baagi ba ba ikobelang molao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela