LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/08 ts. 8-9
  • Metlha ya Bofelo—Morago ga Yone go Tla Latela Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metlha ya Bofelo—Morago ga Yone go Tla Latela Eng?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Modimo a se Solofetsang
  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla
    Tsogang!—1996
  • Ditlhobolo—Lefatshe Leo Le Senang Tsone
    Tsogang!—1990
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Botshelo mo Paradaiseng e e Tsosolositsweng
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 4/08 ts. 8-9

Metlha ya Bofelo—Morago ga Yone go Tla Latela Eng?

BATHO bangwe ba tsitsibana mmele fa ba akanya ka ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Ba akanya fela ka dinako tse di thata. Mme ke ka ntlha yang fa ba le bantsi go ralala dingwaga ba ile ba nna ba lebeletse pele go e bona? Ka gonne metlha ya bofelo e supa gore go na le dinako tse di molemo tse di tlang.

Ka sekai, Motlotlegi Isaac Newton, o ne a tlhatswegile pelo gore metlha ya bofelo e tla felela ka gore go nne le motlha o mosha wa kagiso le katlego mo lefatsheng lotlhe mo Pusong ya Bogosi jwa Modimo jwa Dingwaga di le Sekete. O ne a bolela gore boporofeti jono jwa ga Mika 4:3 le jwa ga Isaia 2:4 bo tla diragadiwa ka nako eo: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”

Fa Jesu a ne a bua ka metlha ya bokhutlo, o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba nne le boikutlo jo bo siameng. Fa a sena go ba bolelela ka mathata, ditlhobaelo le ka poifo e e tla nnang teng ka nako ya pitlagano e kgolo, o ne a re: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.” (Luke 21:28) Kgololo mo go eng?

Se Modimo a se Solofetsang

Ntwa, dikgotlhang tsa selegae, bokebekwa, thubakanyo le tlala, ke dingwe tsa dilo di le mmalwa tse di tlhasetseng batho le tse di dirang gore ba le bantsi ba tshele ka poifo. A go na le dingwe tsa dilo tseno tse di go amileng? Fa e le gore go ntse jalo, ela tlhoko gore Modimo o solofetsa eng:

“Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

“Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso le mo maagong a tshepo e e feletseng le mo mafelong a boikhutso a a nnang a sa tshwenyege.”—Isaia 32:18.

“[Jehofa] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”—Pesalema 46:9.

“Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mika 4:4.

“Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

“Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”—Diane 1:33.

Tota le fa re nna mo lefelong le maemo a botshelo a ka tswang a le botokanyana, rotlhe re lebana le go lwala le loso. Dilo tseno le tsone di tla bo di seyo mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ka jalo, re ka lebelela pele go bona baratiwa ba rona ba ba suleng gape. Ela se se latelang tlhoko:

“Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

“[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

“Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.

“Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

Moaposetoloi Petere o ne a sobokanya dilo tseno tsotlhe sentle fa a ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Gore go nne le tshiamo mo lefatsheng lotlhe, go tla tlhokega gore go tlosiwe batho botlhe ba ba ka senyang seemo seo. Go ntse jalo le ka ditšhaba tse gompieno di bakang dikgotlhang e bile di tsholola madi ka go batla dikgatlhego tsa bone ka bogagapa. Mebuso yotlhe e tla tseelwa boemo ke puso ya Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga Keresete. Re tlhomamisediwa jaana malebana le puso eo: “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata le go bo tshegetsa ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.”—Isaia 9:7.

O ka kgona go bona ditsholofetso tseo, ka gonne Baebele e re tlhomamisetsa gore ‘thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4) O se ka wa diega. Dira gore o nne le kitso e e kayang botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Simolola ka go ikgolaganya le bagatisi ba makasine ono mme o kope thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

O ka lebelela pele go tshelela ruri ka kagiso o na le botsogo jo bo siameng mo Paradaiseng e e tlang gone mono mo lefatsheng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela