LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/08 ts. 7-10
  • Botshelo mo Paradaiseng e e Tsosolositsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo mo Paradaiseng e e Tsosolositsweng
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Paradaise e Tla Tsosolosiwang ka Teng
  • Kafa Botshelo Kwa Paradaiseng bo Tla Nnang ka Teng
  • Botshelo jo a Dirang Gore re Kgone go bo Bona
    Tsogang!—2006
  • Tsholofelo E re E Newang ke Bodumedi Jwa Boammaaruri
    Tsogang!—1999
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Go Solofediwa Botshelo jo bo Botoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 9/08 ts. 7-10

Botshelo mo Paradaiseng e e Tsosolositsweng

JESU o ne a bua a tlhatswegile pelo ka ga go tshela gape mme o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ke selo se se tla diregang tota. O ne a re: “Mo popong e ntšha [lo] tla rua botshelo jo bo sa khutleng.” Jesu o ne a raya eng fa a ne a re “mo popong e ntšha”?—Mathaio 19:25-29.

Go ya ka pego e e tshwanang ya mokwadi wa Baebele e bong Luke, Jesu o ne a re “mo tsamaisong e e tlang ya dilo,” barutwa ba gagwe ba tla bona “botshelo jo bo sa khutleng.” (Luke 18:28-30) Ke ka ntlha yang fa Baebele e bolela gore ‘tsamaiso e e tlang ya dilo’ e tshwana le ‘popo e ntšha’?

Go bonala e ne e le go gatelela gore Jehofa Modimo o tla tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise bo diragadiwe. Batho ba tla boa ba nna le boitekanelo jo Adame le Efa ba neng ba na le jone pele ga ba dira boleo. Ka jalo, “mo tsamaisong e e tlang ya dilo,” go tla nna le ‘popo e ntšha’ ya Paradaise e e neng e le kwa tshimong ya Edene.

Kafa Paradaise e Tla Tsosolosiwang ka Teng

Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele sone se Modimo a tla se dirisang go dira gore maemo a a siameng mo lefatsheng lotlhe a nne teng gape. Jesu o ne a re re rapele jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Modimo o ne a tlhoma Morwawe go nna Mmusi wa Bogosi jono jo bo tla diragatsang boikaelelo jwa gagwe jwa gore go nne le maemo a paradaise gongwe le gongwe mo lefatsheng.

Malebana le Ene yo Modimo a mo tlhomileng go nna Mmusi, Baebele e ne ya bolela jaana: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe . . . Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le [la] kagiso ga di kitla di fela.” (Isaia 9:6, 7) Le fa go ntse jalo, puso eno e e tla bong e ‘busiwa ke kgosana’ e tla diragatsa jang go rata ga Modimo?

Baebele e araba ka go bolela jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [jo bo tla busiwang ke kgosana] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Mma re sekaseke maemo a a tla nnang teng mo lefatsheng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng, ee, “mo popong e ntšha” fa Morwa Modimo a tla bo a dirisa maatla a gagwe a go ‘busa e le Kgosana’ mo Bogosing jwa ga Rraagwe.

Kafa Botshelo Kwa Paradaiseng bo Tla Nnang ka Teng

Go tsosiwa ga baswi

“Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

“Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Go tla bo go sa tlhole go na le bolwetse, botsofe kgotsa loso

“Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.”—Isaia 35:5, 6.

“Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Dilo tse dintsi tse di monate tse di ka jewang

“Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—Pesalema 67:6.

“Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

Botlhe ba tla nna le matlo a a tshwanetseng le ditiro tse ba di itumelelang

“Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.” —Isaia 65:21, 22.

Go tla bo go sa tlhole go na le bokebekwa, thubakanyo kgotsa ntwa

“Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng.”—Diane 2:22.

“Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

Batho ba tla bo ba sa tlhole ba boifa mme go tla rena kagiso gongwe le gongwe

“Ba tla nna ka polokesego, go se na ope yo o ba tshosang.”—Esekiele 34:28.

“Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” —Isaia 11:9.

A bo go tla itumedisa jang ne go tshela ka nako ya fa maemo a a ntseng jalo a tla bo a le gongwe le gongwe mo lefatsheng, fa mongwe le mongwe a rata Modimo le go rata batho ba bangwe! (Mathaio 22:37-39) O ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di tla bo di diragaditswe. Modimo a re: “Ke bo buile . . . e bile ke tla bo diragatsa.”—Isaia 46:11.

Go na le dilo tse dintsi tse o sa ntseng o ka tswa o tshwanelwa ke go di ithuta ka Jehofa Modimo le ka lefatshe la gagwe le lesha le le solofeditsweng. Ka sekai, go na le bosupi bofe jwa gore lefatshe le lesha leno le gaufi? Mebuso yotlhe ya lefatshe e tla emisediwa jang ka Bogosi jwa Modimo? Mme ke ditiragalo dife tse di tla nnang teng tse di tla dirang gore seno se direge? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go sekaseka dipotso tse di ntseng jalo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona tsebe 32 ya makasine ono.

Keletso ya batho ya dingwaga di le dintsi ya go batla go bona lefatshe le lesha la tshiamo e tla tloga e kgotsofadiwa. Mo bathong ba le bantsi ba ba suleng, loso ga se bokhutlo. Go boa ba tshela gape ga se fela sengwe se se ka kgonegang—ke go rata ga Modimo. Ruri go a kgonega gore batho ba boe ba tshele gape morago ga loso! Ee, ke “botshelo jwa mmatota,” jo “bo tla tlang.”—1 Timotheo 4:8; 6:19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela