LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/08 ts. 12-15
  • Go Rera Dikgang Tse di Molemo Kwa Mafelong a a Kgakala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera Dikgang Tse di Molemo Kwa Mafelong a a Kgakala
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
  • Keletso ya go Dira mo go Oketsegileng
  • Go Bona Ditshegofatso mo Afrika
  • Re ya Kwa India
  • Re Boela mo Afrika Gape
  • Kwa Bofelong re ya Kwa Ecuador
  • Tatlhegelo e Kgolo
  • Go Gatela Pele mo Tirong
  • Tshwetso Ya me Ya Gore ke Gatele Pele go ya Kgolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Direla mo Motlheng wa Koketsego e e Boitshegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Tsogang!—2008
g 3/08 ts. 12-15

Go Rera Dikgang Tse di Molemo Kwa Mafelong a a Kgakala

Jaaka go boletse Helen Jones

Ke ne ke tsamaya fa mmarakeng o o tletseng ka batho kwa Bangalore, India, mo masimologong a dingwaga tsa bo1970. Ke sa lebelela, nare e ne ya nkisa kwa godimo ka dinaka e bo e ntatlhela fa fatshe. E ne e batla go nkgataka fa mosadi mongwe wa Moindia a ntlhaga thuso. Ke ne ke batla eng kwa India?

KE TSHOTSWE ka 1931 mme ka golela mo toropong e ntle ya Vancouver, kwa Canada. Batsadi ba me e ne e le batho ba maitsholo a a siameng, le fa ba ne ba sa tsene kereke. Le fa go ntse jalo, ke ne ke na le keletso ya dilo tsa semoya, ka jalo jaaka mosha ke ne ke tsena sekolo sa Sontaga gape ke ne ke tsena le ditlelase tsa go ithuta Baebele tsa selemo.

Ka 1950, fa ke ne ke na le dingwaga di le 19, ke ne ka nyalana le Frank Schiller, yo a neng a na le bana ba le banè go tswa mo lenyalong la gagwe la pele. Dingwaga di le pedi moragonyana re ne ra nna le ngwana wa mosimane. Re ne re batla go nna le bodumedi mo botshelong jwa rona; mme ka gonne Frank a ne a tlhadilwe, go ne go se na kereke epe e e neng e batla go re amogela. Frank o ne a tenegile, ka jalo o ne a sa batle go bua ka bodumedi.

Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

Ka 1954 morwarre, o ne ka boitumelo a mpolelela se a neng a se bontshitswe mo Baebeleng ke modiri ka ene, yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa ke ne ke na le dipotso tse dintsi e bile ke itse le kwa Basupi ba tshwarelang dipokano gone, ke ne ke sa ye kwa dipokanong ka gonne ke ne ke itse gore Frank o ne a ikutlwa jang ka bodumedi. Fa nako e ntse e tsamaya, Basupi ba babedi ba ne ba tla mo ntlong ya rona. Ke ne ke batla go itse gore bodumedi jwa bone bo ruta eng ka tlhalo, mme ba ne ba nkisa mo Baebeleng, ba mpontsha Dikwalo tse di bontshang gore motho a ka tlhala fa go rileng. (Mathaio 19:3-9) Ba ne ba ntlhomamisetsa gore fa ke ithuta Baebele ka metlha dipotso tsa me di tla arabiwa.

Frank o ne a galefile, a sa batle go utlwa sepe ka Basupi. Ka 1955, ke ne ka nna gone mo Segopotsong sa Loso lwa ga Keresete, mme e ne ya re fa ke tsena kwa gae, ka simolola go mo tlotlela ke itumetse ka se ke se ithutileng mo Baebeleng. O ne a goa jaana: “Ga go kgonege! Mme fa e le gore o ka mpontsha go tswa mo Baebeleng, ke tla ya le kwa go nngwe ya dipokano tsa lona tsa boeleele!”

Ke ne ka mo naya Baebele, mme o ne a e tsaya ka bonolo go bontsha gore o a e tlotla. Re ne ra bula ditemana tse ke neng ke di kwadile, mme ke ne ke sa bue thata, ke letla Baebele gore e nne yone e ipuelelang. Frank ga a ka a ganetsa, mme o ne a bonala a ja marapo a tlhogo bosigo jotlhe.

Fa nako e ntse e ya ke ne ka mo gopotsa ka tsholofetso ya gagwe ya gore o ne a tla nna teng kwa go nngwe ya dipokano. O ne a araba jaana, a belaela, “Ke tla ya gangwe fela gore ke bone se se diragalang.” Puo ya phatlalatsa e e theilweng mo Baebeleng e ne e bua ka gore basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone. (Baefeso 5:22, 23, 33) Tshedimosetso eo e ne ya mo kgatlha tota. Mo e ka nna ka yone nako eo Frank o ne a nna teng kwa Thutong ya Tora ya Tebelo ya setlhogo se se reng “Kgotsofalela Tiro.” E re ka Frank e ne e le monna yo o dirang ka natla, o ne a rata tshedimosetso eo. Morago ga thuto eo, ga a ise a ke a fetwe ke pokano epe.

Go ise go ye kae Frank o ne tlhagafala mo bodireding, mme nna ke ne ke tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba neng ba gatela pele ba bo ba kolobediwa. Ka one ngwaga oo—nna le Frank, mmè le kgaitsadiake, re ne ra bontsha boineelo jwa rona go Modimo ka go kolobediwa.

Keletso ya go Dira mo go Oketsegileng

Mo kopanong ya rona ya kgaolo ka 1957 kwa Seattle, Washington, U.S.A., go ne go na le puo e e neng e bua ka go direla kwa tlhokafalo ya baboledi ba Bogosi e leng ntsi gone. Ke ne ka rapela jaana: “Ao tlhe Jehofa, le nna ke batla go ya teng. Tsweetswee re thuse gore re kgone go ya kwa re tlhokegang gone.” Mme gone, Frank o ne a tshwenyegile ka maikarabelo a go tlhokomela lelapa la rona.—1 Timotheo 5:8.

Ngwaga o o latelang lelapa la rona le ne la ya kopanong ya kgaolo kwa New York City e e neng e tshwerwe ka nako e le nngwe le ya kwa Setadiamong sa Yankee le kwa Polo Grounds. Go ne go na le batho ba ba fetang 253 000 ba ba neng ba le gone mo puong ya phatlalatsa! Frank o ne a amiwa ke se a neng a se bona le go se utlwa. Ka jalo, fa re boela gae re ne ra tlhopha go ya Kenya, mo Afrika, gore e nne legae la rona le lesha, ka gonne go buiwa Seesemane koo e bile re ne re tla kgona le go tsenya bana ba rona dikolo tse di siameng.

Ka 1959 re ne ra rekisa ntlo ya rona, ra pega dithoto tsa rona mo koloing re bo ya Montreal, kwa Canada. Go tswa foo re ne ra ya ka sekepe kwa Lontone, kwa Engelane mme go tswa Engelane ra tshwara sekepe se sengwe ra kgabaganya Lewatle la Mediterranean le Lewatle le Lehibidu go ya kwa Lewatleng la India. Kgabagare, re ne ra fitlha kwa Mombasa, kwa Kenya, mo lebopong la botlhaba jwa Afrika. Letsatsi le le latelang re ne ra tshwara terena e e yang Nairobi, e leng motsemogolo wa naga eo.

Go Bona Ditshegofatso mo Afrika

Ka nako eo tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kenya e ne e thibetswe, ka jalo, re ne ra rera ka kelotlhoko. Banyalani ba le mmalwa ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba nna mo Kenya, mme le rona batswakwa re ne ra letlelelwa go nna teng. Palo ya ba ba tlang mo dipokanong tsa rona e ne e sa tshwanela go feta lesome. Seno se ne se raya gore ba malapa a rona, go akaretsa le bana, ba ne ba nna le seabe ka botlalo mo dipokanong.

Morago fela ga go goroga kwa Kenya, re ne ra bona lefelo la go nna mme e bile Frank o ne a bona tiro. Mosadi wa ntlha yo ke kopaneng le ene mo bodireding jwa ntlo le ntlo o ne a dumela go ithuta Baebele mme kgabagare o ne a nna mmulatsela, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Thuto e nngwe e ke neng ka e tshwara e ne e le le mosetsana mongwe yo mosha wa Mo-Sikh yo re neng ra mmitsa Goody. O ne a nna a nitame le fa a ne a gatelelwa ke lelapa la gagwe le ke setšhaba sa Ba-Sikh. Fa Goody Lull a sena go kobiwa kwa gaabo, o ne a nna le lelapa lengwe la Basupi, a ineela mo go Jehofa, a nna mmulatsela mme moragonyana a aloga kwa sekolong sa barongwa sa Gileade.

Lelapa la rona le ne la lebana le diteko dingwe. Morwarona yo mogolo o ne a lwala a tlhaselwa ke letshoroma le le koafatsang ditokololo, mme Frank ene o ne a sha mo go botlhoko fa a ne a dira mo koloing ya gagwe, gape o ne a latlhegelwa ke tiro. Fa nako e ntse e ya, o ne a bona tiro dikilometara di le 1 000 kwa Dar es Salaam, e leng motsemogolo wa Tanganyika (e jaanong e bidiwang Tanzania). Re ne ra pega dithoto tsa rona mo koloing re bo re tsaya loeto lo loleele go ya koo. Ka nako eo go ne go na le phuthego e nnye kwa Dar es Salaam e e neng ya re amogela.

Le fa tiro ya go rera e ne e thibetswe kwa Tanzania ka nako eo, thibelo eo e ne e sa gagamadiwa thata. Ka 1963, Milton Henschel, moemedi go tswa kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States o ne a re etela. Mo go nngwe ya dipuo tsa gagwe mo Holong ya Karimjee, e leng nngwe ya diholo tse di ntle thata mo nageng, monnamogolo mongwe yo o neng a apere jaaka e kete ke mohumanegi o ne a tla go dula fa thoko ga me. Ke ne ka mo dumedisa mme ka leba le ene mo Baebeleng ya me le mo bukeng ya me ya dipina. Fa thulaganyo e fela, ke ne ka mo laletsa gore a tle gape. Fa a sena go tsamaya, Basupi ba lefelo leo ba ne itlhaganela ba tla kwa go nna.

Ba ne ba mpotsa jaana, “A o a itse gore e ne e le mang? Ke ratoropo wa Dar es Salaam!” Pelenyana o ne a tshoseditse gore o tla tswala kopano ya rona. Mme go bonala a ne a loga leano la go tla kopanong gore a tle a bone gore o tla amogelwa jang, a bo a dirisa seno kgatlhanong le Basupi. Mme gone, o ne a kgatlhiwa ke bopelontle le lorato tse a neng a di bontshiwa jaana mo e leng gore o ne a letla kopano go tswelela kwantle ga go e thibela. Go ne go na le batho ba le 274 ba ba neng ba tlile kopanong, mme ga kolobediwa ba le 16!

Fa re ntse re le kwa Tanzania, naga eo e ne ya bona boipuso. Morago ga moo, batho ba naga eo e ne e le bone ba newang ditiro pele ga batswakwa. Batswakwa ba le bantsi ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo nageng, mme boitshoko jwa ga Frank jwa go batla tiro bo ne jwa nna le matswela fa a ne bolelelwa gore go tlhokega makheneke yo o nang le bokgoni yo o tla baakanyang diterena tse di dirisang disele. Seo se ne sa dira gore re nne dingwaga tse di dingwe tse nnè. Fa tumelano ya tiro ya ga Frank e fela, re ne ra boela kwa Canada, mme re ne ra nna koo go fitlhela ngwana wa rona wa bofelo a nyala. Re ne re sa ntse re ikutlwa re le basha, e bile re tlhoafaletse go dira ka mo go oketsegileng.

Re ya Kwa India

Ka 1970 re ne ra letlelelwa ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Bombay (e jaanong e bidiwang Mumbai), go ya kwa Bangalore, toropo e e neng e na le batho ba ka nna dimilione tse 1,6 ka nako eo. E ne e le koo kwa ke neng ka falola dinaka tsa nare gone. Ka nako eo go ne go na le phuthego ya batho ba le 40 ba ba neng ba bua Seesemane le setlhopha se se kwa thoko se se buang puo ya Se-Tamil. Frank o ne a ithuta Baebele le banna ba le mmalwa bao ba neng ba gatela pele mo kitsong ya Baebele mme morago ba nna bagolwane ba Bakeresete. Gape ke ne ka ithuta Baebele le malapa a a neng a feleletsa a direla Jehofa.

Mosadi mongwe yo o bidiwang Gloria o ne a nna mo kgaolong e e humanegileng ya toropo. Fa ke simolola go mo etela, o ne a nkopa gore ke tsene. E re ka go ne go se na fanitšhara re ne ra nna fa fatshe. Ke ne ka mo tlogelela makasine wa Tora ya Tebelo, mme go tswa mo go one o ne a sega karolo e e nopotsweng ya lokwalo lwa Tshenolo 4:11 mme a e baya fa a neng a ka e bona gone letsatsi lengwe le lengwe. E ne e na le mafoko a a reng: “O a tshwanela, Jehofa,” e leng mafoko a a neng a a rata. O ne a kolobediwa ngwaga moragonyana.

Frank o ne a lalediwa go tla go dira ngwaga mo lekaleng la Bombay le gore a okamele tiro ya go agiwa ga Holo ya ntlha ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa India. Holo ya Dikopano e ne ya dirwa ka go agiwa ga letlhatlhaganyane kwa godimo ga moago o o leng gone wa lekala. Ka nako eo go ne go na le Basupi ba ba fetang 3 000 go sekae kwa India, mme e ne e le ba ba kwa tlase ga lesome fela ba ba neng ba direla mo lekaleng. Ka 1975, fa re felelwa ke madi, go ne ga re utlwisa botlhoko go kgaogana le ditsala tsa rona tse re neng re di rata thata.

Re Boela mo Afrika Gape

Go ne go setse go fetile dingwaga di le lesome, mme Frank o ne a setse a godile moo a ka amogelang madi a go tlogela tiro. Ka jalo, re ne ra ithaopela go aga diofisi tsa makala mo lefatsheng. Re ne ra amogela lekwalo le le neng le re kopa gore re ye kwa Igieduma, kwa Nigeria, go ya go thusa ka kago e tsweletseng pele koo. Fa re le kwa Igieduma, Frank o ne a ithuta Baebele le monna mongwe wa mo motseng o o fa gaufi, yo o neng a gatela pele semoyeng mme a nna leloko la ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya Nigeria.

Morago ga foo, re ne ra ya kwa Zaire go ya go dira mo kagong ya ofisi ya lekala la koo. Ka bonako morago ga foo, tiro ya rona ya go rera e ne ya thibelwa le makwalo a rona a mosepele a ne a gapiwa. Frank o ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo fa a le mo tirong, mme moragonyana o ne a kgona go ikhutsa gore a nne botoka fa tiro ya go rera e ntse e thibetswe. Moragonyana botlhe ba ba neng ba dira mo tirong ya kago ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya, mme rona re ne ra romelwa kwa Liberia. Fa re le kwa ofising ya lekala ya Monrovia, Frank o ne a kopiwa go baakanya jenereitara. Fa makwalotetla a rona a go tsena mo nageng a felelwa ke nako ka 1986, re ne ra tshwanelwa ke go boela gape kwa Canada.

Kwa Bofelong re ya Kwa Ecuador

Morago ga foo, re ne ra utlwa gore tsala ya rona e kgolo thata e bong Andy Kidd, o ne a fudugetse kwa Ecuador e bile o ne a itumelela tiro ya go rera koo. Andy e ne e le ene fela mogolwane mo phuthegong, ka jalo o ne a dira dikarolo tse dintsi kwa dipokanong. E re ka a ne a re laleditse, re ne ra etela ofisi ya lekala ya Ecuador ka 1988 mme ra amogelwa ka diatla tsoopedi.

Re ne ra bona ntlo e ntle e re neng ra nna mo go yone; mme re ne ra tshwanelwa ke go ithuta Se-Spain le fa Frank a ne a setse a na le dingwaga di le 71. Mo dingwageng tse pedi tse di neng tsa latela, tota le fa re ne re bua Se-Spain go le gonnye fela, re ne ra kgona go thusa batho ba le 12 gore ba kolobediwe. Frank o ne a kopiwa go thusa mo porojekeng ya kago ya lekala la Ecuador. O ne gape a ithuta Baebele le monna wa mosadi yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ntlha kwa Guayaquil. Monna yono yo o neng a ganetsa ka dingwaga di le 46, o ne a nna tsala ya rona le mokaulengwe wa rona wa semoya.

Tatlhegelo e Kgolo

Re ne ra nna gaufi le toropo e nnye ya Ancón e e mo Lewatleng la Phasifiki, mme re ne ra kgona go thusa mo kagong ya Holo ya Bogosi e ntšha. Ka maswabi, ka November 4, 1998, fa Frank a sena go neela puo ya bofelo mo Pokanong ya Tirelo o ne a kubugelwa ke bolwetse jwa pelo mme a tlhokafala bosigo joo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba nkeme nokeng tota! Letsatsi le le latelang Frank o ne a fitlhiwa mo mabitleng a a ka kwa ga tsela, go tswa mo Holong ya rona ya Bogosi. Ga go na mafoko ape a a ka tlhalosang botlhoko jo motho o bo utlwang fa o latlhegelwa ke yo o mo ratang mo losong.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka tshwanela ke go boela gape kwa Canada, mo lekgetlhong leno ke le nosi, go ya go baakanya dikgang dingwe tsa lelapa le tsa semolao. Le fa ke ne ke le mo kutlobotlhokong, Jehofa ga a ka a ntebala. Ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa lekaleng la Ecuador le le neng le nkitsise gore ke amogelesegile fa ke batla go boa. Ke ne ka boela teng, ka nna mo foleteng e nnye gaufi le ofisi ya lekala. Go nna ke tshwaregile mo lekaleng, le mo bodireding go ne ga nthusa gore ke kgone go lebana le kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke Frank, mme gone ke ne ke sa ntse ke ikutlwa ke le esi tota.

Go Gatela Pele mo Tirong

Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tlwaelana le Junior Jones. O ne a tswa United States ka 1997, go tla go nna mmulatsela mo Ecuador. Re ne re na le mekgele e e tshwanang e bile re itumelela le dilo tse di tshwanang. Re ne ra nyalana ka October 2000. Junior o ne a na le kitso ya go aga, ka jalo re ne ra lalediwa go feleletsa Holo ya Dikopano kwa Cuenca, e leng toropo e e kwa godimo mo Dithabeng tsa Andes. Mme ka April 30, 2006, Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a tswa New York o ne a neela puo ya go kgakola, e e neng e reeditswe ke batho ba le 6 554.

Ke mang yo o neng a ka akanya gore le mo mafelong a a kgakala a a jaaka Afrika, India, le Amerika Borwa—tiro ya go rera ka Bogosi e ne e tla gola jaana? Gone jaanong, nna le Junior ga re akanye sepe ka go emisa tiro ya rona. Tirelo ya me mo go Jehofa ya dingwaga di le 50, e tsamaile ka bonako jaana mo e leng gore go lebega e kete ke maabane fa ke ne ke e simolola. Ke a itse gore fa lefatshe le lesha le tla, nako e re tshelang mo go yone e tla bonala e kete e fetile ka bonako.—Tshenolo 21:3-5; 22:20.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

Koo re Neng re Direla Gone

CANADA → ENGELANE → KENYA → TANZANIA

CANADA → INDIA

CANADA → NIGERIA → CONGO, DEM. REP. (ZAIRE) → LIBERIA

CANADA → ECUADOR

[Mafelo a mangwe]

UNITED STATES OF AMERICA

[Setshwantsho]

Ke na le Frank kwa India, re ya kopanong

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le monna wa me Junior Jones

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela