LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/08 ts. 27
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Opiwa ke Tlhogo ka Dingwaga Tse 64
  • Leruarua le le Tshetseng Nako e Telele
  • Sekgwa sa Pula se se Dirilweng Masalela a Dilo Tsa Bogologolo
  • Go Epa Waene ya Bogologolo
  • Go Senyaka Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula
    Tsogang!—1997
  • Dilalome Tsa Lewatle
    Tsogang!—2009
  • Go Senka Ditharabololo
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 3/08 ts. 27

Ditiragalo Tsa Lefatshe

◼ Dipatlisiso tse di dirilweng kwa United States, di bontsha gore “diperesente di le 29 tsa banna, ba na le balekane ba le 15 bao ba ileng ba tlhakanela dikobo le bone mo botshelong jwa bone, fa diperesente di le robongwe tsa basadi tsone go begilwe gore ba ile ba nna le balekane ba le 15 bao ba neng ba tlhakanela dikobo le bone mo botshelong jwa bone.”—CENTERS FOR DISEASE CONTROL AND PREVENTION, U.S.A.

◼ Kwa Gerika, “diperesente di le 62 tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga di le 16 ba ile ba dumela gore ba ne ba tsenya ditshwantsho tse di hepisang mo difounong tsa bone tsa selula.”—ELEFTHEROTYPIA, GREECE.

◼ Diperesente di le 82 tsa batho ba ba neng ba botsolotswa kwa Boritane, “ba tsaya bodumedi e le jone bo bakang dikgaogano le dikgogakgogano.”—THE GUARDIAN, BRITAIN.

Go Opiwa ke Tlhogo ka Dingwaga Tse 64

Kgabagare mosadi mongwe wa kwa China o ne a lemoga gore ke eng se se neng se dira gore “tlhogo ya gagwe e ope e sa kgaotse” ka dingwaga tse di fetang 60 fa dingaka di ne di ntsha lerumo la tlhobolo la disentimetara tse tharo mo tlhogong ya gagwe. Ka nako ya fa Bajapane ba tlhasela motse wa Xinyi County ka September 1943, mosadi yono o ne a gobala mo tlhogong fa a ne a na le dingwaga tse 13. Ga go na ope yo o neng itse gore bothata jwa gagwe bo ne bo ka tswa bo bakiwa ke eng. Xinhua News Agency e ne ya bolela gore, fa go opa ga tlhogo ya gagwe go nna go oketsega, o ne a dirwa ekeserei mme ga fitlhelwa gore o na le lerumo la tlhobolo. Mosadi yoo, yo jaanong a nang le dingwaga di le 77 o tlhalosiwa a na le “botsogo jo bo siameng.”

Leruarua le le Tshetseng Nako e Telele

Fa batsomi ba kwa Alaska ba sena go bolaya leruarua la bowhead ka 2007, ba ne ba fitlhela dikarolwana tsa lerumo la bogologolo mo go lone. Lokwalodikgang lwa The Boston Globe lo bolela gore go ne ga tlhalosiwa gore dikarolwana tseno ke “dikarolo tsa lerumo le le nang le bomo e e neng e dirilwe kwa New Bedford [Massachusetts, U.S.A.] kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1800.” Mofuta ono wa lerumo o ne o sa tlhole o dirisiwa, seno se ne sa dira gore baitsehisitori ba kwa Musiamong wa New Bedford Whaling ba swetse ka gore leruarua leno le ne la thuntshiwa ka “nako nngwe magareng ga 1885 le 1895.” Ka jalo leruarua leno le ka tswa bobotlana le ne le na le dingwaga di le 115 fa le swa. Lokwalodikgang lwa Globe, lwa re: “dipatlisiso tseno di neelana ka bosupi jo bo oketsegileng mo go se batho ba sa bolong go se dumela gore leruarua la bowhead ke lengwe la diamusi tse di mo lefatsheng tse di kgonang go tshela go fitlha go dingwaga tse 150.”

Sekgwa sa Pula se se Dirilweng Masalela a Dilo Tsa Bogologolo

Baitsejeoloji ba fitlhetse masalela a dilo tsa bogologolo a sekgwa sa pula kafa tlase ga lefatshe, a a nang le dijalo tse di sa bolong go nyelela, tse dingwe tsa tsone di neng di gola go fitlha boleele jwa dimetara di le 40. Sekgwa seno se se sa tlwaelegang se fitlhelwa mo ditselaneng tse go neng go fetiwa mo go tsone mo moepong wa malatlha kwa Illinois, U.S.A. Baitsesaense ba dumela gore sekgwa seno se ne sa sotlhomelediwa kwa tlase ga lefatshe ke thoromo ya lefatshe e e maswe. Bill DiMichele yo o neng a eteletse pele setlhopha se se neng se dira dipatlisiso a re: “Masalela ano a sekgwa a gakgamatsa tota. Re kgona go bona ka leitlho la mogopolo gore sekgwa seno se ne se ntse jang fela jaaka e kete re ne re tsamaya mo go sone.”

Go Epa Waene ya Bogologolo

Lokwalodikgang lwa Kathimerini—English Edition lo bega gore, palo e e oketsegang ya bajanala e etela Makedonia, eo e neng e le repaboliki ya pele ya Yugoslavia, “ba ya go epa waene ya bogologolo e e tlogetsweng . . . ke masole a dinaga di sele ka Ntwa ya Lefatshe I.” Bajanala ba ba tshotseng dimmapa, ba bontsi jwa bone ba tswang kwa Fora, ba epolola mafelo a masole a neng a baya dilo tsa bone mo go one. Gone jaanong, waene epe fela e e sa ntseng e ka fitlhelwa mo mafelong ano e ka tswa bobotlana e na le dingwaga di le 90, e bile go ya ka lokwalodikgang lono, “waene e e sa ntseng e le mo seemong se se siameng e ka rekisiwa ka . . . diranta di le 19 450.” Baagi ba lefelo leno ba ba epolotseng waene le borenti ba re “ga ba ise ba ko ba utlwe sepe se se monate go feta bojalwa jono.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela