LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/08 ts. 30
  • Dikakgelo Tsa Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikakgelo Tsa Babadi
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2007
  • Araka ya ga Noa le go Agiwa ga Dikepe
    Tsogang!—2007
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2007
  • Noa o Aga Araka
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 2/08 ts. 30

Dikakgelo Tsa Babadi

Araka ya ga Noa le go Agiwa ga Dikepe (January 2007) Ke ne ke ntse ke itse gore araka e ne e dirilwe ka matsetseleko, mme gone ke ne ke sa itse gore e ne e dirilwe bontle jang. Setlhogo seno se tlhalosa ka tsela e e motlhofo kafa boleele, bophara, le bogodimo jwa yone bo neng bo e dira gore e kgone go kokobala mo metsing ka teng. Ke ne ka swetsa go dira araka e e tshwanang le yone ke na le basha ba mo phuthegong, re dirisa setshwantsho se se bontshitsweng. Re ne ra itirela diphologolo ka pampiri mme re bo re di tsenya mo arekeng re bo re torowa setshwantsho sa ga Noa le lelapa la gagwe. Re ne ra kgona go itse ka mo go oketsegileng ka tiragalo eno ya Baebele ka go nna le seabe mo go yone. Re lo leboga fela thata.

T. A., Japane

Morwaake wa dingwaga tse thataro o rata go aga ditshwantsho. Re ne re itumeletse go bona dikaelo tsa go aga setshwantsho se sennye sa araka ya ga Noa, se se kwa bofelong jwa setlhogo sa Tsogang! A bo re ile ra nna le thapama e e itumedisang jang ne, ka ntlha ya setlhogo seno se se itumedisang! E re ka re tshela mo lefatsheng le le maphatephate mme e bile bana ba rona ba lebana le dikgatelelo beke le beke kwa sekolong, ruri ke tshegofatso go bo re neilwe thulusu e e tshwanang le Tsogang! go thusa batsadi gore ba godisetse bana ba bone mo ditseleng tsa ga Jehofa.

M. F., United States

Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Fenya Jang Bothata Jono? (November 2006) Ke ne ka amega fa ke bala setlhogo seno mme ka lemoga kafa Jehofa a amegang ka teng ka rona le kafa a re thusang ka teng go rarabolola mathata a rona. Le fa re boela mo mekgweng e e rileng, Jehofa o “iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Go lemoga seno go dira gore rona basha re ‘tshabe dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.’—2 Timotheo 2:22.

V.F.F., Brazil

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e Mentsi Jaana? (December 2006) Ke na le dingwaga di le thataro ke ntse ke ithuta Baebele. Le fa batsadi ba rona ba gagamaditse letsogo mo go rona, ke a itse gore tota ba nthata. Fa ke sena go bala setlhogo seno, se ne sa nthusa gore ke tlhaloganye kafa batsadi ba me ba tshwenyegileng ka teng mme ke anaanela kafa Jehofa a nthusang ka teng.

K. T., Thailand

Ke ne Ke le Morwa Sesenyi (December 2006) Ke itsile ka ga Jehofa go tloga ka 1992. Mme go ne ga tla nako nngwe mo botshelong jwa me fa ke ne ke sa batle go tshela botshelo jwa bomodimo. Fela jaaka Meros Sunday, ke nnile le dinako tsa mathata le tsa menate, morago ga dingwaga di le tharo ke tlogetse Jehofa, ke ne ka simolola go mo kopa thuso. Jaanong ke boetse “gae” gape! Ke a lo leboga ka tiro ya lona.

D. K., Ukraine

Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Simolola Leng go Intsha le Mongwe? (January 2007) Ke na le dingwaga tse 15. Fa ke ne ke etetse rakgadi le monna wa gagwe, ke ne ka kopana le mosimane mongwe wa Mosupi wa dingwaga tse 17. Re ne ra simolola go tlotla mo Internet, kwa tshimologong re dira jalo ka sewelo. Go ise go ye kae re ne re tlotla letsatsi le letsatsi, mme ra simolola go kgatlhegelana. Ke ne ka bala setlhogo seno mme ka lemoga gore tota re ne re ratana. Ka thuso ya batsadi ba me le setlhogo sa Tsogang!, ke ne ka dira tshwetso e e siameng thata—ya go fedisa botsalano jwa me le mosimane yoo. Re sa ntse re le ditsala, mme gone botsala jwa me le Jehofa bo tla pele. Ke leboga thata go bo setlhogo seno se nthusitse gore ke itharabologelwe.

D. D., Canada

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela