Go Solofediwa Botshelo jo bo Botoka
A O KA rata go tswa mo mathateng a a dirang gore botshelo bo nne bokete? A o batla go tshela mo lefatsheng le mo go lone botshelo bo leng monate jaaka mo setshwantshong se se bontshitsweng mo ditsebeng tse di kafa ntle tsa makasine ono? Leba setshwantsho seo sentle. Batho ba na le dijo tse dintsi. Eleruri ba tla itumelela dijo tseo tse di monate. Mongwe le mongwe o itumetse. Batho ba ditso tse di farologaneng ba ntse mmogo ka kagiso. Tota le diphologolo di mo kagisong! Ga go na ope yo o lwang. Ga go na ope yo o humanegileng. Ga go na ope yo o lwalang. Ba dikologilwe ke lefelo le lentle, go na le ditlhare tse dintle, metsi a a itshekileng, a a phepa. A bo e le boemo jo bontle jang ne!
A lefatshe leno le tla tsamaya le nna jalo? Ee, le tla nna paradaise. (Luke 23:43) Modimo, yo o bopileng lefatshe, o ikaeletse gore batho ba tle ba itumelele botshelo jo bo botoka mo lefatsheng la paradaise. Mme o ka nna mo go lone!
O ka Rata Botshelo Bofe?
Paradaise e e tlang ya mo lefatsheng e tla bo e farologane jang le lefatshe le re tshelang mo go lone gone jaanong? Gone jaanong, batho ba feta dikete di le milione ba nna ka tlala letsatsi le letsatsi. Mme lefa go ntse jalo mo Paradaiseng e Modimo a ikaeletseng go e tlisa mo lefatsheng, mongwe le mongwe o tla nna le dijo tse dintsi. Baebele e solofetsa jaana: “Jehofa wa masomosomo o tlaa baakanyetsa ditšhaba tsotlhe modiro wa dilo tse di nonneng, modiro wa majalwa a mafine.” (Isaia 25:6) Dijo di tla bo di sa tlhaele, ka gonne Baebele ya re: “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba.”—Pesalema 72:16.
Gompieno, batho ba le bantsi ba nna mo mekhukhung le mo ditakaneng, kana ba tshwere ka thata ba leka go duela rente. Ba bangwe ga ba na magae mme ba robala mo mebileng. Go ya ka World Health Organization, bana mo lefatsheng ba ka nna dimilione di le 100 ga ba na magae. Mme lefa go ntse jalo, mo Paradaiseng e e tlang, mongwe le mongwe o tla nna le legae le e leng la gagwe. Lefoko la Modimo la re: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one.”—Isaia 65:21.
Batho ba le bantsi ba dira ka thata mo ditirong tse ba sa di rateng. Gantsi ba bereka nako e telele ba bereka ka thata mme ba duelwa go le gonnye fela. Mo e ka nnang motho a le 1 mo go ba le 5 mo lefatsheng o tshela ka tuelo e e kwa tlase ga R1 800 ka ngwaga. Lefa go ntse jalo, mo Paradaiseng e e tlang, batho ba tla itumelela tiro ya bone e bile ba tla bona matswela a yone a a molemo. Modimo o solofetsa jaana: “Baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele. Ga ba ketla ba kgokgolela lefela.”—Isaia 65:22, 23.
Gone jaanong malwetse a gongwe le gongwe. Batho ba le bantsi ba difofu. Bangwe ke bosusu. Ba bangwe ga ba kgone go tsamaya. Mme mo Paradaiseng, batho ba tla bo ba sena malwetse. Jehofa a re: “Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Batho ba ba setseng ba le digole bone ba neelwa tsholofetso eno e e kgothatsang: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.”—Isaia 35:5, 6.
Mo nakong eno batho ba a boga, ba utlwa botlhoko, ba a hutsafala le go swa. Mme mo Paradaiseng ya mo lefatsheng, dilo tseno tsotlhe di tla bo di seyo. Ee, le lone loso lo tla bo lo seyo! Baebele ya re: “Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:3, 4.
Go phepafetse he gore Paradaise ya mo lefatsheng e e solofeditsweng ke Jehofa e tla tlisetsa batho botshelo jo bo botoka. Mme re ka tlhomamisa jang gore e tla tla? E tla tla leng, le gone jang? O tshwanetse wa dira eng gore o nne mo go yone?