Tshwetso Ya me Ya Gore ke Gatele Pele go ya Kgolong
JAAKA E BOLETSWE KE CARL DOCHOW
“A o Tla Gatela Pele go ya Kgolong Kana o Tla Wela mo Sebeng?” e ne e le sengwe sa ditlhogo tsa tokololo ya June 15, 1948 [ka Seesemane] ya Tora ya Tebelo. Setlhogo seo se ne sa nkinola mo kotsing ya semoya kwa dipolasing tsa United States mme ka simolola tirelo ya borongwa kwa Amerika Borwa e e neng ya tsaya dingwaga di feta 43.
KE TSHOTSWE ka March 31, 1914, ke le mosimane wa boraro mo go ba le bane, ke ne ka tsholelwa mo ntlong ya rona ya dikgong kwa Vergas, Minnesota. Dingwaga tsa me tsa fa ke sa le mosha di ne di le monate. Ke gakologelwa gore ke ne ke a tle ke ye go tshwara ditlhapi le Ntate. Lefa go ntse jalo, Mmè o ne a lwala gangwe le gape, ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela sekolo ke le mo mophatong wa botlhano gore ke ye go mo thusa ditiro tsa mo gae. Fa ke na le dingwaga tse 13, go ne ga lemogwa gore o tshwerwe ke kankere ya makgwafo.
Mmè o ne a itse gore o ne a se kitla a tshela lobaka lo lotelele, ka jalo o ne a simolola go nthapisetsa gore ke sale ke dira tiro ya mo gae. O ne a tle a nne mo ntlong ya boapeelo a nkaela gore ke apeye le go baka jang. Mo godimo ga moo, o ne a nthuta go tlhatswa diaparo, go tlhokomela tshingwana, le go tlhokomela dikoko di le lekgolo. Gape o ne a nkgothaletsa gore ke bale kgaolo ya Baebele e le nngwe fela letsatsi le letsatsi, mme ke ne ka dira jalo le fa ke ne ke sa kgone go bala sentle. Fa Mmè a sena go nthapisa ka dikgwedi di le lesome, o ne a tlhokafala ka January 27, 1928.
Ntwa e Fetola Matshelo a Rona
Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa ka September 1939, masole a ne a rapelelwa Sontaga mongwe le mongwe mo kerekeng ya rona ya Lutere. Mogolole e bong Frank o ne a ititeile sehuba gore ga a batle go bolaya, ka jalo fa a ne a gana go lwa a le mongwe wa masole, o ne a tshwarwa. O ne a bolela jaana kwa tshekong ya gagwe: “Pele ke bolaya batho ba ba senang molato, lo ka bolaya nna!” O ne a atlholelwa gore a nne ngwaga kwa kgolegelong e e kwa Setlhaketlhakeng sa McNeil gaufi le lotshitshi lwa Naga ya Washington.
Frank o ne a fitlhela go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 300 koo ba ba neng ba ntse ba tshwerwe ka ntlha ya go sa tseye letlhakore gotlhelele mo ntweng. (Isaia 2:4; Johane 17:16) Go ise go ye kae o ne a simolola go kopanela le bone mme a kolobediwa gone mo kgolegelong. Katlholo ya gagwe e ne ya fokodiwa ya nna dikgwedi di le robong ka gonne a ne a itshwere sentle. Ka November 1942 re ne ra utlwa molaetsa wa gore Frank o ne a golotswe, mme e ne ya re nakwana fela morago ga foo a re bolelela ka ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Fa re sena go tlhatlhoba molaetsa ono ka kelotlhoko re dirisa Dibaebele tsa rona, rotlhe re ne ra kgona go bona gore Frank o ne a re ruta boammaaruri.
Dikgoreletsi Tsa go Gatela Pele Semoyeng
Ka 1944, ke ne ka fudugela kwa Malta, Montana, ka ya go nna le rangwane. Go ne go na le sengwe se se tshwanang ka rona—rotlhe re ne re kile ra nna le basadi mme ba re tlogela dikgwedi tse thataro morago ga lenyalo. O ne a itumelela gore ke mo thuse ka go lema le go apaya, mme mongwe le mongwe wa rona o ne a tsaya sephatlo sa dipoelo. Rangwane o ne a bolela gore fa nka nna le ene ke ne ke tla rua polasi ya gagwe boswa ya diheketere tse 260. Mo dingwageng tseo, go lema go ne go na le dipoelo tse di bonalang sentle, mme ke ne ke go rata tota! Re ne re nna le thobo e kgolo ngwaga le ngwaga, mme korong e ne e rekisiwa ka mo e ka nnang $3.16 lekapa le le lengwe fela.
Lefa go ntse jalo, rangwane o ne a sa rate mogopolo wa gore ke bo ke ya kwa dipokanong tsa phuthego e potlana ya Basupi kwa Malta. Ka June 7, 1947, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Wolf Point, rangwane a sa itse. Fa ke le koo mokaulengwe mongwe wa Mokeresete o ne a ntaletsa gore ke nne mmulatsela, kana modiredi wa nako e e tletseng. Lefa gone ke ne ke eletsa go tswa mo pelong gore ke dirise botshelo jwa me jalo, ke ne ka tlhalosa gore rangwane o ne a ka se ka a ntetla gore ke dirise nako e e kalo mo bodireding.
Nako e khutshwane fela morago ga foo, rangwane o ne a bula lokwalo lo ke neng ke lo kwaletswe ke tsala nngwe ya me e nkgothaletsa gore ke nne modiredi wa nako e e tletseng a ba a lo bala. Rangwane o ne a tenegile mo go maswe, mme a re ke dire tlhopho ya makgaolakgang—ke tlogele go rera kana ke tswe ke tsamaye. Tlhopho eo e ne e tsile sentle ka gonne ke ne ke rata go lema mo e leng gore ga ke itse gore fa e ne e se ka yone, a nkabo ke kile ka itirela tshwetso ya go go tlogela. Ka jalo ke ne ka boela kwa go ba gaetsho kwa Minnesota, mme botlhe jaanong ba ne ba kolobeditswe e bile ba kopanela le Phuthego ya Detroit Lakes.
Kwa tshimologong lelapa la gaetsho le ne la nkgothaletsa gore ke bule tsela, mme lefa go ntse jalo ka 1948 ba ne ba simolola go tsidifala semoyeng. Ke ka yone nako eo setlhogo sa “A o Tla Gatela Pele go ya Kgolong ya Semoya Kana o Tla Wela mo Sebeng?” se ileng sa mpha kgothatso e ke neng ke e tlhoka semoyeng. Se ne sa tlhagisa gore “kwantle ga pelaelo go tla nna le matswela a a bosula fa re gana ka bomo go gatela pele mo kitsong le go dira tumalanong le yone.” Setlhogo seo se ne sa re: “Re ka se ka ra ema fela mme ra boela kwa morago, go na le moo re tshwanetse ra gatela pele mo tshiamong. Go gatela pele, e seng go ema, ke yone thuso e kgolo go gaisa tsotlhe go lwantsha go boela morago.”
Lefa lelapa la gaetsho le ne la ntsha diipato tse dingwe, ke dumela gore bothata tota e ne e le gore ba ne ba eletsa go huma. Ba ne ba bona gore ba ne ba tla solegelwa molemo mo go tsa madi fa ba ne ba ka dirisa nako e ntsi ba lema ba bo ba fokotsa e ba e dirisang ba rera. Ke ne ka rulaganya gore ke bule tsela go na le go raelwa ke keletso ya go batla go huma. Ke ne ke itse gore go ne go se kitla go nna motlhofo, mme ke ne ke bile ke akanya gore ke ne ke se kitla ke kgona. Ka jalo ka 1948, ke ne ka itsenya mo tekong ka go ikwadisetsa ka bomo gore ke simolole go bula tsela ka nako e e maswenyana ya ngwaga—December.
Go Simolola Tirelo ya Bobulatsela
Jehofa o ne a segofatsa maiteko a me. Ka sekai, letsatsi lengwe serame se ne se le kwa tlase ga lefela ka dikerii tse 27 tsa Celsius, re sa balele phefonyana e e tsididi. Ke ne ke neela bosupi jwa mmila jaaka tlwaelo, ke refosa diatla tsa me kgapetsakgapetsa—ke tsenya se se tsididi mo pateng fa se sengwe se tshwere dimakasine go fitlha le sone se gatsela se bo se tshwanelwa ke gore go tsene sone mo pateng. Monna mongwe o ne a tla fa go nna. O ne a umaka gore o ne a na le lobakanyana a ntse a lebile tiro ya me, mme a mpotsa jaana: “Dimakasine tseo di tshotse eng se se botlhokwa mo go kana kana? Mpha tse pedi tseo ke tle ke di bale.”
Fa go ntse go le jalo, ke ne ka bona gore go nna le ba lelapa la gaetsho go ne go tsenya bomoya jwa me mo kotsing, ka jalo e ne ya re ke kopa Mokgatlho wa Watch Tower, ka newa kabelo e ntšha kwa Miles City, kwa Montana. Fa ke le koo ke ne ka direla jaaka motlhanka wa khampani, yo jaanong a bidiwang molebedi yo o okamelang. Ke ne ke nna mo tereilareng ya boleele jwa dimitara tse tharo le bophara jwa dimitara tse pedi, mme ke itshedisa ka go bereka ka nakwana mo kgwebong ya dry cleaning. Gangwe le gape ke ne ke a tle ke hirelwe tiro e ke neng ke e rata thata—go roba kwa masimong.
Ka nako eno, ke ne ke tlhola ke utlwalela gore ba lelapa la gaetsho ba ne ba ntse ba koafalela pele semoyeng. Kgabagare, bone mmogo le ba bangwe ba Phuthego ya Detroit Lakes, ba ne ba tlhanogela phuthego ya ga Jehofa. Mo baboleding ba ba 17 ba Bogosi mo phuthegong eo, ke ba le 7 fela ba ba neng ba tswelela pele ba ikanyega. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba ikaeletse tota gore le nna ba ntlogedise phuthego ya ga Jehofa, ka jalo ke ne ka lemoga gore tharabololo e ne e le nngwe fela, gore ke gatele pele. Mme ke ne ke tla dira jalo jang?
Go Dira Tirelo ya Borongwa
Kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya kwa Toropokgolong wa New York ka 1950, ke ne ka bona barongwa ba baithuti ba setlhopha sa bo15 ba aloga mo Sekolong sa Watchtower sa Baebele sa Gileate. Ke ne ka akanya jaana: ‘Oh, fa fela ke ne nka nna mongwe wa ba ba yang go direla Jehofa mo kabelong ya kwa nageng e nngwe.’
Ke ne ka romela kopo mme ka amogelwa go nna mongwe wa setlhopha sa bo17 sa Gileate, se se neng sa simolola ka February 1951. Sekolo se ne se le mo lefelong le lentle mo polasing kwa bokone jwa New York. A bo ke ne ke eletsa go bereka mo polasing ka nako ya morago ga dithuto, gongwe kwa setaleng sa dikgomo kana ke le kwantle kwa thobong! Mme lefa go ntse jalo John Booth, yo e neng e le molebedi wa Polasi ya Bogosi ka nako eo, o ne a tlhalosa gore e ne e le nna fela ke itseng sengwe ka dry cleaning. Ka jalo ke ne ka abelwa go dira tiro eo.
Gileate e ne e se motlhofo mo mothong yo o neng a weditse sekolo ka mophato wa botlhano fela. Lefa re ne re tshwanetse go tima dipone ka 10:30 p.m., ke ne ke tlhola ke ithuta go fitlha bosigogare. Letsatsi lengwe mongwe wa batlhatlheledi o ne a mpiletsa mo ofising ya gagwe. O ne a re: “Carl, ke bona gore maduo a gago ga a itumedise sentle.”
Mo pelong ke ne ka re: ‘Ijo! Ba tlile go re ke tsamaye.’
Lefa go ntse, motlhatlheledi o ne a nkgakolola ka lorato gore nka dirisa nako ya me jang ka tsela e e mosola go na le gore ke bale go fitlha go setse go le bosigo thata. Ke ne ka mmotsa jaana ka letswalonyana: “A ke dira sentle mo ke ka tswelelang pele mono mo Gileate?”
“Ee, ruri,” o ne a fetola jalo. “Mme ga ke itse gore a o tla tshwanelega go nna le dipoloma.”
Ke ne ka ikgomotsa ka mafoko a poresidente wa sekolo, Nathan H. Knorr. E ne e rile go le pelenyana a bolelela baithuti gore maduo a ne a sa mo kgatlhe jaaka a kgatlhiwa ke “moya wa go itshoka” wa barongwa ba ba tshwarelelang mo kabelong ya bone.
Thuto e e neng e mpalela go di feta tsotlhe e ne e le Sepanishe, mme le gale ke ne ke solofetse go abelwa kwa Alaska, koo serame sa teng se neng se tshwana fela le se ke se tlwaetseng sa kwa gae. Mo godimo ga moo, ke ne ke tla kgona go rera ka Seesemane. Ka jalo o ka bona kafa ke neng ka gakgamala ka gone fa e re re tsamaya fa gare ga khoso ya rona ke bo ke abelwa go ya go direla kwa Ecuador, Amerika Borwa. Ee, ke ne ke tla tshwanelwa ke go bua Sepanishe, e bile ke le mo go yone ekhweitha e e mogote tota!
Letsatsi lengwe moemedi wa FBI o ne a nketela kwa Sekolong sa Gileate. O ne a botsa ka ga morwa wa motlhanka wa khampani yo o neng a tlogetse phuthego ya rona kwa Detroit Lakes. Ntwa ya Korea e ne e ntse e tsweletse pele, mme lekawana leno le ne le ipolela gore ke modiredi wa Basupi ba ga Jehofa ka jalo a ka se ke a tsene mo tirelong ya sesole. Ke ne ka tlhalosa gore o ne a sa tlhole a le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa moemedi yo a ntshadisa sentle, o ne a re: “A Modimo wa gago o go segofatse mo tirong ya gago.”
Moragonyana ke ne ka utlwa gore mosha yono o ne a bolawa mo go nngwe ya dintwa tsa ntlha tse a neng a di lwa kwa Korea. A diphelelo tse di botlhoko ka mongwe yo o kabong a ile a gatela pele gore a gole mo phuthegong ya Modimo!
Kgabagare, letsatsi la rona le le itumedisang la go aloga le ne la goroga ka July 22, 1951. Gone ke boammaaruri, go ne go sena ope wa ba lelapa la gaetsho, mme ke ne ka itumela thata fa ke ne ke neelwa dipoloma ka ntlha ya kgatelopele e ke neng ke e dirile.
Go Tlwaela Tshimo ya Naga e Sele
Fa ke sena go simolola kwa kabelong ya me, ke ne ka fitlhela gore thapiso ya ga Mmè e ne e ntsholegela molemo tota. Ke ne ke setse ke tlwaetse go apaya, go tlhatswa diaparo ka diatla, le go tlhoka metsi a pompo. Mme gone ke ne ke sa tlwaela go rera ka Sepanishe! Ke ne ka dirisa molaetsa o o tlantsweng wa Sepanishe ka lobakanyana. Go ne ga feta dingwaga di le tharo ke ise ke kgone go neela puo ya phatlalatsa ka Sepanishe mme le gone ke e neela ka thuso ya dintlha tse ditelele tse di kwadilweng.
Fa ke goroga kwa Ecuador ka 1951, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba palo e e kwa tlase ga 200. Mo dingwageng tsa ntlha di ka nna 25 go dira barutwa go ne go lebega go tsamaya ka iketlo. Dithuto tsa rona tsa Baebele di ne di farologane thata le dingwao tsa Bokatoliki tse e seng tsa Dikwalo, mme go latela ga rona taolo ya Baebele ya gore motho a ikanyege go molekane a le esi wa lenyalo go ne go sa ratege tota.—Bahebere 13:4.
Lefa go ntse jalo, re ne ra kgona go tsamaisa dibuka tsa Baebele di le dintsi. Sengwe se se ka supang seno ke bodiredi jwa rona kwa Machala, e e fa garegare ga dipolasi tse go lengwang dipanana mo go tsone. Fa nna le Nicholas Wesley re ne re goroga koo ka 1956 e ne e le rona fela Basupi. Re ne re a tle re tsamaye go sa le makuku re tsamaya ka diteraka tse di thothang dilwana tse di neng di dirisiwa fa go agiwa ditsela tse dikgolo mo metlheng eo. Fa re sena go tsamaya ka tsone sekgala se se leejana, re ne re fologa re bo re simolola go rerela batho botlhe ba re kopanang le bone mo tseleng ya go boela kwa re neng re nna teng.
Ka letsatsi lengwe, nna le Nick re ne ra lepa gore ke mang mo go rona yo o neng a tla tsamaisa dimakasine tse dintsi go gaisa yo mongwe. Ke gakologelwa gore ke ne ke tsamaisitse go feta Nick motshegare, mme fa go nna maitseboa mongwe le mongwe wa rona o ne a tsamaisitse dimakasine di le 114. Kgwedi le kgwedi re ne re tsamaisetsa batho dimakasine tsa rona di le makgolokgolo mo ditselaneng tsa rona tsa dimakasine. Ka makgetlho a le marataro ke ne ka tsamaisa dimakasine di feta sekete mo kgweding. Akanya fela gore ke batho ba le kae ba ba neng ba ka ithuta boammaaruri jwa Baebele go tswa mo dimakasineng tseo!
Kwa Machala le gone re ne ra nna le tshiamelo ya go aga Holo ya Bogosi ya ntlha e le ya phuthego nngwe kwa Ecuador. E ne e le ka 1960, dingwaga tse 35 tse di fetileng. Mo metlheng eo ya bogologolo, go ne go tla batho ba le 15 fela kwa dipokanong tsa rona. Gompieno go na le diphuthego tse 11 tse di tsweletseng sentle kwa Machala!
Go Etela kwa States
Fa bo1970 ba ya bokhutlong, ke ne ka boela kwa United States ke le mo malatsing a boikhutso mme ka nna diura di sekae le morwarre, Frank. O ne a ntsamaisa ka kara ya gagwe go palamela thabana e fa re le mo go yone re neng re kgona go bonela kgakala go kgabaganya Mokgatšha wa Noka e Khibidu. Go ne go le gontle, mabele a a santseng a butswa a ntse a bokwa ke phefo, go tletse korong ya ditlhaka tse dikima. Fa o leba kgakajana o ne o ka bona Noka ya Sheyenne eo ditlhare di iphaphathileng ka yone. Ke ne ke santse ke itumelela go bona bontle joo ka tidimalo fa morwarre a ne a simolola motlotlo wa gagwe o a o ratang.
“Fa o ka bo o se seso jaana o sasanka kwa Amerika Borwa kwa, nkabo le wena polasi e e le ya gago!”
“Frank,” ka mo tsena ganong ka bofefo. “A ko o eme gone fela foo.”
Ga a ka a tlhola a bua sepe gape. Dingwaga di sekae moragonyana, o ne a tlhokafala ka tshoganetso a bolawa ke seterouku, a tlogela dipolasi tse dintle tsa mafulo di le tharo kwa Dakota Bokone tsa diheketere di feta 400, mmogo le polasi ya ga rangwane ya diheketere tse 260 kwa Montana e a neng a e ruile boswa.
Jaanong batho ba lelapa la gaetsho ba tlhokafetse botlhe. Mme gone ke itumelela gore ke na le lelapa la semoya la bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba feta 90 kwa Detroit Lakes, kwa rotlhe re simolotseng go nna Basupi ba ga Jehofa teng dingwaga tse dintsi tse di fetileng.
Go Tswelela Pele ke Gatela Pele Semoyeng
Mo dingwageng tse 15 tse di fetileng go nnile le thobo e kgolo tota ya semoya mono mo Ecuador. Go tloga go baboledi ba Bogosi ba ka nna 5 000 ka 1980, jaanong re na le ba ba fetang 26 000. Ke robile masego a go thusa ba ba fetang lekgolo ba bone gore ba kolobediwe.
Jaanong ke na le dingwaga di le 80, mme ke dira ka thata gore ke dire diura tse 30 kgwedi le kgwedi mo bodireding go na le jaaka ke ne ke dira gore ke diragatse kabelo ya me ya diura tse 150 ka 1951. Fa e sale ka 1989, fa ke sena go utlwa gore ke na le kankere ya prostate, ke ntse ke sola nako ya fa ke ntse ke sidilega molemo ka go bala. Fa e sale ka ngwaga oo, ke badile Baebele yotlhe ga 19 le buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo ga 6. Ka go dira jalo ke nna ke gatela pele semoyeng.
Ee, go nnile le diphatlha tsa gore ke ka bona melemo ya dilo tse di bonalang mo dipolasing tsa United States. Mme lefa go ntse jalo maduo a dikhumo tse di bonalang ga se sepe fa a bapisiwa le boitumelo jo ke nnileng le jone mo thobong ya semoya. Lekala la mono Ecuador le mpolelela gore ke tsamaisitse dimakasine di feta 147 000 le dibuka di feta 18 000 mo tirong ya me yotlhe ya borongwa. Ke leba tseno tsotlhe e le peo ya semoya, e bontsi jwa yone bo setseng bo tlhogile; e nngwe e santse e ka nna ya tlhoga mo dipelong tsa batho fa ba ntse ba bala kaga boammaaruri jono jwa Bogosi.
Ga go na sepe se nka se akanyang se se botoka go na le go gatela pele go ya kwa lefatsheng le lesha la Modimo le bongwanake botlhe ba semoya le batho ba bangwe ba ba dimilionemilione ba ba tlhophileng go direla Modimo wa rona, Jehofa. Madi ga a ne a boloka motho kwa bokhutlong jwa lefatshe leno le le boikepo. (Diane 11:4; Esekiele 7:19) Lefa go ntse jalo, maungo a tiro ya rona ya semoya a tla tswelela pele—fa mongwe le mongwe wa rona a tswelela pele a gatela pele go ya kgolong.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ke ipaakanyeditse go bula tsela kwa Miles City kwa Montana, ka 1949
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Go rekela legae la rona la barongwa metsi, 1952
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go rera kwa Machala, 1957
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Fa e sale ke lwala ka 1989, ke badile Baebele yotlhe ga 19